LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w91 5/15 ts. 28-31
  • A o Ka Itumela Fa o Na Le Tiro e Ntsi go e Dira?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • A o Ka Itumela Fa o Na Le Tiro e Ntsi go e Dira?
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1991
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Dilo Tseo Re Di Fitlhelelang Di Lere Boitumelo
  • Boloka Tekatekano
  • Ditsela Tse Di Dirang tsa go Boloka Tekatekano
  • Atlhola Dilo ka Tsela E E Molemo
  • A o Mmulatsela yo o Tekatekano?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1996
  • A o Tshwaregile Thata?
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—1996
  • Tshela Botshelo Jo Bo Nang le Tekatekano, Jo Bo Motlhofo
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1989
  • Kgakololo e e Botlhale E e Ka re Thusang mo Botshelong
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2022
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1991
w91 5/15 ts. 28-31

A o Ka Itumela Fa o Na Le Tiro e Ntsi go e Dira?

BONTSI jwa rona bo tshela bo tshwaregile, gantsi ebile re le mo lobelong. Mathata a re nnang nao ka metlha a botshelo jwa motlha wa segompieno a batla gore re nne re dira maiteko ka metlha a gore re kgone go lepalepana le one. Banna ba ba nyetseng le borrabana ba tshwanela go dira boikarabelo jo bo potlakileng jwa malapa, bahiri, le ba bangwe. Basadi ba ba nyetsweng le bommabana ba tshwanetse go tlhokomela dilo tsa lelapa tse malapa a bone a di tlhokang mmogo le go dira tiro nngwe ya go itshedisa. Batho ba babotlana le bone ba mo kgatelelong ya go lepalepana le maikarabelo mangwe a lelapa fa ba ntse ba ithuta gore ba ipaakanyetse go nna le seabe mo setšhabeng.

Mme go tweng ka bangwe ba rona ba ba neetseng matshelo a bone mo go Jehofa Modimo e le Basupi ba gagwe ba ba kolobeditsweng? Mo godimo ga dilo tse di batlegang mo go rona, moaposetoloi Paulo o re kgothatsa jaana: “Me ke gōna ba ga echo ba ba ratègañ, lo tlhōmamè, lo nitamè, lo nntse lo totahetse mo tihoñ ea Morèna ka metlha eotlhe, ka lo itse ha tihō ea lona e se ketla e nna lehèla mo Moreneñ.” (1 Bakorintha 15:58) Ee, bontsi jwa boikarabelo jo bongwe jo bontsi ke karolo ya dilo tseo di batlegang mo kobamelong ya boammaaruri. Re ka dira boikarabelo jwa rona ka botlalo jang le go nna le kagiso ya mogopolo le go lebelela dilo tse di kwa pele re itumetse?

Dilo Tseo Re Di Fitlhelelang Di Lere Boitumelo

Boitumelo—go ikutlwa sentle kana go ikutlwa o kgotsofetse—bo amana thata le go atlega mo go direng maikarabelo a botshelo. Fa re kgona go dira maikarabelo a rona a letsatsi le letsatsi ka tsela e e matsetseleko, re dira dilo ka nako le ka thulaganyo, re ikutlwa tota gore re dirile sengwe ebile re kgotsofetse. Ke kafa dilo di tshwanetseng go nna ka gone mme seo se oketsa boitumelo jwa rona.

Jehofa Modimo le ka motlha ga a ise a ko a ikaelele gore boikarabelo jwa rona e nne mokgweleo o o bokete. Go na le moo, ga a bolo go nna a eletsa gore re ‘je monate ka letsapa jotlhe ja rona.’ (Moreri 3:12, 13) Fa re dira tiro ya rona ka boitumelo, gantsi re kgona go dira dilo tse dintsi. Re dira fela jaaka re laelwa mme re dira le ba bangwe ka kagiso. Kafa letlhakoreng le lengwe, fa re sa itumela, tiro ya rona e a re lapisa—ka dinako tse dingwe e nna seomodiro fela, e lapisa pelo, le eleng go re tshwenya mo maikutlong. Seno se dira gore re nne le mekgwa mengwe e e dirang gore re se ka ra dira ka tsela e e lekaneng le ditlhaloganyo tsa rona di nna di akantse dilo tse di phoso. Botshelo e nna ntwa ya letsatsi le letsatsi jaaka re leka go dira dilo tse re tshwanetseng go di dira. Lefa go ntse jalo, fa re ka kgona go bona tsela ya go itumelela seo re se dirang, re ka kgona go tshela ka tsela e e duelang le e e kgotsofatsang tota.

Boloka Tekatekano

Re tlhoka go lekalekana fa re batla go itumela lemororo re na le tiro e ntsi. Mme go boloka tekatekano ke eng? Ke “go ritibala mo tlhaloganyong le mo boikutlong.” Motho yo o bolokang tekatekano o leka go dira dilo ka thulaganyo. O rulaganyetsa dilo kwa pele, o tila go beela ditiro kwa thoko go di dira moragonyana, mme ga a feteletse sepe. Totatota o supa boikgapo mo dijong, dinong, boitshidilong jwa mmele, mo tirong e e dirwang fa go iketlilwe, le fa go itlosiwa bodutu. Totatota, o supa go “tshela ka tekanō mo diloñ cotlhe”!—1 Bakorintha 9:24-27; bapisa Tito 2:2.

Thapelo e thusa thata mo go bolokeng tekatekano ya Bokeresete. Motlhanka wa ga Jehofa a ka rapelela moya o o boitshepo wa Modimo le gore Rraagwe wa selegodimo a mo thuse go supa maungo a one, go akaretsa le boikgapo. (Luke 11:13; Bagalatia 5:22, 23) Mokeresete o tshwanetse go rapela Modimo segolobogolo fa a lekwa ka sengwe se se tshosetsang go mo latlhisa tekatekano ya gagwe. “Pitikèla tsela ea gago mo go Yehofa; u bo u mo ikanyè, me o tla go dihatsa,” mopesalema Dafide o ne a bolela jalo. (Pesalema 37:5) Ka dinako tse dingwe re ka nna ra tlhoka go rapela jaaka Dafide a ne a kopa jaana: “A ko u nkakohèlè, Modimo; wèna u thushō ea me, le mogolodi oa me; Yehofa, u se ka ua dièga gopè.” (Pesalema 70:5) O se ka wa lebala le ka motlha ope gore thapelo e ka go thusa gore o kgone go nna o lekalekane le go ipelela ‘kagiso ya Modimo e e fetang tlhaloganyo yotlhe, e e dibelang dipelo tsa rona le megopolo ya rona.’—Bafilipi 4:6, 7.

Mokeresete yo o lekalekaneng o akanya dilo sentle gonne o ikaegile ka Jehofa ebile o na le kagiso ya Modimo. (Tito 2:11, 12) Seo se dirwa ke gore o kgona go gakologelwa melaometheo ya Bibela sentle le go e dirisa mo botshelong jwa gagwe. Motho yo o ntseng jalo ga se moitimokanyi, kana yo o sianelang go atlhola. Go se feteletse dilo go mo dira gore a se ka a baya dikgopolo tsa gagwe kwa pele kana a nna tlhogoethata. O a ikoba mme ga a ikgodise ka dilo tseo a kgonang go di dira, mme seno se dira gore a kgone go dirisana sentle le ba bangwe. (Mika 6:8) Se se kgatlhang ke gore dinonofo tse di dirang gore motho a nne tekatekano di tlhokega gape mo go bao ba tlhophilweng go nna balebedi mo phuthegong ya Bokeresete.—1 Timotheo 3:2, 3.

Re ka oketsa boitumelo jwa rona ka go lwela go nna re lekalekane mo ditirong tsa rona tsa letsatsi le letsatsi. Re ka kgona go dira dilo tse di mosola kwantle ga go dira ka natla kana go tshwenyega thata mo boikutlong fa re supa dinonofo tse di amanang thata le go lekalekana. Mokgwa wa rona wa botshelo o tla re supa fa re nitame, mme re tla kgona go dira dilo tse dintsi. Ba bangwe ba tla itumelela go nna le botsalano le rona, mme re tla kgotsofala le go itumela ka tsela e e oketsegileng. Mme ke ditsela dife tse dingwe tse di dirang tsa go boloka tekatekano?

Ditsela Tse Di Dirang tsa go Boloka Tekatekano

Re tshwanetse go leka go nna bofefo le go rulaganya dilo tseo e leng tsa rona ka namana fa re batla go boloka tekatekano. Re tlhoka go rulaganyetsa dilo kwa pele, re dire dilo ka thulaganyo le ka tatelano. Bao ba sa kgoneng go rulaganya dilo sentle le bao ba ratang go beela ditiro kwa thoko go di dira moragonyana gantsi ba tlhakatlhakanya matshelo a bone mme ba ikokeletsa go opiwa ke tlhogo le go tshwenyega. Fa re atlega mo karolong eno ya botshelo go tla re thusa gore re ikutlwe gore ke rona re laolang dilo go na le go ikutlwa re palelwa ke go laola maemo.

Ga re a tshwanela go leka go dira sengwe le sengwe fela ka borona. Bao ka metlha ba sa batleng gore ba bangwe ba ba thuse gantsi ba lapa thata mo mmeleng le go tlalelwa. Go na le ditiro tse dintsi tseo re ka di direlwang ke ba bangwe. Ka gone, go botlhale go dirisa dikgono tsa bao ba batlang go re thusa. Kwantle ga go tlhofofatsa morwalo wa rona, seno se ka tlhotlheletsa bao ba eletsang go nna ditsala tsa rona.

Ga go botlhale go itshwantsha le bao ba ka tswang ba kgona go dira go go oketsegileng. Go leka go itshwantsha le ba gongwe ba lebegang ba dira dilo tse di fetang tsa rona go ka kgoba motho marapo, ga senya boikaelelo jwa rona le go itshepa ga rona. “Me a motho moñwe le moñwe a sekasekè e e leñ tihō ea gagwè,” Paulo o ne a kwala jalo, “me hoñ o tla bōna go ipelahatsa kaga gagwè ka esi, me e señ kaga oa ga gabō.” (Bagalatia 6:4) Gakologelwa gore modiri yo o tseelwang kwa godimo ke yoo a latelang dikaelo, yoo ritibetseng le yo a ikanngwang, ebile a dira tiro ya boleng tota. Fa e le gore re ntse ka tsela eo, tiro ya rona e tla itumelelwa le go batliwa thata.—Diane 22:29.

Re tshwanetse go tlhokomela boitekanelo jwa rona. Ke nngwe ya dilo tsa botlhokwa thata tse re nang natso ka go bo fa re sa itekanela sentle ga re kake ra kgona go dira sepe se se kalo. Ka gone, re tshwanetse go leka go ja dijo tse di itekanetseng ka go ja dijo tse di nang le dikotla. Re tshwanetse go ikhutsa ka selekanyo se se siameng, re robale go ise go nne bosigo thata. Fa re ikutlwa re lapile thata kana re utlwa gore re tsenwa ke bolwetsi ga re a tshwanela go ikgoga fela; re ka nna ra ikgobatsa tota.

Go botlhokwa gore re itise gore re se nne le mokgwa wa go ngongorega. Fa re itetla go akanya ka tsela e e sa tshwanelang, re tla iphitlhela re tshwaya sengwe le sengwe le mongwe le mongwe phoso. Eleruri re tla tlhoka boitumelo re bo re bo tlhokisa ba bangwe. Go na le go seba le go ngongorega ka seo re akanyang gore ga se a siama, re tshwanetse go bolelela bao ba ikarabelelang ka kgang eo mme re bo re tlogelele bone gore ba baakanye dilo. (Bapisa 1 Bakorintha 1:10-12.) Re tla bo re supa botlhale fa re nna re solofetse dilo tse di molemo, ka metlha re batla dilo tse di molemo le go lebelela go bona dilo tse di molemo mo go ba bangwe le mo dilong tse di re diragalelang tse di amang matshelo a rona.—Bapisa Yude 3, 4, 16.

Fa re rulaganya dilo tse re batlang go di dira, re tshwanetse go gakologelwa gore re ka nna ra fitlhelela selekanyo se se kwa godimodimo ka go dira dilo ka lobelo, mme ga re kake ra nna ra dira dilo ka lobelo lo lo tshwanang ka lobaka lo loleele. Go tlhola o dirile ka natla go feta nonofo ya gago go ka se go lapise fela gape go ka go kgoba marapo mme ga dira gore o se tswelele pele. Ka gone, a re direng dilo ka lobelo lo re ka kgonang go dira dilo ka lone ka metlha. Ka sekai, go molemo gore o nne le thulaganyo e o tla e kgonang ya go nna le seabe ka metlha mo tirong ya go rera ka ntlo le ntlo le mo dikarolong tse dingwe tsa bodihedi jwa Bokeresete. Re tshwanetse ra nna le nako ya go ikhutsa le ya go itlosa bodutu. Mme re tla fitlhela go thusa thata go bua le batho ba bagolo bao ba nang le boitemogelo jwa masome a mantsi a dingwaga, ka go bo ba ka tswa ba ithutile mekgwa ya go dira dilo tse di tlhokegang kwantle ga go lapa mo mmeleng kana mo boikutlong.

Atlhola Dilo ka Tsela E E Molemo

Go siame gore re ikutlwe re tshwanetse kana re eletsa go dira boikarabelo jotlhe jo re bo neilweng, go akaretsa le jwa mo phuthegong ya batho ba ga Jehofa. Modimo o itumelela badiri ba ba tlhaga, le ba a ka ba ikanyang. (Bapisa Mathaio 25:21; Tito 2:11-14.) Mme Dikwalo di kgothatsa jaana: “U chwarè botlhale yo bo itekanetseñ le pharologanyō.” (Diane 3:21) Re tla solegelwa molemo fa re dirisa botlhale jwa Bibela mme re tlhoka go dirisa kakanyo ya rona le go atlhola dilo sentle, re rulaganya dilo ka kelotlhoko mme re sa dire sepe se se fetang nonofo ya rona.

Kgothatso ya go dira go le gontsi mo tirong ya Morena e tshwanetse ya lekalekanngwa le tlhagiso e e boletsweng mo go Moreri 9:4. E balega jaana: “Nca e e tshedileñ e molemō bogolo go tau e e shuleñ.” Ee, ntšwa e e tshelang, lemororo bangwe ba e nyatsa, e botoka go na le tau e e suleng, e e leng phologolo eo batho ba bantsi ba e tsayang e le maatla tota. Fa re lekalekanya dilo mme re tlhokomela boitekanelo jwa rona sentle, re tla tshela mme re tla tswelela re ntse re dira. Baswi ga ba kake ba tlhola ba dira tiro epe. Go atlhola dilo sentle go ka re thusa gore re kgone go lekalekanya dilo sentle ka tsela eo re tla kgonang go dira dilo tse di botlhokwa kwantle ga go latlhegelwa ke boitumelo.

Ka jalo he, ga go reye gore ga re kake ra itumela fa re na le tiro e ntsi. Batho ba ba dirang ka natla ba ka nna batho ba ba itumetseng go gaisa fa fela ba akanyetsa, ba na le pono e e siameng, le go atlhola dilo sentle gore ba nne ba ntse ba lekalekane. Re ka nna le boitumelo jo bo gaisang fa re supa botlhale, re dira ditiro tse di molemo, le go baya tsholofelo ya rona mo go Jehofa Modimo.—1 Timotheo 6:17-19.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela