LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • km 9/01 ts. 4
  • A e Go Kgoreletsa go Rera?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • A e Go Kgoreletsa go Rera?
  • Tirelo ya Rona ya Bogosi—2001
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • “A o Nthata go Feta Tseno?”
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2017
  • “Nnang lo Batle Pele Bogosi”
    Obamela Modimo yo o Esi wa Boammaaruri
  • Bona Molemo ka Ntlha ya Tiro ya Gago ya Bonatla
    “Ipolokeng mo Loratong Lwa Modimo”
  • A o Tshwaregile Thata?
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—1996
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tirelo ya Rona ya Bogosi—2001
km 9/01 ts. 4

A e Go Kgoreletsa go Rera?

1 Batho ba le bantsi ba tshwaregile mo botshelong. Basupi ba ga Jehofa le bone ba tshwaregile thata—ba ithuta Lefoko la Modimo, ba nna gone kwa dipokanong tsa phuthego e bile ba nna le seabe mo tirelong ya tshimo. Mo godimo ga moo, re tshwaregile thata ka go dira tiro ya rona ya boitshediso, ya lelapa kana ya sekolo le maikarabelo a mangwe a mantsi, a otlhe a tlhokang nako. Seno se gwetlha thatathata ditlhogo tsa malapa.

2 Ka ntlha ya maemo a a sa itumediseng a tsa ikonomi mo mafelong a a farologaneng, ditlhogo tsa malapa di ka nna tsa tshwanelwa ke go bereka diura tse di oketsegileng le go bereka ka thata gore di kgone go itshedisa. Fa ditiro tse di gatelelang tsa boitshediso di ba tseela bontsi jwa nako le maatla a bone, ba salelwa ke nako e nnye thata ya go dira tiro ya go rera. E re ka ba na le boikarabelo jwa go tlamela malapa a bone ka dilo tse ba di tlhokang, bangwe ba ka nna ba nna le boikutlo jwa gore ba ka kgona go dirisa nako e nnye fela mo bodireding. (1 Tim. 5:8) Ke boammaaruri gore gompieno go na le mathata a le mantsi a a amanang le go batla dilo tse re di tlhokang mo botshelong. Le fa go ntse jalo, tiro ya motho ya boitshediso ga e a tshwanela go mo kgoreletsa go rera dikgang tse di molemo. (Mar. 13:10) Ka jalo, re tshwanetse go tlhatlhoba seemo sa rona.

3 Rre wa lelapa a ka nna a rata go dirisa nako e ntsi thata mo tirong ya gagwe, ka boikaelelo jwa go ipolokela madi a a tla kgonang go a dirisa fa go tlhaga mathata a a sa lebelelwang ka gonne seemo sa lefatshe se aga se fetoga. (1 Bakor. 7:31) Le fa go bonala e kete fa motho a oketsa nako e a e dirisang mo tirong ya boitshediso o bona dilo tse di oketsegileng tse di bonalang kana dinako tse di oketsegileng tsa go itapolosa le go itlosa bodutu, a seno se tla dira gore lelapa le itumele le go bona kgotsofalo e kgolo fa e le gore dilo tseno tsotlhe di le amoga nako ya go dira dilo tsa semoya le go ya dipokanong ka metlha? Ga go pelaelo gore re batla go tila sengwe le sengwe se se tla tsenyang bomoya jwa rona mo kotsing. Go tla bo go le botlhale go tsaya tsia kgakololo ya ga Jesu ya gore re ‘ipolokele matlotlo kwa legodimong’ le gore re ‘hume malebana le Modimo.’—Math. 6:19-21; Luke 12:15-21.

4 Batla Dilo Tsa Bogosi Pele: Jesu o ne a ruta balatedi ba gagwe go baya dilo tsa semoya kwa pele ga dilo tse dingwe tsotlhe. O ne a ba rotloetsa jaana: “Lo se ka le ka motlha lwa tlhobaela mme lwa re, ‘Re tla ja eng?’ kgotsa, ‘Re tla nwa eng?’ kgotsa, ‘Re tla apara eng?’” Ke eng fa a ne a bua jalo? O ne a tlhalosa jaana: “Gonne Rraalona wa selegodimo o a itse gore lo tlhoka dilo tseno tsotlhe.” Fa re dumela mafoko ano, ga go kitla go nna le sekgoreletsi sepe se se tla re thibelang go dira selo se Jesu a neng a se bua morago ga moo, fa a re: “Jalo, nnang lo batle pele bogosi le tshiamo ya gagwe, mme dilo tse dingwe tseno tsotlhe [tse lo di tlhokang] lo tla di okelediwa.” Modimo o tla tlhomamisa gore re bona dilo tseo! (Math. 6:31-33) Ruri eno ga se nako ya go itewa tsebe ke go tlhobaela go sa tlhokege ka ntlha ya go itshedisa kana ka ntlha ya go eletsa go tshela ka phuthologo mo tsamaisong eno ya dilo e e tla tlogang e nyelela.—1 Pet. 5:7; 1 Joh. 2:15-17.

5 Lebaka la konokono la go nna le tiro ya boitshediso ke gore motho a kgone go itlamela ka dilo tse a di tlhokang. Le fa go ntse jalo, tota re tlhoka dilo di le kana kang? Moaposetoloi Paulo o ne a kwala jaana: “E re ka re na le dijo le se re ipipang ka sone, re tla kgotsofalela dilo tseno.” A re batla go nna le se se fetang seo? Fa go ntse jalo, re ka nna ra bo re diragalelwa ke ditlamorago tse Paulo a neng a tlhagisa ka tsone: “Ba ba ikemiseditseng go huma ba wela mo thaelong le mo serung le mo dikeletsong tse dintsi tsa go tlhoka tlhaloganyo le tse di utlwisang botlhoko, tse di thabuetsang batho mo tshenyegong le mo tshenyong.” (1 Tim. 6:8, 9; Math. 6:24; Luke 14:33) Re tla bona jang gore re setse re kgorelediwa ke dikeletso tse di feteletseng?

6 Fa e le gore go gagamalela ditiro tsa boitshediso go dira gore re nne le seabe se sennye thata mo tirelong ya tshimo kana go dira gore re palelwe ke go bona botlhokwa jwa go itima dilo dingwe ka ntlha ya dikgang tse di molemo, he go bolela gore re tshwanetse go fetola dilo tse re tsayang e le tsone tsa botlhokwa mo matshelong a rona. (Baheb. 13:15, 16) Go tshela botshelo jo e seng jwa manobonobo go tla re thusa thata gore re tlose sekgoreletsi seno se se emeng tiro ya rona ya go rera pele. Dilo tse di direlwang Bogosi di tshwanetse gore ka metlha di tle pele mo matshelong a rona malebana le tsela e re dirisang nako le maatla a rona ka yone.

7 Tiro e e Seng ya Lefela: Mafoko a ga Paulo a re kgothaletsa gore ka metlha re nne le ‘mo gontsi go go dira mo tirong ya Morena, ka re itse gore tiro ya rona e re e dirang ka natla ga se ya lefela.’ (1 Bakor. 15:58) “Tiro ya Morena” e e botlhokwatlhokwa ke ya go rera ka Bogosi le go dira barutwa. (Math. 24:14; 28:19, 20) Gore re kgone go nna le seabe ka botlalo ka mo go ka kgonegang ka teng, re tshwanetse go beela kwa thoko nako ya go nna gone kwa tirelong ya tshimo beke nngwe le nngwe mme re leke ka natla gore re se ka ra dira sepe se sele mo nakong eo. (Baef. 5:15-17) Ka jalo, bodiredi jwa rona ga bo kitla bo kgorelediwa ke tiro ya boitshediso kana ke selo sepe fela se sengwe.

8 Fa re intsha setlhabelo go abela ba bangwe boammaaruri jwa Baebele, re nna le boitumelo jo bogolo thata jo re bo bonang ka ntlha ya go aba. (Dit. 20:35) Ka go gagamalela tiro ya go rera ka Bogosi, re ka letela isagwe ka tsholofelo, “gonne Modimo ga a tshiamololo mo a ka lebalang tiro ya [rona] le lorato lo [re lo] bontshitseng leina la gagwe.”—Baheb. 6:10.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela