Tsela e Badisa ba Bakeresete ba go Direlang ka Yone
MO MAFELONG a le mantsi go a kgonega go bogela tsela e badisa ba tlhokomelang letsomane ka yone. Ba etelela dinku, ba di sireletse le go di neela dijo. Seno se kgatlhegelwa ke bagolwane ba Bakeresete, e re ka tiro ya bone e akaretsa ditiro tsa bodisa. Eleruri, ke boikarabelo jwa bone gore ba “otle phuthego ya Modimo” le ‘go disa letsomane lotlhe.’—Ditiro 20:28.
Fa o le mongwe wa phuthego ya Bokeresete, badisa ba semoya ba ka go direla ka tsela efe? Mme o tshwanetse wa itshwara jang fa ba leka go go thusa? Ke ka ntlha yang fa phuthego e tlhoka thuso ya bone?
Ba go Sireletsa mo go Eng?
Mo metlheng ya bogologolo matsomane a ne a le mo kotsing ya go bolawa ke ditau le diphologolo tse dingwe tsa naga e bile di ja dinku ka bongwe ka bongwe. Badisa ba ne ba tshwanetse go di sireletsa. (1 Samuele 17:34, 35) Ebu, Satane Diabolo “o potologa jaaka tau e e dumang, a batla yo o ka mo kometsang.” (1 Petere 5:8) O lwantsha mokgatlho otlhe wa lefatshe wa ga Jehofa ka tsela e e bogale mme gape le motlhanka mongwe le mongwe wa Modimo ka bongwe ka bongwe. Boikaelelo jwa ga Satane ke bofe? O batla go kgoba batho ba ga Jehofa marapo mme tota le gone gore ba se ka ba ‘boloka ditaolo tsa Modimo’ le go tswelela pele “ba dira tiro ya go supa ka ga Jesu.”—Tshenolo 12:17, NW.
Jehofa o ne a bona badisa ba ba neng ba okametse kwa Iseraeleng wa bogologolo molato wa go tlhokomologa dinku ka gonne dinku tsa gagwe di ne tsa nna “dijo tsa dibatana tsotlhe tsa naga.” (Esekiele 34:8) Lefa go ntse jalo, bagolwane ba Bakeresete ba eletsa go tswa mo pelong gore ba sireletse batho ba ba mo phuthegong e le gore go se nne ope yo o latlhegang ka go bo a tlhokomologilwe kana ka go bo a tlhotlheleditswe ke Satane, lefatshe, kana “diphiri” tsa botenegi. (Ditiro 20:29, 30) Badisa ba thusa jang maloko otlhe a letsomane gore a nne tekanyo le gore a itise? Tsela e nngwe ke ya go neela dipuo tse di tswang mo Dikwalong tse di baakanyeditsweng sentle kwa seraleng sa Holo ya Bogosi. Tsela e nngwe ke go buisana ka tsela e e siameng, e e kgothatsang pele ga dipokano le morago ga tsone. Lefa go ntse jalo, tsela e nngwe e e mosola ke ka go etela “dinku” kwa magaeng a tsone ka namana. (Bapisa Pesalema 95:7.) Mme loeto lwa bodisa ke eng? Loeto lo lo ntseng jalo lo tshwanetse go dirwa jang? Mme ke mang yo o tshwanetseng go etelwa?
Loeto Lwa Bodisa ke Eng?
Loeto lwa bodisa ga se loeto fela lwa botsala lo go tlotliwang fela ka dilo tse di seng botlhokwa thata. Mogolwane mongwe o ne a bolela jaana: “Bontsi jwa baboledi ba rata thata go bala lokwalo longwe kana go tlotla ka motho mongwe yo go buiwang ka ene mo Baebeleng. Ke boammaaruri gore mogolwane ga se ene a buang a le nosi. Gantsi mmoledi wa Bogosi yo o etetsweng o itumelela go ntsha dintlha tsa gagwe tse di malebana le Baebele, mme go dira jalo go mo nonotsha tumelo. Mogolwane o ka nna a tsamaya a tshotse makasine wa Tora ya Tebelo kana wa Tsogang! e le gore a tlotle ka setlhogo sengwe se se agang. Gongwe puisano eno ya semoya ke yone e farologanyang loeto lwa bodisa le lwa botsala fela.”
Mogolwane yo mongwe yo o nang le maitemogelo o ne a akgela jaana: “Pele mogolwane a dira loeto lono, o dirisa nakonyana gore a akanye ka dilo tse mmoledi yo a mo etelang a di tlhokang. Ke eng se se ka solegelang mmoledi yono molemo? Go akgola go tswa mo pelong ke karolo e e botlhokwa ya maeto a bodisa, ka gonne go nonotsha motho gore a itshoke.” Ee, loeto lwa bodisa ga se lwa botsala fela lo lo ka nnang lwa dirwa ke mongwe le mongwe mo phuthegong.
Ke Eng fa Modisa a go Etela?
Fa mogolwane a etela kwa legaeng lengwe, o a bo a ipaakanyeditse go ya go kgothatsa badumedikaene le go ba thusa gore ba nitame mo tumelong. (Baroma 1:11) Ka jalo, fa mogolwane kana bagolwane ba le babedi ba eletsa go go etela, o itshwara jang? Molebedi mongwe yo o etang o ne a bolela jaana: “Fa maeto a bodisa a dirwa fela fa go na le bothata, selo sa ntlha se motho yo o akantshiwang go etelwa a ka ipotsang sone ke gore, ‘Ke dirile eng se se phoso?’” Badisa ba semoya ba ba lorato ba etsa Jehofa, yo o neng a tlhokomela mopesalema mme ka metlha a ‘rudisa moya wa gagwe,’ segolobogolo fa a ne a le mo tlalelong le fa a tlhoka thuso ka bonako.—Pesalema 23:1-4.
Boikaelelo jwa loeto lwa bodisa ke go ‘aga, e seng go rutlolola.’ (2 Bakorinthe 13:10) Eleruri, go a kgothatsa fa motho yo o etetsweng a bolelelwa mafoko a a bontshang go anaanela boitshoko jwa gagwe, tlhoafalo le tiro e a e dirang ka boikanyegi. Mogolwane mongwe o ne a bolela jaana: “Fa motho a le mo loetong lwa bodisa, ga go a siama gore a dire jaaka e kete o tlile ka boikaelelo jwa go tlhotlhomisa mathata le go bua ka one. Ke boammaaruri gore mmoledi ka boene o ka nna a batla go bua ka bothata bongwe jo bo rileng. Mme fa nku e tlhotsa kana e ikgaphetse kwa thoko ga tse dingwe mo letsomaneng, mogolwane o tlhoka gore a dire sengwe go e thusa.”
Kwantle ga pelaelo badisa ba Bakeresete ba tla tlhokomela thata ope fela wa batho ba ba tshwanang le ba ba tlhalosiwang mo mafokong ano: “[Nna Jehofa] ke tlaa batla tse di timetseng, ke tlaa ba ke lere tse di lelekilweng, ke tlaa fapa tse di robegileng, ke thatafatsa tse di botlhoko.” (Esekiele 34:16) Ee, dinku di ka tlhoka go batliwa, go lerwe, go fapiwa, kana go thatafadiwa. Badisa ba Baiseraele ba ne ba tlhokomologa maikarabelo ano. Gore modisa a dire tiro eo go tlhoka gore a itsalanye thata le nku e e rileng a bo a e direla dilo tse e di tlhokang. Totatota, eno e tshwanetse ya nna karolo e e farologanyang loeto longwe le longwe lwa bodisa gompieno.
Dinku Tse di Nonofileng di Tlhoka Tlhokomelo
A re ka swetsa ka gore badisa ba semoya ba motlha wa gompieno ga ba tlhoke go bontsha dinku tse di nonofileng tlhokomelo e e rileng? Ebu, fa nku ya mmatota e tsena mo mathateng, go motlhofo go e thusa fa e le gore e tshepa modisa. Buka nngwe e bolela gore “ka tlholego fela dinku ga di batle go nna gaufi le batho, mme ka metlha ga go motlhofo go di dira gore di go ikanye.” Gareng ga dilo tse dingwe, buka eo e akantsha ka kaelo eno ya konokono ya go dira gore dinku di go tshepe: “Bua le diphologolo tseno ka metlha. Di tlwaela lentswe le le di tlhomamisetsang. Etela dinku kwa mahulong gantsi.”—Alles für das Schaf. Handbuch für die artgerechte Haltung (Sengwe le Sengwe se Direlwa Dinku. Buka e e Malebana Le go Di Tlhokomela Sentle).
Ka gone fa o batla gore botsalano jo bo ka ikanngwang bo nne teng fa gare ga modisa le dinku go tlhokega gore a ikopanye le tsone ka namana. Go ntse jalo le mo phuthegong ya Bokeresete. Mogolwane mongwe o ne a lemoga jaana: “Fa o itsiwe mo phuthegong o le mogolwane yo ka metlha a etelang dinku, go dira gore go nne motlhofo fa o etela motho yo o nang le mathata.” Ka gone, badisa ba semoya ga ba a tshwanela go leka go otla le go tlhokomela dinku kwa Holong ya Bogosi fela. Fa fela maemo a letla, bagolwane ba tshwanetse go itse dinku ka go dira maeto a bodisa kwa magaeng a tsone. Mokeresete mongwe o gakologelwa gore fa a ne a sa tswa go tlhomiwa go nna mogolwane, molebedi yo o okamelang o ne a mo founela le go mo kopa gore a ye go etela le go gomotsa mokaulengwe mongwe yo o neng a sa tswa go tlhokafalelwa ke morwadie ka kotsi ya koloi e e tsitsibanyang mmele. Mogolwane yono o dumela jaana: “A bo ke ne ke swabile jang ne, e re ka ke ne ke ise ke etele mokaulengwe yono le gone ke sa itse kwa a nnang teng! Ke ne ka wela makgwafo fa mogolwane mongwe yo o godileng a ne a ithaopela go tsamaya le nna.” Ee, bagolwane ba a thusana mo maetong a bodisa.
Fa mogolwane a baakanyetsa maeto mangwe a bodisa le go a dira, o ka nna a tsamaya le motlhanka wa bodiredi yo o lekang ka natla gore a tshwanele “tiro e e molemo” ya go nna molebedi. (1 Timotheo 3:1, 13) A bo motlhanka wa bodiredi a anaanela jang ne go bona kafa mogolwane a direlang dinku ka teng mo maetong a bodisa! Ke yone tsela e bagolwane le batlhanka ba bodiredi ba tsalanang thata le batho botlhe mo phuthegong ka yone, ba oketsa lorato lwa Bokeresete le kutlwano.—Bakolosa 3:14.
Go Rulaganya Nako ya Maeto a Bodisa
Fa setlhopha sengwe sa bagolwane se ne se tlogelela maeto a bodisa mo diatleng tsa batshwari ba Thuto ya Buka ya Phuthego, baboledi botlhe mo ditlhopheng tse dingwe ba ne ba etelwa mo dikgweding tse thataro, fa mo ditlhopheng tse dingwe go se na ope yo o neng a etelwa. Seno se ne sa tlhotlheletsa mogolwane mongwe go bolela jaana: “Go lebega gore bagolwane bangwe go tswa mo go bone gore ba ka dira tiro ya bodisa thata ba bo ba e dira, mme ba bangwe ba tlhoka gore ba kgothadiwe ke bagolwanekabone go dira jalo.” Ka jalo ditlhopha tse dingwe tsa bagolwane di direla baboledi botlhe dithulaganyo tsa gore ba etelwe ke badisa mo nakong e e beilweng.
Gone mme, mogolwane kana mmoledi ope fela o ka etela mongwe mo phuthegong a sa letele gore go dirwe dithulaganyo dingwe tse di kgethegileng. Pele mogolwane mongwe a dira loeto lwa bodisa, o a founa mme a bo a bolela jaana, “Ke etela lelapa le le lengwe fela kgwedi nngwe le nngwe. A nka go etela ka ura kana go feta mo letsatsing lengwe la kgwedi e e tlang? Ke letsatsi lefe le le go siametseng?”
Masego a go Dira Maeto a Bodisa
Fa dikgatelelo tsa tsamaiso eno di tswelela pele di oketsega, maeto a a kgothatsang a badisa ba ba tlhaloganyang a nna mosola fela thata. Fa botlhe ba ba mo letsomaneng ba kgothadiwa le go thusiwa ka maeto a bodisa, nku nngwe le nngwe e ikutlwa e sireletsegile e bile e babalesegile.
Go ne ga begwa jaana malebana le phuthego nngwe e baboledi botlhe ba yone ba Bogosi ba neng ba etelwa ke badisa ka metlha: “Baboledi ba ne ba tsaya maeto a bodisa ka tsela e e siameng. Go ne go tlwaelegile gore mmoledi a bue le mongwe wa bagolwane a mmotse gore o tla dira loeto lo longwe leng, e re ka motho yono yo o botsang a ne a itumelela puisano e e agang ya mo loetong lo lo fetileng. Go dira maeto a bodisa ke lengwe la mabaka a a neng a thusa gore bomoya jwa phuthego bo gole.” Dipego tse dingwe di bontsha gore fa badisa ba direla ka lorato ka tsela e e ntseng jalo, phuthego e ka gola mo loratong, mo kutlwanong le mo botsalanong. A bo e le lesego jang ne!
Badisa ba Bakeresete ba etela dinku gore ba rotloetse bomoya jwa tsone. Bagolwane ba batla go kgothatsa le go nonotsha badumedikabone. Fa bothata jo bo masisi jo bo tlhokang gore motho a gakololwe bo senolwa ka nako ya ketelo, go ka nna botoka gore go dirwe dithulaganyo tsa puisano eo ka nako e nngwe, segolobogolo fa e le gore mogolwane o tsamaya le motlhanka wa bodiredi. Go sa kgathalesege eng, thapelo e e konelang loeto lwa bodisa e a tshwanela.
A modisa mongwe yo o godileng semoyeng o batla go go etela kwa legaeng la gago mo bogautshwaneng? Fa go le jalo, nna o lebeletse pele ka boitumelo go tla go kgothadiwa. O tlile go go direla le go go nonotsha mo boikaelelong jwa gago jwa go nna mo tseleng e e isang kwa botshelong jo bo sa khutleng.—Mathaio 7:13, 14.
[Lebokoso mo go tsebe 26]
Dikakantsho tsa go dira Maetto a Bodisa
◻ Mo itsise pele: Gantsi go molemo go itsise motho pele. Fa e le gore mogolwane o rulaganya go rarabolola bothata bongwe jo bo masisi, go ne go tla bo go tshwanela go itsise mmoledi ka seno go sa ntse go na le nako.
◻ Paakanyetso: Akanyetsa botho le seemo sa motho yoo. Mo akgole go tswa mo pelong. Leka thata gore o mo neele “neo nngwe ya semowa” e e kgothatsang le e e nitamisang tumelo.—Baroma 1:11, 12.
◻ Motho yo o ka tsamayang le ene: Mogolwane yo mongwe kana motlhanka wa bodiredi yo o tshwanelang.
◻ Ka nako ya ketelo: Mogolwane o tshwanetse a gololesega, a bontsha lorato, a dira dilo ka tsela e e siameng le go fetofetoga. Botsa ka ga lelapa, gore le tsogile jang le tse dingwe. Reetsa ka kelotlhoko. Fa go senolwa bothata bongwe jo bo masisi, go ka nna botoka gore o rulaganye loeto lo longwe lwa bodisa lo lo kgethegileng.
◻ Nako e e tsewang mo loetong: A e nne nako e e dumalanweng, mme o tsamaye fa motho yo o go laleditseng a santse a itumelela loeto.
◻ Go konela loeto: Thapelo e a tshwanela e bile e a itumelelwa tota.—Bafilipi 4:6, 7.
[Setshwantsho mo go tsebe 24]
Badisa ba Bakeresete ba sireletsa ka tsela ya semoya
[Ditshwantsho mo go tsebe 26]
Maeto a bodisa ke dipaka tse di molemo tsa go kgothatsa semoyeng