“Tiro ya Lona ya Bonatla Ga se Ya Lefela”
1 A bo seno se kgothatsa jang ne! Tiro ya lona ya bonatla mo tirelong ya ga Jehofa ga se ya lefela. (1 Bakor. 15:58) Go farologana le seo, akanya ka fa batho ba berekang nako e telele le ka natla ka gone, ba leka go tokafatsa maemo a bone a botshelo, kana maemo a bone a madi. Ba ka nna ba gagamalela thuto e e kwa godimo ka dingwaga di le dintsi kana ba bereka ka natla gore ba nne le dithoto tse dintsi. Le fa go ntse jalo, ka ntlha ya “nako le tiragalo e e sa bonelwang pele,” ba ka nna ba se ka ba fitlhelela leina le ba neng ba itirela lone, kana ba ka nna ba patelesega go kgotsofalela bonnye fela jo ba bo boneng go na le go bona dithoto tse ba di batlang. Fela jaaka “go belebetlela phefo,” matsapa a bone ke a lefela. (Mor. 1:14; 9:11, NW) A bo go le botlhokwa jang ne go bo re na le mo gontsi go go dira mo tirong e e seng ya lefela ka gonne e na le melemo e e nnelang ruri!
2 Tiro e e Botlhokwa Tota: Go rera dikgang tse di molemo tsa Bogosi jwa Modimo ke tiro e e botlhokwa go gaisa tsotlhe mo lefatsheng. Ke tiro e e tshwanetseng ya dirwa e ka ne batho ba a reetsa kana ga ba reetse. Re batla go bua jaana, jaaka Paulo: “Ke phepa mo mading a batho botlhe, gonne ga ke a ithiba go lo bolelela boikaelelo jotlhe jwa Modimo.”—Dit. 20:26, 27.
3 A bo go itumedisa jang ne fa batho ba reetsa le go amogela molaetsa wa Bogosi! Mosadi mongwe yo mosha o ne a tlhokafalelwa ke mmamogoloagwe. O ne a ipotsa gore mmamogoloagwe o ile kae—kwa legodimong kana kwa diheleng? O ne a rapela Modimo gore a mo thuse, a dirisa leina Jehofa, jaaka mogoloe a mo rutile. Go ise go ye kae o ne a ithuta Baebele le go nna gone kwa dipokanong tsa Bokeresete. O ne a simolola go leba botshelo ka tsela e nngwe e ntšha. Mosadi yono yo mosha o ne a tlogela go goga, go dirisa diokobatsi le go utswa. O dumela jaana: “Ke go rata Jehofa fela mo go dirileng gore ke tlogele tsela eo e e sa siamang ya go tshela. Ke Jehofa fela ka kutlwelobotlhoko ya gagwe e kgolo a ka nneelang tsholofelo ya botshelo jo bo sa khutleng.” Ga a tlhole a tshelela lefela.
4 Tota le fa batho ba sa batle go reetsa, o sa ntse o ka fitlhelela sengwe se se botlhokwa. Ba a itse gore Basupi ba ga Jehofa ba kile ba ba etela. Seo se tlhomamisa gore o nnile le bothokgami, go ikanyega le go bontsha lorato. Ka jalo, a tiro ya gago ya bonatla mo tirong ya Morena ke ya lefela? Le e seng!