LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • km 7/98 ts. 1
  • Loeto Lo lo Ka Solegelang Molemo

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Loeto Lo lo Ka Solegelang Molemo
  • Tirelo ya Rona ya Bogosi—1998
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • “Disang Letsomane la Modimo”
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2002
  • Bagolwane ba Thusa Phuthego Jang?
    Ke Bomang ba ba Dirang Thato ya ga Jehofa Gompieno?
  • Tsela e Badisa ba Bakeresete ba go Direlang ka Yone
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1996
  • “Disang Letsomane la Modimo Le lo Le Tlhokometseng”
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2011
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tirelo ya Rona ya Bogosi—1998
km 7/98 ts. 1

Loeto Lo lo Ka Solegelang Molemo

1 Sakaio o ne a amogela Jesu ka boitumelo jo bogolo kwa legaeng la gagwe. Mme a bo loeto loo lo ile lwa nna molemo jang ne!—Luke 19:2-9.

2 Gompieno ka Jesu Keresete e le Tlhogo ya phuthego, o kaela bagolwane ‘go disa letsomane la Modimo.’ (1 Pet. 5:2, 3; Joh. 21:15-17) Mo godimo ga go ruta kwa dipokanong tsa phuthego le go etelela pele mo tirelong ya tshimo, balebedi ba phuthego ba thusa mongwe le mongwe mo phuthegong ka lorato. Ka gone, nako le nako o ka lebelela gore bagolwane ba go neye tlhokomelo ka namana e ka tswa e le kwa legaeng la gago, kwa Holong ya Bogosi kana fa lo dira mmogo mo tirelong ya tshimo kana ka dinako tse dingwe. A o tshwanetse go tsenwa ke poifo fa bagolwane ba go etetse? Legoka. Go eta ga bone ga go bolele gore o na le bothata bongwe. Mme he, boikaelelo jwa loeto lwa bodisa ke eng?

3 Paulo o ile a re o rata go etela bakaulengwe “go bona kafa ba leng ka gone.” (Dit. 15:36) Ee, bagolwane jaaka badisa ba ba lorato, ba kgatlhegela thata go bona gore a o tsoga sentle. Ba batla go go thusa ka tsela ya semoya e e ka go solegelang molemo le go go aga. Modisa wa rona yo o lorato Jehofa o batla gore mongwe le mongwe wa rona a neelwe tlhokomelo e e ntseng jalo.—Esek. 34:11.

4 Amogela Bagolwane ka Diatla Tsoopedi: Mokgele wa ga Paulo fa a ne a etela bakaulengwe e ne e le gore a tle a ba ‘neye mpho nngwe ya semoya e le gore ba nitamisiwe, le go naana kgothatso.’ (Bar. 1:11, 12) Rotlhe re tlhoka go kgothadiwa ka tsela ya semoya mo malatsing ano a bofelo e bile re tlhoka go thusiwa go tswelela re nonofile mo tumelong. Fa o tsibogela loeto lwa bodisa ka tsela e e molemo ruri seo se tla dira gore lo kgothatsane.

5 Anaanela melemo e mentsi e o e bonang ka ntlha ya tiro ya bodisa ya bagolwane. Fa go na le kgang nngwe kana potso nngwe e e go tshwenyang, se lebale gore bagolwane ba mo phuthegong go go thusa. Se okaoke go tlotla le bone kgang epe fela e e ka tswang e ama bomoya jwa gago. Anaanela thulaganyo eno ya lorato e Jehofa a re diretseng yone mme o itumelele masego a loeto loo lo tla go leretseng one.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela