Go Dira le Jehofa ka Boikanyego
“Modimo u sale ua nna ua nthuta le mo bokauñ yoa me; ke nntse ke bolèla ditihō tsa gago tse di gakgamatsañ, nakō e sa le eno.”—PESALEMA 71:17.
1. Ke ka ntlhayang fa re ka re tiro ke mpho e e tswang go Jehofa?
TIRO ke nngwe ya dimpho tse Modimo o di fileng motho. Jehofa o ne a raya batsadi ba rona ba pele Adame le Efe a re: “Lo tlalè ka lehatshe, lo le henyè.” Eo e ne e le tiro e e gwetlhang tota mme ba ne ba ka kgona go e dira fela sentle. Boitumelo jwa bone mo botshelong bo ne bo tla okediwa ke go dirisa ga bone maatla le tlhaloganyo mme bo ne bo tla feta boitumelo jwa diphologolo tseo ba neng ba tshela le tsone mo legaeng la bone la selefatshe.—Genesise 1:28.
2, 3. (a) Tiro e ile ya fetoga eng mo go ba le bantsi gompieno, mme ka ntlhayang? (b) Re tshwanetse go akanyetsa tshono ya go dira tiro efe e e kgethegileng?
2 Fela jaaka Solomone yo o botlhale a kwadile, “letsapa” leo le felelang ka “monate” ke “nèō ea Modimo.” (Moreri 3:13) Motho o santse a tlhoka go dirisa nonofo ya gagwe ya go akanya le nonofo ya gagwe ya mmele. Fa o sena tiro e o e dirang o tshwenyega mo boikutlong. Lefa go le jalo, ga se tiro yotlhe e e itumedisang le e e nang le mosola. Mo go ba le bantsi tiro ke sengwe se se sa itumediseng, seo ba se dirang fela ka gore ba batla se ba ka tshelang ka sone.
3 Lefa go ntse jalo, go na le tiro e e itumedisang ka mmatota eo rotlhe re lalediwang go e dira. Mme ba ba e dirang ba na le dikganetso le mathata a mantsi a ba tshwanetseng go a fenya. Ke ka ntlhayang fa go le botlhokwa go dira gore re tshwanele go dira tiro eno? Re dira seo jang? Pele re araba dipotso tseno a re sekasekeng seno pele:
Re Direla Mang?
4. Jesu o ne a itumedisiwa le go kgotsofadiwa ke tiro ya mofuta ofe?
4 Jesu Keresete o ne a re: “Seyō sa me ke go diha go rata ga eo o nthomileñ, le go wetsa tihō ea gagwè.” (Yohane 4:34) Go direla Jehofa ka boikanyego go ne ga naya Jesu boitumelo jo bogolo le kgotsofalo. Go ne ga mo dira gore a nne le boikaelelo mo botshelong, mme kwa bokhutlong jwa bodihedi jwa gagwe jwa dingwaga tse tharo le sephatlo, o ne a ka raya Rraagwe wa selegodimo ka boammaaruri a re: “Ke gu galaleditse mo lehatshiñ, ka ke weditse tihō e u e nneetseñ go e diha.” (Yohane 17:4) Fela jaaka dijo tsa nama di kgona go tshedisa, go ntse fela jalo ka tiro e e akaretsang dilo tsa semoya. Jesu o ne a gatelela seno mo lekgetlong le lengwe fa a ne a kgothatsa jaana: “Se diheleñ diyō tse di nyèlèlañ, me dihèlañ diyō tse di nnèlañ go ea go hitlha botsheloñ yo bo sa khutleñ.” (Yohane 6:27) Go farologana le seo, tiro e e senang matswela ape fela a semoya e tlisa tlalelo le loso.
5. Ke mang yo a neng a le kgatlhanong le tiro e e molemo e Jesu a neng a e dira, mme ka ntlhayang?
5 “Rrè o nntse a diha le gompiyeno, le nna kea diha.” Jesu o ne a akgela ka tsela eno mo Bajudeng bao ba neng ba mo kgala ka gonne a ne a fodisitse monna yo a neng a sa bolo go lwala ka dingwaga di le 38 ka Sabata. (Yohane 5:5-17) Lemororo Jesu a ne a dira tiro ya ga Jehofa, baganetsi bao ba bodumedi ba ne ba gana go dumela ntlha eo mme ba ne ba dira sengwe le sengwe go leka go mo emisa. Ka ntlhayang? Ka gonne ba ne ba tswa mo go rraabone, Satane Diabolo, ene yoo a sa bolong go nna a ganetsa tiro ya ga Jehofa. (Yohane 8:44) Ereka Satane a kgona gore a “ichwantshe le moengele oa lesedi” a dirisa “tsieco eotlhe ea tshiamololō,” re tlhoka temogo ya semoya le go akanya ka phepafalo go lemoga seo ditiro tsa gagwe e leng sone. Go sa nneng jalo, re ka nna ra iphitlhela re dira kgatlhanong le Jehofa.—2 Bakorintha 11:14; 2 Bathesalonia 2:9, 10.
Baganetsi Ba Ba Dirang
6. Ke ka ntlhayang fa batenegi e le “badihi ba ba tsietsañ”? Tshwantsha.
6 Bangwe, jaaka batenegi bangwe gompieno, ba dira ka go tlhoka boikanyego jaaka barongwa ba ga Satane go senya tumelo ya maloko a a sa tswang go kopanela bosha a phuthego ya Bokeresete. (2 Bakorintha 11:13) Go na le gore ba dirise Bibela fela jaaka motheo wa dithuto tsa boammaaruri, ba tlhoma tlhokomelo ya bone mo go lekeng go supa fa New World Translation of the Holy Scriptures e na le diphoso, jaaka ekete Basupi ba ga Jehofa ba ikaegile gotlhelele ka yone gore e ba tshegetse. Mme seo ga se a nna jalo. Mo karolong e kgolo ya ngwagakgolo ono, Basupi ba ile ba dirisa thata King James Version, le Douay Version ya Roma Katoliki, kana thanolelo epe fela e e leng gone ka puo ya bone, go ithuta boammaaruri kaga Jehofa le boikaelelo jwa gagwe. Ebile ba ile ba dirisa dithanolelo tse dikgologolo tseno go bolela boammaaruri kaga boemo jwa baswi, kamano ya Modimo le Morwawe, le lebaka la go bo go ya letsomanyane le lennye fela kwa legodimong. Batho ba ba nang le kitso ba setse ba lemogile gore Basupi ba ga Jehofa ba dirisa dithanolelo tse dintsi tsa Bibela mo tirong ya bone ya go rera ya lefatshe ka bophara. Lefa go ntse jalo, fa esale go tloga ka 1961 ba ile ba itumelela gape go dirisa le New World Translation, ka thanolo ya yone e e tokafaditsweng, e e tlhomameng le e e balegang sentle.
7. (a) Ke ka ntlhayang fa Jesu a itatola bontsi jwa bao ba ipolelang ba dumela mo go ene? (b) Ke ka ntlhayang fa go le botlhokwa go reetsa kgakololo e e mo go 1 Yohane 4:1?
7 Jesu o ne a bolela gore o tla itatola ba le bantsi bao ba ipolelang ba na le tumelo mo go ene. O ne a dumela gore ba ka nna ba perofesa, ba leleka badimona, ba bo ba “diha ditihō di le dintsi tse di nonohileñ” ka leina la gagwe. Lefa go le jalo, o bolela gore ditiro tseno ke tsa ba ba “dihañ tshiamololō.” (Mathaio 7:21-23) Ka ntlhayang? Ka gonne ga ba dire go rata ga ga Rraagwe yo o kwa legodimong gape ga se sepe mo go Jehofa Modimo. Motsietsi o mogolo, Satane, a ka nna a lere ditiro tse di sa tlwaelegang, le tseo di lebegang jaaka dikgakgamatso gompieno. Moaposetoloi Johane fa a ne a kwala lokwalo lwa gagwe lwa ntlha lo lo akaretsang dingwaga tse di fetang 60 morago ga go swa le go tsosiwa ga ga Jesu mo baswing, o ne a gakolola Bakeresete ka gore ba tshwanetse gore ‘ba se ka ba dumela moya mongwe le mongwe fela, mme ba tlhotlhomise moya, gore a ke wa Modimo.’ Re tlhoka go dira se se tshwanang.—1 Yohane 4:1.
