A O Tshwaregile mo Ditirong Tse Di Suleng Kana mo Tirelong ya ga Jehofa?
INTSHWARELE, aitse ke tshwaregile.” Eno ke nngwe ya ditsela tse batho ba ganang ka tsone fa Basupi ba ga Jehofa ba rera mafoko a a molemo a Bogosi phatlalatsa. (Mathaio 24:14) Lefa gone “ke tshwaregile” ka dinako tse dingwe e le seipato fela se se fa gaufi, boammaaruri ke gore batho ba le bantsi ba tshwaregile. Tota ba tsene ka tlhogo mo ‘go tlhobaeleng ka tsamaiso eno ya dilo’—dikgatelelo tse di tlang le tiro ya boitshediso, go duela dikoloto, go ya kwa tirong le go boa, go godisa bana, go tlhokomela legae, sejanaga, le dithoto tse dingwe.—Mathaio 13:22.
Lefa go ntse jalo, lefa gone batho tota ba ka tswa ba tshwaregile, ke ba sekae fela bao ba dirang ditiro tseo ruri di ungwang kana di nang le matswela. Go ntse fela jaaka monna yo o botlhale Solomone a kile a kwala: “Motho oa ba a na le eñ mo letsapeñ ya gagwè yeotlhe hèla, le mo thekisegoñ ea pelo ea gagwè, mo o inaeañ letsapa ya gōna tlhatse ga letsatsi? Gonne malatsi a gagwè aotlhe ke mahutsana hèla, le thekisègō ea gagwè ke mahumapelo hèla; E, le eboñ mo bosigoñ pelo ea gagwè ga e ikhutse. Se le shōna ke boithamakō hèla.”—Moreri 2:22, 23.
Bibela gape e bitsa ditiro tseo tse di senang matswela e re ke “ditihō tse di shuleñ.” (Bahebera 9:14) A botshelo jwa gago bo tletse ka ditiro tse di ntseng jalo? Wena jaaka Mokeresete o tshwanetse wa amega thata kaga seno, ereka Modimo o tla “naea motho moñwe le moñwe kaha tihoñ ea gagwè.” (Pesalema 62:12) Mme ereka “lobaka lo [khutshwafetse],” re tshwanetse ra bo re amegile thata ka gore re se ka ra senya nako mo ditirong tse di suleng. (1 Bakorintha 7:29) Mme lefa go ntse jalo tota ditiro tse di suleng ke eng? Re tshwanetse ra di leba jang? Mme re ka tlhomamisa jang gore re tshwaregile ka ditiro tse di nang le mosola tota?
Go Tlhaola Ditiro Tse Di Suleng
Paulo o ne a kwala jaana mo go Bahebera 6:1, 2: “Me ke gōna, a re khutlèñ go tlhōla re bua kaga ditshimologō tsa ntlha ntlha tsa ga Keresete, me a re gagamaleleñ kwa boitekaneloñ; re se ka ra ba ra thaea mothèō [gape, NW] oa go ikwatlhaèla ditihō tse di shuleñ, le oa tumèlō Modimoñ, le oa thutō ea dikolobeco, le oa peèō ea diatla, le oa go coga ga bashwi, le oa tshekishō e e sa khutleñ.” Ela tlhoko gore “ditshimologō tsa ntlha ntlha” di ne di akaretsa “go ikwatlhaèla ditihō tse di shuleñ.” Jaaka Bakeresete, batho ba Paulo a neng a ba kwalela ba ne ba setse ba ikwatlhaetse ditiro tse di ntseng jalo tse di suleng. Jang?
Pele ba amogela Keresete, bangwe ba mo lekgolong la ntlha la dingwaga ba ne ba kile ba dira “ditihō tsa nama” tse di suleng, e leng, “boaka, le bomashwè, le bopèpè, le tihèlō ea medimo ea disètwa, le boloi,” le ditiro tse dingwe tse di maswe. (Bagalatia 5:19-21) Fa ditiro tse di ntseng jalo di ne di sa emisiwe, di ka bo di ile tsa dira gore ba swe semoyeng. Lefa go ntse jalo, ka bopelotlhomogi, Bakeresete bao ba ne ba dule mo tseleng ya bone e e kotsi, ba ikwatlhaya, mme ba “tlhapisiwa.” Ka jalo ba ne ba nna le boemo jo bo phepa fa pele ga Jehofa.—1 Bakorintha 6:9-11.
Lefa go ntse jalo, ga se Bakeresete botlhe bao ba neng ba tlhoka go ikwatlhaela ditiro tse di boikepo kana tsa boitsholo jo bo maswe. Lokwalo lwa ga Paulo lo ne lo lebisitse thata go badumedi ba Bajuda, bao bontsi jwa bone ba neng kwantle ga pelaelo ba utlwa Molao wa ga Moshe fela thata pele ba amogela Keresete. Jaanong ba ne ba ikwatlhaetse ditiro dife tse di suleng? Eleruri go ne go se phoso go bo ba ile ba tshegetsa meetlo ya Molao le dilo tseo o neng o di laela malebana le dijo. A Molao o ne o se ‘boitshepo le tshiamo ebile o le molemo’? (Baroma 7:12) Ee, mme mo go Baroma 10:2, 3, Paulo o ne a bolela jaana kaga Bajuda: “Ke shupa kaga bōnè ha ba na le tlhōahalō kaga Modimo, me e be e se kaha kicoñ. Gonne e rile ka ba sa itse tshiamō ea Modimo, me ba senka go tlhōmamisa e e leñ ea bōnè, ga baa ka ba ineèla mo tshiamoñ ea Modimo.”
Ee, Bajuda ba ne ba dira phoso ka go dumela gore fa ba latela Molao ba sa tlole sepe, ba ne ba ka bolokwa. Lefa go ntse jalo, Paulo o ne a tlhalosa gore ‘motho ga a siamisiwe ka ditiro tsa molao, fa e se ka tumelo mo go Jesu Keresete.’ (Bagalatia 2:16) Fa go sena go ntshiwa thekololo ya ga Keresete, ditiro tsa Molao—go sa kgathalesege gore e ne le tsa maemo a a kwa godimo kana di siame go le kana kang—e ne e le ditiro tse di suleng mme di sena mosola gotlhelele mo go bolokweng. Ka jalo Bajuda ba ba dipelo di siameng ba ne ba senka go amogelwa ke Modimo ka go ikwatlhaela ditiro tse di ntseng jalo tse di suleng le go kolobediwa go tshwantshetsa boikwatlhao jwa bone.—Ditihō 2:38.
Re ithuta eng mo go seno? Gore ditiro tse di suleng di ka akaretsa se se fetang ditiro tsa boikepo le tsa boitsholo jo bo maswe; di akaretsa tiro epe e e suleng ka tsela ya semoya, e sena mosola, kana e sena matswela. Mme lefa go ntse jalo a Bakeresete botlhe ga ba ikwatlhaele ditiro tse di ntseng jalo tse di suleng pele ba kolobediwa? Ke boammaaruri, mme lefa go ntse jalo bangwe ba Bakeresete ba lekgolo la ntlha la dingwaga e ne ya re moragonyana ba wela mo boitsholong jo bo sa siamang. (1 Bakorintha 5:1) Le mo gare ga Bakeresete ba Bajuda, go ne go na le bao ba neng ba rata go boela mo go direng ditiro tse di suleng tsa Molao wa ga Moshe. Paulo o ne a tshwanelwa ke go gakolola ba ba ntseng jalo gore ba se ka ba boela mo ditirong tse di suleng.—Bagalatia 4:21; 5:1.
Go Itisa Mo Ditirong Tse Di Suleng
Ka jalo batho ba ga Jehofa gompieno ba tshwanetse go ela tlhoko gore ga ba wele mo serung sa go dira ditiro tse di suleng. Re tlhaselwa ke kgatelelo go tswa ntlheng tsotlhe gore re ineele mo boitshwarong jo bo phoso, re se ka ra ikanyega, le gore re tsenelele mo boitsholong jo bo maswe jwa kafa dikobong. Ka maswabi, Bakeresete ba le diketekete ba ineela mo dikgatelelong tse di ntseng jalo ngwaga le ngwaga, mme fa ba sa ikwatlhaye, ba kobiwa mo phuthegong ya Bokeresete. Ka jalo go feta lefa e le leng pele, Mokeresete o tshwanetse a utlwa kgakololo ya ga Paulo e e newang mo go Baefesia 4:22-24: “Kaga mokgwa oa botshelō yoa lona yoa galè, lo apolè motho oa bogologolo, eo o bōlañ kaha dithatoñ tsa tsieco . . . lo shahadiwè mo moeeñ oa pelo tsa lona, me lo aparè motho eo mosha, eo kaha Modimoñ o bopilweñ mo tshiamoñ, le mo boitshepoñ yoa boamarure.”
Gone ke boammaaruri, Baefesia bao Paulo a neng a ba kwalela ba ne ba setse ba apere motho yo mosha ka selekanyo se segolwane. Mme lefa go ntse jalo Paulo o ne a ba thusa go lemoga gore go dira jalo e ne e le tiro e e tswelelang pele! Fa ba ne ba sa dire boiteko ba sa kgaotse, Bakeresete ba ne ba ka gogelwa gape kwa ditirong tse di suleng ke dikeletso tsa bone tse di raelang tseo di tswelelang pele di ba tlhotlheletsa go dira bosula. Go ntse fela jalo le ka rona gompieno. Re tshwanetse gore ka metlha re leke go apara motho yo mosha, re sa letle gore a tladiwe leswe ke mekgwa epe ya tsela eo re neng re tshela ka yone pele. Re tshwanetse ra tlhoa—ra ila—mofuta ope fela wa ditiro tse di bosula tsa nama. Mopesalema o kgothatsa jaana: “Lona ba lo ratañ Yehofa, a lo ko lo ileñ boshula.”—Pesalema 97:10.
Ke sengwe se se ka akgolelwang gore, bontsi jo bogolo jwa batho ba ga Jehofa gompieno bo ile jwa utlwa kgakololo eno mme jwa nna bo le phepa mo boitsholong. Lefa go ntse jalo, bangwe ba ile ba faposiwa ke ditiro tseo ka botsone di seng phoso mme e re fa nako e ntse e ya di itshupe e le tsa lefela ebile di sena matswela. Ka sekai, bangwe ba ile ba nwelelela mo maanong a go dira madi kana go ikgobokanyetsa dilo tse di bonalang. Mme lefa go ntse jalo Bibela e tlhagisa jaana: “Ba ba eletsañ go huma ba tla ba wèle mo thaeloñ, le mo seruñ, le mo dithatoñ di le dintsi tsa bosilo le tse di senyañ, tse di nwetsañ batho mo tshenyegoñ le mo tatlhegoñ.” (1 Timotheo 6:9) Mo go ba bangwe thuto ya lefatshe e ile ya tswa seru. Ke boammaaruri, go ka nna ga tlhokega gore motho a bo a rutegile ka selekanyo se se rileng gore a tle a bone tiro. Mme lefa go ntse jalo bangwe ba ile ba ikgobatsa semoyeng fa ba ntse ba senya nako e ntsi ba leka go batla thuto e e kwa godimo ya lefatshe.
Ee, ditiro di le dintsi di ka nna tsa bo di se phoso ka botsone. Mme lefa go ntse jalo di sule fa e le gore tota ga di re okeletse sepe mo botshelong gone jaanong kana tsa dira gore re amogelwe ke Jehofa Modimo. Ditiro tse di ntseng jalo di senya nako le maikatlapelo mme lefa go ntse jalo ga di na mosola semoyeng, ga di lapolose ka tsela epe e e nnelang ruri.—Bapisa Moreri 2:11.
Kwantle ga pelaelo o leka ka natla go nna o tshwaregile mo ditirong tse di mosola tsa semoya. Lefa go ntse jalo, go itlhatlhoba ka metlha go a thusa. Gangwe le gape, o ka ipotsa dipotso tse di tshwanang le: ‘A ga ke tlhole ke nna le seabe ka tshwanelo mo tirelong kana ga ke tlhole ke ya dipokanong ka metlha ka ntlha ya go bo ke dira tiro e e sa tlhokegeng ya boitshediso?’ ‘A ke na le nako ya go intsha bodutu mme ke na le nako e potlana fela ya go ithuta ka namana le go tshwara thuto ya lelapa?’ ‘A ke senya nako e ntsi le maikatlapelo ke tlhokometse dilwana tsa me tse di bonalang mme ke sa tlhokomele batho ba ba tlhokang mo phuthegong, jaaka balwetsi le batsofe?’ Dikarabo tsa dipotso tseno di ka nna tsa senola gore o tlhoka go baya ditiro tsa semoya kwa pele ka selekanyo se segolwane.
Nna O Tshwaregile mo Tirelong ya ga Jehofa
Jaaka 1 Bakorintha 15:58 (NW) e bolela, go na le “go le gontsi go re ka go dirang mo tirong ya Morena.” Tiro ya botlhokwa ke ya go rera kaga Bogosi le go dira barutwa. Paulo o ne a kgothatsa jaana mo go 2 Timotheo 4:5: “Dira gore go rera Mafoko a a Molemo e nne tiro ya gago ya botshelo jotlhe, o direla ka matlhagatlhaga.” (Jerusalem Bible) Bagolwane le batlhanka ba bodihedi gape ba na le tiro e ntsi eo ba tshwanetseng go e dira go tlhokomela dilo tse di tlhokwang ke letsomane. (1 Timotheo 3:1, 5, 13; 1 Petere 5:2) Ditlhogo tsa malapa—tse bontsi jwa tsone e leng batsadi ba ba seng mo lenyalong—gape ba na le maikarabelo a a boima a go tlhokomela malapa a bone le go thusa bana ba bone gore ba gole mo kamanong ya bone le Modimo. Ditiro tse di ntseng jalo di ka nna tsa bo di lapisa, gongwe ebile di fekeetsa, ka dinako tse dingwe. Mme lefa go ntse jalo ga se ditiro tse di suleng le eseng, mme di lere kgotsofalo ya mmatota!
Bothata ke jo: Motho o ka bona jang nako ya go dira ditiro tseno tsotlhe tse di botlhokwa ebile di le molemo? Go tlhokega go itaya le go rulaganya dilo tsa gago ka namana. Paulo o ne a kwala jaana mo go 1 Bakorintha 9:26, 27: “Nna ke siana yana, e señ yaka ekete kea akabala; ke lekèla yalo, e señ yaka eo o betsañ sebaka hèla: Me ke ikgōba mmele, ke o baea mo taoloñ: e se re kgotsa ka mokgwa moñwe, e tla re ke sena go rerèla ba bañwe Mahoko a a Molemō, nna ka nosi ka tla ka ganwa.” Tsela nngwe ya go diragatsa molaomotheo wa temana eno e ka nna gore gangwe le gape o tlhatlhobe thulaganyo ya dilo tse o di dirang ka namana le tsela eo o tshelang ka yone. O ka nna wa bo wa fitlhela gore o ka fokotsa dingwe tse di go tseelang nako le maikatlapelo go sa tlhokege.
Ka sekai, a o dirisa bontsi jwa maikatlapelo a gago le nako ya gago o lebeletse thelebishene, o intsha bodutu, o bala dibuka tsa selefatshe, kana o dira ditiro tsa go fetisa nako fela? Go ya ka setlhogo sengwe go The New York Times, mogolo yo o tlwaelegileng kwa United States o lebelela thelebishene ka “diura di ka feta 30 ka beke.” Eleruri nako e e ntseng jalo e ne e ka dirisediwa sengwe se se botoka! Mosadi wa molebedi mongwe wa potologo o bega jaana: “Ke tlogetse mo e batlileng e le dilo tsotlhe tse di senyang nako, tse di tshwanang le go lebelela thelebishene.” Seno se ne sa felela ka eng? O ne a kgona go bala saetlopedia ya Bibela e e nang le dibolumo di le pedi ya Insight on the Scriptures yotlhe fela!
