Go Bolela Mafoko a a Molemo ka Boikutlo jo bo Siameng
1Rotlhe re batla go bona boitumelo le go swetsa se re se dirang, segolobogolo mo tirong ya go dira barutwa. Ke eng se se re tlisetsang kgotsofalo e e ntseng jalo? Go simolola ka go nna le boikutlo jo bo siameng jwa mogopolo fa re ntse re tshwaregile mo tirong e e mosola ya go thusa ba bangwe. (Dia. 11:25) Maitseo a rona fa re bolela mafoko a a molemo a tshwanetse go bontsha gore tota re dumela se re se buang. Fa re bua go tswa mo pelong, go tla bonala sentle gore re bua ka bopeloephepa e bile re dumela se re se buang tota. (Luke 6:45) Ka go baakanyetsa puisano ya rona, re tla ikutlwa re itshepa thata fa re bua le batho kwa tshimong. Seno se tla nna botlhokwa thata ka September fa re tsamaisa dibuka tsa O ka Tshelela Ruri mo Lefatsheng la Paradaise kana Go Dira Botshelo Jwa Lelapa la Gago go Itumedisa. O ka nna wa fitlhela dikakantsho tse di latelang di thusa fa o bolela mafoko a a molemo ka boikutlo jo bo siameng.
2 Fa o tsamaisa buka ya “Tshelela Ruri” o ka nna wa bua jaana mo loetong lwa ntlha:
◼ “Fa ke ntse ke buisana le baagelani, ke tlhokometse gore bontsi jwa bone ba eletsa gore go nne le tikologo e e sireletsegileng le lefatshe le le nang le kagiso. O akanya gore ke ka ntlha yang fa motho a paletswe ke go fitlhelela maemo a a ntseng jalo? [Letela karabo.] Babusi bangwe ba ka nna ba bonala ba ikanyega e bile ba dira melemo mengwe e e rileng, mme tlhokomela seo Baebele e re gakololang ka sone ka botlhale.” Bala Pesalema 146:3, 4; o bo o botsa jaana: “A go na le mongwe yo o ka kgotsofatsang ditlhoko tsa batho?” Bala ditemana 5 le 6. Bontsha ditshwantsho tse di mo ditsebeng tsa 156-8 mo bukeng ya Tshelela Ruri, bontsha ka melemo ya puso ya Modimo. Tsamaisa buka ka moneelo o o akantshitsweng.
3 Fa e le gore mo loetong lwa ntlha lo tlotlile ka bolaodi jwa Modimo, o ka leka kakantsho eno mo loetong lwa go boela:
◼ “Fa ke ne ke le fano mo malatsing a le mmalwa a a fetileng, re ne ra tlotla ka go palelwa ga batho go tlisa kagiso ya mmatota mo lefatsheng. O ka gakologelwa gore re bone lebaka leo Baebele e re nayang lone ka go palelwa mo go ntseng jalo. [Bala Pesalema 146:3 gape.] A o tlhokometse lebaka la gore ke eng fa Modimo o re gakolola gore re se ka ra ikanya batho? [Letela karabo.] Gongwe o a dumela gore re ka solofela tharabololo ya goyagoile fela kwa Modimong. Lebaka la go bo re ka nna le tshepo e e ntseng jalo le tlhalositswe mo go Pesalema 146:10. [E bale.] Fa re batla go nna babusiwa ba Bogosi jwa Modimo re tshwanetse ra dirang?” Bula tsebe 128 mo bukeng ya Tshelela Ruri, bala serapa 5, mme o tlhalose Johane 17:3. Kopa go mmontsha kafa dimilione tsa batho di boneng kitso e e isang botshelong jo bo sa khutleng ka teng ka go ithuta Baebele. Fa a go letlelela mmontshe buka ya Kitso mme o simolole thuto.