Ditiro Tse Di Sa Dueleng
8. Re tshwanetse go ikutlwa jang ka ditiro tsa nama?
8 Le eleng lefa re sa dire ditiro tse di lwang kgatlhanong le tsa semoya, re tla bo re direla lefela fa re tswelela go direla nama ya rona e e oleng. Moaposetoloi Petere o ne a bolela gore re sentse nako e ntsi re “diha keleco ea Badichaba . . . mo bopepeñ, le mo dithatoñ, le mo go nweñ boyalwa, le mo ditlhapeloñ, le mo ditagoñ, le mo ditiheloñ tse di makgapha tsa medimo ea disètwa.” (1 Petere 4:3, 4) Seno legale ga se reye gore Bakeresete botlhe ba ba ineetseng ba kile ba bo ba dira ditiro tseo, mme se raya gore boikutlo jwa ba ba neng ba dira jalo bo tshwanetse jwa bo bo ne jwa fetoga ka bonako fela fa pono ya bone ya semoya e ntse e gola. Lefatshe le tla bua ka bone le ba kgala ka gonne ba sokologile; mme seo se tshwanetse go lebelelwa. Lefa go le jalo, ba tshwanetse go fetoga mme ba nne badiredi ba ba ikanyegang mo tirelong ya ga Jehofa.—1 Bakorintha 6:9-11.
9. Re ithuta eng ka boitemogelo jwa Mosupi mongwe yo a neng a simolola go ikatisa jaaka moopedi wa opera?
9 Jehofa o re neile dimpho tse dintsi gore re di itumelele, nngwe ya tsone ke mmino. Lefa go ntse jalo, ereka “lehatshe yeotlhe le namaletse ha tlhatse ga eo o boshula,” Satane Diabolo, a seno ga se akaretse le lefatshe la mmino? (1 Yohane 5:19) Ee, mmino e ka nna seru se se sa bonaleng, jaaka Sylvana a ne a lemoga. O ne a bona tshiamelo ya go ya go ikatisa kwa Fora jaaka moopedi wa opera. “Ke ne ke santse ke na le keletso e e nonofileng ya go direla Jehofa,” o tlhalosa jalo, “ke ne ke itumelela bobulatsela jo bo thusang mme ke solofetse gore ke tla kopanya dilo tseno tsoopedi mo botshelong jwa me. Mme bothata jwa ntlha jo ke neng ka tshwanela go lebana le jone mo tirong eno ya me e ne ya nna boitsholo jo bo sa siamang. Kwa tshimologong, ba ke neng ke ithuta le bone ba ne ba nteba jaaka ngwananyana fela fa ke ne ke sa kopanele le bone mo go bueng ka boitsholo jo bo sa siamang le go dira jaaka bone. Moragonyana, tikologo e e senyegileng eo e ne ya simolola go ntira gore ke se ka ka ikutlwa jaaka pele, ke letla dilo tse Jehofa a di ilang. Mongwe wa barutisi ba me o ne a tlhola a nthaya a re ke dire mmino bodumedi jwa me, mme ke ne ka rutiwa gore ke galefe fa ke le mo seraleng le go akanya gore ke botoka mo bathong ba bangwe. Sotlhe seno se ne sa se ka sa njesa monate. Kgabagare, ke ne ka tshwanela go ipaakanyetsa diteko dingwe tse di kgethegileng. Ke ne ka rapela Jehofa gore a mpontshe ka phepafalo gore ke tseye tsela efe. Lemororo ke ne ka opela monate ebile ke ikutlwa gore ke fentse, ke ne ka se ka ka nna mongwe wa ba ba tlhophilweng. Morago ga foo, ke ne ka itse gore ke ka ntlhayang—maduo a ne a setse a dirilwe esale pele ka sephiri pele ga kgaisano. Mme jaanong ke ne ke na le karabo e e phepafetseng ya thapelo ya me mme ka swetsa gore ke tlogele go opela mo seraleng le opera mme ke ye go ruta mmino kwa gae.” Kgaitsadi yono morago o ne a nyalana le mogolwane mo phuthegong ya Bokeresete, koo jaanong ba dirang mmogo ka boikanyego ba tsweledisa dikgatlhego tsa Bogosi pele.
