Nna le Tiro e Ntsi ka Metlha
1 Batho ba ga Jehofa ke batho ba ba nnang ba tshwaregile. Re na le maikarabelo a mantsi a a amanang le lelapa, mmereko wa rona le sekolo. Mo godimo ga tsotlhe, re a bo re ntse re na le “tiro e ntsi e re e dirang mo tirong ya Morena.” (1 Bakor. 15:58, NW) Re tshwanetse gore re baakanyetse e bile re nne teng kwa dipokanong tsa beke le beke tsa phuthego. Re kgothalediwa gore re nne le seabe bobotlana beke nngwe le nngwe mo bodireding jwa tshimo. Re tshwanetse ra beela nako e e lekaneng kwa thoko ka metlha gore re nne le thuto ya motho ka namana le thuto ya Baebele ya lelapa ka metlha. Bagolwane le batlhanka ba bodiredi ba na le dikabelo tse dintsi tsa phuthego. Ka dinako tse dingwe re kopiwa gore re thuse batho ba ba tshwanetseng go thusiwa ba ba humanegileng.
2 Gangwe le gape bangwe ba rona ba ka nna ba ikutlwa ba goga ka thata ka ntlha ya dilo tse tsotlhe tse re tshwanetseng go di dira. Lefa go ntse jalo, batho ba ba tshwaregileng thata e ka nna bone ba ba itumetseng thata fa ba lekalekanya dilo le fa ba na le pono e e siameng ka gone.—Mor. 3:12, 13.
3 Moaposetoloi Paulo e ne e le motho yo o neng a na le tiro e ntsi e a e dirang. Lefa a ne a itlhokomela ka go dira tiro ya boitshediso ya go dira ditente, o ne a dira thata go feta baaposetoloi ba bangwe. O ne a dira ka natla jaaka moefangele, a rera phatlalatsa le ka ntlo le ntlo, mme o ne a sa itlhokomolose maikarabelo a gagwe jaaka modisa wa letsomane. (Dit. 20:20, 21, 31, 34, 35) Le mororo thulaganyo ya ga Paulo e ne e tletse ka dilo tse dintsi, o ne a iketleeleditse ka metlha go dira mo go oketsegileng mo tirelong ya ga Jehofa.—Bapisa Baroma 1:13-15.
4 Paulo o ne a kgona go nna a le tekatekano e bile a itumetse ka go ikaega ka Jehofa gore a mo nonotshe. O ne a bona bodiredi jwa gagwe e le jo bo duelang e bile bo mo kgotsofatsa. (Bafil. 4:13) O ne a itse gore Modimo o ka se lebale tiro ya gagwe. (Baheb. 6:10) Go nna le boitumelo jwa go thusa batho ba bangwe go itse Jehofa go ne go mo nonotsha. (1 Bathes. 2:19, 20) Go tlhatswega pelo ka tsholofelo ya gagwe e e thailweng mo Baebeleng go ne ga dira gore a nne a ntse a le matlhagatlhaga.—Baheb. 6:11.
5 Le rona re tshwanetse gore re akanye ka melemo ya ditiro tsa rona. Go nna gone ga rona kwa dipokanong tsa beke le beke le go nna le seabe mo go tsone go aga le go kgothatsa batho ba bangwe. (Baheb. 10:24, 25) Maiteko a magolo a re a dirang a go fitlhelela batho botlhe ka mafoko a a molemo a thusa gore phuthego e gole jaaka fa re ntse re tlhagolela kgatlhego e batho ba e bontshang le fa batho ba basha ba kopanela le rona. (Joh. 15:8) Go thusa batho ba bangwe ba ba tlhokang go dira gore go nne le moya wa go utlwana jaaka lelapa mo phuthegong. (Jak. 1:27) Mo godimo ga moo, fela jaaka Paulo, le rona ga re a tshwanela go lebala le ka motlha gore go nna re dira ditiro tse di molemo go itumedisa Jehofa Modimo. Re go tsaya e le tshiamelo e kgolo thata go mo direla. Ga re bone tsela epe e e botoka ya go tshela go gaisa eno!
6 Go na le molemo o mongwe gape fa motho a na le tiro e a e dirang. Fa re ntse re tsamaya ka thulaganyo e e molemo ya semoya ya ka metlha, go bonala nako e tsamaya ka bonako. E re ka re lemoga gore letsatsi lengwe le lengwe le le fetang le re atametsa gaufi le lefatshe le lesha, re itumelela botshelo jo bo monate gone jaanong. Mme gape re lemoga gore go botlhale go nna re tshwaregile ka gonne ga re nne le nako e ntsi ya go nna le seabe mo dilong tse di sa reng sepe tsa lefatshe.—Baef. 5:15, 16.
7 Ee, tota go na le tiro e ntsi e re ka e direlang Morena. Mme lefa go ntse jalo re ka nna re ntse re itumetse fa re ikaega ka Jehofa Modimo le Jesu Keresete, ba e leng bone ba tla dirang gore tirelo ya rona e nne e e lapolosang le e e duelang.—Math. 11:28-30; 1 Joh. 5:3.