4 O ka nna wa leka puisano eno fa o tsamaisa buka ya “Botshelo jwa Lelapa”:
◼ “Fa re ntse re buisana le baagelani ba rona re fitlhetse gore ba bantsi ba batla botshelo jo bo itumedisang jwa lelapa. O akanya gore ke eng se se neng se ka thusa batho gore ba bone boitumelo jo bogolwane mo botshelong jwa bone jwa lelapa? [Letela karabo.] A ga o dumele gore go ne go ka nna molemo go reetsa se Mmopi wa lelapa a se buang? O tlhomile dikaelo tse di tlhokegang mo Baebeleng. Melaometheo eno go buiwa ka yone mo bukeng eno ya Go Dira Botshelo Jwa Lelapa la Gago go Itumedisa. Tlhokomela ditlhogo tse di farologaneng tse go tlotliwang ka tsone. [Mmontshe diteng tsa yone.] Buka eno gape e bontsha tharabololo ya goyagoile ya mathata a batho. Re tlogelela batho buka eno ka R3,50 fela.”
5 Fa o boela go batho ba o ba tsamaiseditseng buka ya “Botshelo jwa Lelapa,” o ka nna wa rata go bua jaana:
◼ “Mo malatsing a le mmalwa a a fetileng re tlotlile ka tsela e go reetsa Mmopi wa rona go ka thusang go rarabolola mathata a lelapa ka gone. A o etse tlhoko gore dikgatelelo tsa letsatsi le letsatsi le mathata di tlisa kgwetlho ya mmatota mo malapeng gompieno? [Letela karabo.] Tlhokomela se Mosimolodi wa lenyalo a neng a se bolelela batho ba ntlha ba babedi.” Bala Genesise 1:28 mme o bo o bula tsebe 8 mo bukeng ya Botshelo Jwa Lelapa mme o bo o tsweletsa motlotlo wa gago, o dirisa dintlha tse di tlhophilweng mo dirapeng 11-13. Buelela thuto ya Baebele. Fa a e amogela, simolola thuto mo bukeng ya Kitso.
6 Fa o bereka mo mabenkeleng, o ka nna wa dirisa tsela eno e khutshwane ka buka ya “Tshelela Ruri”:
◼ “Gompieno re dira tirelo e e kgethegileng go batho ba dikgwebo ba ba mo tikologong eno. Rotlhe re amegile ka go oketsega ga bokebekwa le thubakanyo mo lefelong la rona. A o akanya gore go na le mongwe yo o nang le tharabololo ya mmatota ya bothata jono? [Letela karabo.] Modimo o na le tharabololo.” Bula tsebe 157 ya buka ya Tshelela Ruri; bala mme o bo o akgela ka Diane 2:22. Mmontshe setlhogo se se mo go kgaolo 19, o bo o tsamaisa buka ka moneelo o o akantshitsweng.
7 Fa o dira loeto lwa go boela kwa mothong wa kgwebo yo o mo tsamaiseditseng buka ya “Tshelela Ruri,” o ka nna wa bua seno: ◼ “Fa ke ne ke etile la bofelo fano, ke ne ka umaka gore Modimo ke ene fela yo tota a nang le tharabololo ya goyagoile ya bokebekwa le thubakanyo. Go ya ka se a se solofeditseng, re ka tshepa gore lefatshe la kagiso le tla nna gone.” Bala serapa 4 mo tsebeng ya 159 mo bukeng ya Tshelela Ruri, go akaretsa Pesalema 37:37, 38. Akgela ka ditshwantsho tse di mo tsebeng ya 158. Buelela thuto ya mahala ya Baebele, e e ka tshwarelwang mo lefelong la bone la kgwebo kana kwa legaeng la bone.
8 Jaaka “badiri mmogo le Modimo” re na le lebaka le le utlwalang la go nna le boikutlo jo bo siameng fa re bolela mafoko a a molemo. (1 Bakor. 3:9) Fa re boloka boikutlo jono re tla bona masego a magolo a ga Jehofa.