10. Ke eng se o se konelang ka mafoko a ga Jesu a a mo go Yohane 3:19-21?
10 Jesu o ne a re: “Moñwe le moñwe eo o dihañ boshula o ila lesedi, oa ba a sa tle lesediñ, e tle e re kgotsa ditihō tsa gagwè di kgalemèlwe.” Kafa letlhakoreng le lengwe, “eo o dihañ boamarure, o tla lesediñ gore ditihō tsa gagwè di senolwè, ha di dihilwe mo Modimoñ.” (Yohane 3:19-21) Abo e le lesego jang ne go dira tumalanong le thato ya ga Jehofa le boikaelelo jwa gagwe! Mme gore re dire jalo ka katlego, re tshwanetse ka metlha ra letla gore ditiro tsa rona di sekasekiwe ka lesedi la Lefoko la Modimo. Ga re kake ra re re tsofetse thata kana nako e fetile ya gore re ka fetola tsela ya rona ya botshelo le go amogela taletso ya go direla Jehofa tirelo e e tshwanetseng.
Go Dira “Ditiro tse di Molemo” Gompieno
11. Batho bangwe ba dira eng se ba se bitsang “ditiro tse di molemo,” mme ke ka ntlhayang fa di ka dira motho gore a tlalelwe?
11 Tiro e e nang le mosola gompieno e tshwanetse go supa gore metlha ya rona e potlakile. Batho ba bantsi ba ba tlhoafetseng ba dumela go dira ditiro tseo gantsi di tlhalosiwang gore ke “ditiro tse di molemo,” tseo di dirwang go solegela batho ka kakaretso molemo kana ka lebaka lengwe le le kgethegileng ba bo ba tshwarega mo go tsone. Lefa go le jalo, tiro ya mofuta ono e ka dira gore motho a tlalelwe! Kwa Boritane, CAFOD (Catholic Fund for Overseas Development), e ne ya bega jaana ka tiro ya yone ya go thusa mo maubeng: “Dingwaga tse tharo tse di fetileng . . . go ne ga kgobokanngwa dimilione tsa diranta go thusa. Go ne ga bolokiwa matshelo a batho ba le diketekete. Jaanong one matshelo ao a mo kotsing gape . . . Ka ntlhayang? Phoso e tlhagile fa kae?” Fa e tswelela ka pego eno, CAFOD Journal e tlhalosa gore mathata a a neng a baka seo tota ga a ka a rarabololwa le gore “dilo tse di neng di tlhokega thata go thusa batho go itokafatsa di ile tsa dirisediwa go kuketsa kgotlhang [ntwa ya semorafe].” Ga go belaetse gore o ile wa utlwa mafoko a a tshwanang a buiwa ke makoko a thuso a a dirang tiro e e tshwanang le eo.
12. Tharabololo e e yosi ya mathata a lefatshe le lebaneng le one gompieno ke efe?
12 Leuba ke bothata jo bo tlhokang go rarabololwa ka bonako. Lefa go le jalo, ke bomang bao gompieno ba bolelang gore masetlapelo a gompieno a leuba le ntwa a diragatsa boperofeti jwa ga Jesu Keresete, ba supa gore tsamaiso ya gone jaanong ya dilo e tlile go fela? (Mathaio 24:3, 7) Ke bomang bao ba ileng ba anamisa bosupi joo bo amanyang ditiragalo tseo le go pagama ga bapagami ba banè ba dipitse bao ba supiwang ka phepafalo fela mo bukeng ya Bibela ya Tshenolō, kgaolo 6? Basupi ba ga Jehofa ba ile ba nna ba dira jalo ba sa kgaotse mo go lone lokwalopaka lono. Ka ntlhayang? Go bontsha gore motho ga a kake a ntsha tharabololo e e ka rarabololelang mathata ruri. Mme seno ga se reye gore Bakeresete ga ba amege ka mathata a lefatshe. Ga go a nna jalo ruri. Ba kutlwelobotlhoko mme ba dira sotlhe se ba ka se kgonang go fokotsa pogo. Lefa go le jalo, ga ba tile ntlha ya gore mathata a lefatshe ga a kake a rarabologa fa Modimo o sa tsenelele. Fela jaaka bahumanegi, mathata ano a tla nna a le gone fa Satane e santse a lesitswe go tswelela e le mmusi wa lefatshe leno.—Mareko 14:7; Yohane 12:31.
Tiro E E Botlhokwa go Gaisa
13. Ke tiro efe e e tshwanetseng go dirwa ka bonako gompieno, mme ke bomang ba ba e dirang?
13 Selo sa botlhokwa thata gompieno ke go rera mafoko a a molemo a Bogosi jwa ga Jehofa Modimo joo bo tla tlogang bo tseela mebuso yotlhe ya lefatshe sebaka mme bo tlisetsa batho ba ba boifang Modimo kgololesego e ba e eletsang. (Daniele 2:44; Mathaio 24:14) Boikaelelo jo bogolo mo botshelong jwa ga Jesu Keresete e ne e le go rera ka Bogosi jwa selegodimo, lemororo a ne a rera fela mo nageng ya Palesetina. Gompieno, go rerwa mo lefatsheng ka bophara, fela jaaka Jesu a ne a bolela gore go tla dirwa. (Yohane 14:12; Ditihō 1:8) Go nna le seabe mo go seno, lefa e ka nna se sennye jang mo tirong eno ya Modimo, ke tshiamelo e e ka se kang ya lekanngwa le epe. Banna le basadi, bannye le bagolo ka go tshwana, bao ka nako nngwe ba neng ba sa akanye gore ba ka nna bareri ba mafoko a a molemo jaanong ba di goga kwa pele mo tirong ya boefangele e e dirwang ke Basupi ba ga Jehofa gompieno. Jaaka Noa le lelapa la gagwe, ba dira tiro e Modimo O ba romileng go e dira ka boikanyego, me ka gone ba dira ka nonofo ya Gagwe jaaka kgato e e etelelang pele bokhutlo jwa tsamaiso eno ya dilo.—Bafilipi 4:13; Bahebera 11:7.
14. Go rera go boloka matshelo jang ebile ka nako e e tshwanang go sireletsa jang?
14 Tiro ya go neela bosupi ya Basupi ba ga Jehofa gompieno e boloka matshelo a ba ba reetsang ba bo ba tsaya kgato ka mafoko a a molemo ao ba a utlwang. (Baroma 10:11-15) Gape e sireletsa bao ba rerang. Ka go thusa batho bao ba nang le mathata a a fetang a rona ka tlhoafalo, ga re amege thatathata ka mathata a re nang le one. Re lemoga gore lefatshe leno leo ditekanyetso tsa lone di ntseng di wela kwa tlase le tla rata go re fetola gore re dire go ya ka ditsela tsa lone. Ka jalo go tlatsa dikakanyo tsa rona ka dikgopolo tsa Modimo fa re ntse re rera go dira mo go fetang go nonotsha tumelo ya rona fela; go re direla molemo tota. Ke fela jaaka Mosupi mongwe a ne a bua ka seno jaana: “Fa ke sa leke go fetola batho ba ke kopanang le bone, ba ka mphetola!”—Bapisa 2 Petere 2:7-9.
Go Dira le Phuthego
15. Ke boikarabelo bofe jo badisa ba babotlana ba bo neetsweng gompieno, mme maloko a senna a phuthego a tshwanetse go ikutlwa jang kaga 1 Timotheo 3:1?
15 Fa batho ba ba sa tswang go kgatlhega bosha ba tla mo phuthegong, ba tlhokomelwa ke Modisa yo Mogolwane, Jehofa Modimo, le Modisa wa gagwe yo o Molemo, Jesu Keresete. (Pesalema 23:1; Yohane 10:11) Badisa bano ba selegodimo ba emetswe ke badisa ba babotlana ba ba ikanyegang ba letsomane mo lefatsheng, banna bao ba tlhophiwang mo phuthegong. (1 Petere 5:2, 3) Go dira tiro eo ke tshiamelo e e tlhotlhwakgolo tota mo metlheng eno ya bofelo. Tiro ya bodisa e bokete tota, ga e akaretse fela go etelela pele mo go ruteng mo phuthegong le mo boefangeleng mme gape le mo go sireletseng letsomane mo dilalomeng tsa semoya le mo maemong a a tlhaselang jaaka sefefo a lefatshe leno le re tshelang mo go lone. Go na le tiro e e molemo bogolo eo maloko a banna a a mo phuthegong a ka nnang a e gagabelela ya go thusa go tlhokomela boitekanelo jwa semoya jwa maloko a phuthego e e oketsegang ya Bokeresete.—1 Timotheo 3:1; bapisa Isaia 32:1, 2.