Gape o ka nna wa tlhoka go tlhatlhoba gore o ka dira tsela e o tshelang ka yone motlhofo go ya bokgakaleng bofe. Solomone o ne a re: “Borōkō yoa motho eo o dihañ bo monate, leha a ya bonnye kgotsa bogolo: me go kgora ga mohumi ga go mo leseletse go rōbala.” (Moreri 5:12) A o dirisa nako ya gago e ntsi le maikatlapelo o tlhokometse dilwana tse di bonalang tse di sa tlhokegeng? Totatota, fa re nna le dilwana tse di oketsegileng, re tlhoka go tlhokomela dilwana tse dintsi, go di duelela inšorense, go di baakanya, le go di sireletsa. A go ka go thusa gore o tlogele dingwe tsa dilwana tsa gago?
Tsela e nngwe eo ka yone o ka dirisang nako ya gago botoka ka yone ke ka go nna le thulaganyo e o ka kgonang go e tshegetsa. Thulaganyo e e ntseng jalo e tshwanetse ya akaretsa boiketlo le boitlosobodutu jo motho a bo tlhokang. Mme lefa go ntse jalo dilo tsa semoya di tshwanetse tsa bewa kwa pele. Go tshwanetse ga beelwa nako kwa thoko ya go nna gone kwa dipokanong tsotlhe ka metlha. Gape o ka nna wa rulaganya go sa le gale gore o tla dirisa malatsi kana maitseboa afe go dira tiro ya go rera. Fa o rulaganya dilo ka kelotlhoko o ka nna wa bo wa kgona go oketsa seabe se o nnang le sone mo tirelong, gongwe o direla jaaka mmulatsela yo o thusang gangwe le gape. Lefa go ntse jalo, tlhomamisa gore o rulaganya nako ya go ithuta ka namana le go ithuta le lelapa, mmogo le go baakanyetsa dipokano ka kelotlhoko. Ka go baakanyetsa, ga se gore o tla solegelwa molemo ka mo go oketsegileng mo dipokanong ka bowena fela mme gape o tla kgona go ‘tlhotlheletsa ba bangwe mo loratong le mo ditirong tse di molemo’ ka dikakgelo tsa gago.—Bahebera 10:24.
Gore o bone nako ya go ithuta go ka nna ga tlhokega gore o itime dilo dingwe. Ka sekai, malapa a Bethele lefatshe ka bophara a tsoga go sale gale moso mongwe le mongwe gore a sekaseke temana ya letsatsi. A go ne go ka kgonega gore o sole nakonyana e khutshwane molemo moso mongwe le mongwe gore o nne le thuto ya gago ka namana? Mopesalema o ne a re: “Ka raka mahube a moshō, ka goa; ka sholohèla mo mahokuñ a gago.” (Pesalema 119:147) Gone ke boammaaruri, gore o tsoge go sale gale go ka tlhoka gore o rulaganye nako e o ka robalang ka yone gore o kgone go simolola letsatsi le le latelang o ikutlwa sentle ebile o lapologetswe.
Melemo ya go Tshwarega mo Tirelong ya ga Jehofa
Fa re na le “go le gontsi mo re ka go dirang mo tirong ya Morena” seno se tla tlhoka gore re rulaganye dilo, re itaye, re bo re itime dilo dingwe. Mme lefa go ntse jalo seno se tla felela ka gore o itumelele melemo e se kana ka sepe. Ka jalo, nna o tshwaregile, eseng mo ditirong tse di suleng kana tse di senang mosola tse di lolea mme di felela ka kutlobotlhoko fela, mme o tshwarege mo tirelong ya ga Jehofa. Ka gonne ka go dira ditiro tse di ntseng jalo ke gone o ka dirang gore tumelo ya gago e bonale, ke gone o ka amogelwang ke Modimo, kgabagare o bo o duelwa ka botshelo jo bo sa khutleng!
[Setshwantsho mo go tsebe 28]
Fa Mokeresete a dira thulaganyo e a ka kgonang go e tshegetsa seno se ka mo thusa gore a dirise nako ya gagwe ka botlhale le go feta