Kafa re ka Swelang Lobaka Molemo ka Gone
1 Go dira mo gontsi mo tirelong ya ga Jehofa go re dira gore re nne re tshwaregile! (1 Bakor. 15:58) Re lemoga gore go a tlhokega go ithuta ka namana le jaaka lelapa, go bala Baebele letsatsi le letsatsi, go baakanyetsa le go nna gone kwa dipokanong tsa phuthego, le go nna le seabe ka metlha mo bodireding jwa tshimo. Balebedi ba na le maikarabelo a go disa, le go tlhokomela ditiro tse dingwe tsa phuthego. Bangwe ba na le maikarabelo a a bokete a lelapa kana dilo tse di farologaneng tse ba tshwanetseng go di direla ba bangwe. Gore mongwe le mongwe a kgone go dira sengwe le sengwe ka botlalo, o tlhoka go nna tekatekanyo le go rulaganya dilo sentle ka namana.
2 Baya Dilo Tsa Botlhokwa Kwa Pele: Go atlega ga rona go ‘swela lobaka molemo’ go ikaegile ka temogo ya rona le go dira tshwetso e e siameng. (Baef. 5:15, 16) Re tshwanetse go tlhomamisa gore “dilo tse di molemo” ke dife mme re be re di baya gore e nne tsone tsa ntlha mo lenaaneng la rona la dilo tse di botlhokwa. (Bafil. 1:10) Banyalani bangwe ba ne ba tlhalosa lelapa la bone le le laolwang ke puso ya Modimo ka tsela eno: “Re dira gore boammaaruri bo nne tsela ya rona ya botshelo . . . Boammaaruri ga se bontlhanngwe jwa botshelo jwa rona, ke botshelo jwa rona. Sengwe le sengwe se ikaegile ka jone.” Go botlhokwa gore motho a beye kobamelo ya ga Jehofa le go mo direla e le dilo tsa ntlha mo botshelong jwa gagwe.
3 Tshwaya Dilo Tse di Senyang Nako: Beke e na le diura di le 168, mme re tlhoka go dirisa nako e re nang le yone ka botlhale. E le gore re nne le nako e ntsi mo dilong tsa puso ya Modimo, re tlhoka go tshwaya le go fokotsa dilo tse di re senyetsang nako. Nngwe ya dipatlisiso e senotse gore mogolo yo o tlwaelegileng kwa United States o fetsa diura di ka feta 30 ka beke a lebeletse thelebishene! Ba bangwe, ba ja nako e ntsi ba bala dibuka tsa lefatshe. Bangwe ba lemogile gore ba senya nako e ntsi mo ditirong tsa boitlosobodutu, boitapoloso, kana mefuta mengwe ya tiro ya khomputara. Re ka nna ra tlhoka go tlhatlhoba thulaganyo ya rona ya ka metlha go bona gore re ka dirisa jang nako ya rona ka tsela e e molemonyana. Botlhale bo re tlhoka gore re ipeele melelwane ya gore re dirisa nako e kae mo ditirong tse di seng botlhokwa.
4 Nna le Thulaganyo e e Molemo ya ka Metlha: Go sa kgathalesege maemo a motho ka namana, mongwe le mongwe wa rona a ka kgona go swela lobaka molemo go dira dilo tsa semoya. Bangwe ba lemogile gore fa ba simolola letsatsi lengwe le lengwe ka go tsoga go sa le gale mo mosong go ba thusa gore ba dire go le gontsi. Fa re fetsa nako e ntsi re ya tirong kana re letile ba bangwe, re ka dirisa bontlhanngwe jwa nako eo re dira mmalo wa Baebele, re baakanyetsa dipokano, kana re reeditse tshedimosetso e re e newang ke Mokgatlho ka dikhasete. Malapa a solegelwa molemo thata ke go beela nako e e rileng ka metlha kwa thoko go ithuta mmogo. Fa mongwe le mongwe yo e leng karolo ya lelapa a nna gone ka metlha mo thutong ya lelapa, seno se naya mongwe le mongwe nako e ntsi.
5 Letsatsi lengwe le lengwe le le fetang, re tshwanetse go tlhokomela ka tlhoafalo gore “lobaka lo khutshwafetse.” (1 Bakor. 7:29) Botshelo jwa rona bo ikaegile ka gore re dirisa jang nako e e botlhokwatlhokwa e e setseng. Re tla segofala fa re swela lobaka molemo e le gore re tle re boloke dilo tse di amanang le dilo tsa Bogosi mo maemong a ntlha!—Math. 6:33.