16. Badisa ba Bakeresete ba tlatsana jang?
16 Lefa go ntse jalo, ga re a tshwanela le ka motlha ra lebala gore badisa ba ba ntseng jalo ke batho, ba ba nang le botho jo bo farologaneng le makoa a a tshwanang le a letsomane lotlhe. Lemororo mongwe a ka nna a tlhomologa mo dikarolong tse dingwe tsa bodisa, dineo tsa yo mongwe di tla solegela phuthego molemo ka sengwe se se farologaneng. Ba tlatsana mo tirong jaaka bagolwane ba Bakeresete le mo go nonotsheng phuthego. (1 Bakorintha 12:4, 5) Ga ba a tshwanela le ka motlha ba letla moya wa kgaisano go tsena mo go bone. Ba dira mmogo go sireletsa le go tsweledisa dikgatlhego tsa Bogosi pele, “ba choleditse mabōgō a a itshepileñ” ba rapela Jehofa, ba kopa gore a ba segofatse a bo a ba kaele mo dipuisanong le mo ditshwetsong tsotlhe tsa bone.—1 Timotheo 2:8.
17. (a) Re na le boikarabelo bofe? (b) Ke dilo dife tseo re tlhokang go di dira fa re batla go dira tiro ya rona ka botlalo?
17 Tiro ya go rera jaanong e tsamaya ka lobelo lo lo oketsegileng jaaka bokhutlo jwa puso ya ga Satane jaanong bo atamela. Re tshwanetse go anamisa mafoko a a molemo ka nako nngwe le nngwe e re e bonang, ereka re tshotse boammaaruri jwa Lefoko la ga Jehofa Modimo ebile re le Basupi ba gagwe. Re na le tiro e ntsi tota e e tla re tsholang re tshwaregile go fitlha kwa bokhutlong. A le ka motlha re se ka ra itetla gore re tsiediwe ke kgopolo ya go tshelela menate, ya boitsholo jo bo sa siamang kana re imelwe ke go rata dilo tse di bonalang. Ga re a tshwanela go amega mo go akanyetseng dilo, re tatalalana ka mafoko, ka seno se sena mosola ebile se senya nako. (2 Timotheo 2:14; Tito 1:10; 3:9) Fa barutwa ba ne ba botsa Jesu ba re, “A u bosetsa Iseraela bogosi ka baka lono?” Jesu o ne a busetsa ditlhaloganyo tsa bone gape mo tirong e e botlhokwa thata e ba neng ba na le yone a re: “Lo tla nna bashupi ba me mo Yerusalema, le mo lehatshiñ yeotlhe ya Yudea le ya Samaria, le go ea hèla kwa sekhutloñ sa lehatshe.” Thomo eo e santse e le jalo le gompieno.—Ditihō 1:6-8.
18. Ke ka ntlhayang fa go dira le Jehofa go duela?
18 Go dira le Jehofa, go rera le phuthego ya gagwe e e mo lefatsheng ka bophara gompieno, go lere boitumelo, kgotsofalo, le go nna le boikaelelo jwa mmatota mo botshelong. Ke tshono eo mongwe le mongwe yo o ratang Jehofa a supang boineelo jwa gagwe le boikanyego jwa gagwe mo go ene ka yone. Tiro eno ka dikarolo tsa yone tse dintsi ga e kitla e boelediwa. Ereka tebelelo ya botshelo jo bo sa khutleng e larile fa pele ga rona fela ka phepafalo, a ka boikanyego re tsweleleng re ‘direla Modimo tiro e e kgatlhang ka tshisimogo le poifo,’ go mmaka le gore a tle a re boloke.—Bahebera 12:28.
Dikarabo tsa Gago Ke Dife?
◻ Jesu o ne a bona boitumelo le kgotsofalo mo tirong efe?
◻ Ke bomang bao ba leng kgatlhanong le tiro ya ga Jehofa, mme ka ntlhayang?
◻ “Ditiro tse di molemo” ka tsela ya lefatshe di ntse jang fa di bapisiwa le go rerwa ga mafoko a a molemo a Bogosi jwa Modimo?
[Setshwantsho mo go tsebe 18]
Jesu o ne a roma barutwa ba gagwe gore ba tsamaye go ya go rera