A o Tshwaregile Thata?
1 Paulo o ne a re kgothaletsa gore ‘re totafale mo tirong ya Morena ka metlha yotlhe.’ (1 Bakor. 15:58) Re kgothalediwa go aga re na le thuto ya rona ka namana ka letsatsi le letsatsi, go nna le seabe ka metlha mo bodireding, go nna teng ka metlha kwa dipokanong le go dira dikabelo tsa rona tsa phuthego ka tlhoafalo. Mo godimo ga moo, re tshwanetse go thusa batho ba bangwe ba ba tlhokang thuso. Ka go bo re na le dilo tse dintsi jaana go di dira, ka dinako tse dingwe re ka nna ra ikutlwa re imelwa thata, re akanya gore re tshwanetse go batla ditsela tse ka tsone re ka fokotsang tiro ya rona.
2 Go na le maemo mangwe a a ka dirang gore e nne selo se se botlhale le se se utlwalang go tlogela kana go fokotsa ditiro dingwe. Batho ba bangwe ba akanya gore ba tshwanetse go dira sengwe le sengwe se batho ba bangwe ba batlang ba se dira. Go sa nne tekatekano mo kgannyeng eno go ka dira gore motho a ikutlwe a gateletswe e bile a ngomogile pelo mo kgabagare go tla mo gobatsang.
3 Nna Tekatekano: Gore o kgone go nna tekatekano go tlhokega gore o dirise kgakololo ya ga Paulo ya gore re “tlhomamise dilo tse di leng botlhokwa thata.” (Bafil. 1:10, NW) Seno se raya fela gore re tlhome megopolo ya rona mo dilong tse di leng botlhokwa thata mme fa nako le maemo di re letla, e bo e le gone re ka dirang dilo tse di seng botlhokwa thata. Ga go na pelaelo gore maikarabelo a lelapa ke one a a botlhokwa go gaisa mo dilong tseno tsotlhe. Re tshwanetse go dira le ditiro dingwe. Lefa go ntse jalo, Jesu o ne a ruta gore dilo tse di tlang pele mo botshelong jwa rona di tshwanetse tsa bo di theilwe mo molaomotheong wa go batla Bogosi pele. Re tshwanetse gore re dire pele dilo tse di tla re thusang gore re diragatse boineelo jwa rona mo go Jehofa.—Math. 5:3; 6:33.
4 Fa re akantse ka seno, re tla tlhomamisa gore re fokotsa dilo tsotlhe tsa rona tsa namana tse di sa tlhokegeng mo thulaganyong ya rona e e tletseng, tse di jaaka ditiro tse di feteletseng tsa boitlosobodutu, le go itlama go direla batho ba bangwe dilo tse e seng tsa botlhokwa. Fa re rulaganya dilo tse re tla di dirang beke nngwe le nngwe, re tla ipeela nako e e lekaneng sentle ya go ithuta ka namana, go nna le seabe ka botlalo mo tirelong, go nna gone kwa dipokanong le ya dilo dipe fela tse di amanang le kobamelo ya rona. Nako e e setseng re ka e kgaoganya go e dirisetsa dilo tse dingwe, go ikaegile ka gore di re thusa go le kana kang go fitlhelela mokgele wa rona o o botlhokwatlhokwa wa go nna Bakeresete ba ba tekatekano ba ba bayang Bogosi kwa pele.
5 Le mororo re dirile jalo, re ka nna ra bo re santse re ikutlwa gore tiro ya rona e ntsi thata. Fa go ntse jalo, re tshwanetse go amogela taletso ya ga Jesu e e reng: “Tlang kwano go nna lotlhe ba lo lapileng, ba lo imelwang, mme ke tlaa lo lapolosa.” (Math. 11:28) Mme gape o ikanye Jehofa, “yo o rwalang merwalo ya rona ka malatsi” le yo o nayang ba ba lapileng thata. O solofetsa gore le ka motlha ga a ne a letla mosiami go tshikinngwa. (Pes. 55:22; 68:19; Isa. 40:29) Re ka tlhomamisega gore dithapelo tsa rona di tla arabiwa, go re thuse go itshoka mo botshelong jo re tshwaregileng ka dilo tsa puso ya Modimo mo go jone.
6 E re ka re itse gore re tla nna re tshwaregile ka dilo tse di molemo tse di direlwang Bogosi, re ka itumela go itse gore tiro ya rona ga e kitla e nna ya lefela mo Moreneng.—1 Bakor. 15:58.