Aga Botshelo Jwa Gago mo Tirelong ya ga Jehofa
1 Jesu o ne a tshwantsha bareetsi ba gagwe le mefuta e mebedi ya baagi. Yo mongwe o ne a aga tsela ya gagwe ya botshelo mo motheong wa letlapa o e leng go utlwa Keresete mme o ne a kgona go emalana le difefo tsa kganetso le pitlagano. Yo mongwe ene o ne a aga mo motlhabeng o e leng go tlhoka kutlo ga bopelotshetlha, mme ga a ka a kgona go emelana le dikgatelelo. (Math. 7:24-27) E re ka re tshela mo bokhutlong jwa tsamaiso eno ya dilo, re bona difefo di le dintsi tse di re utlwisang botlhoko. Kwa pelenyana ga rona re bona sepitla se segolo se se boifisang se tla ka lobelo lo logolo. A re tla itshoka go fitlha kwa bokhutlong tumelo ya rona e sa ntse e itekanetse? (Math. 24:3, 13, 21) Go ikaegile thata ka gore re aga jang matshelo a rona gone jaanong. Ka jalo, go potlakile gore re ipotse, ‘A ke aga botshelo jwa me jwa Bokeresete ka nitamo mo go direleng Modimo ka kutlo?’
2 Go kaya eng go aga matshelo a rona mo tirelong ya ga Jehofa? Go kaya go dira Jehofa motho wa konokono mo matshelong a rona. Go akaretsa go tlhoma mogopolo wa rona mo Bogosing e le selo se segolo thata mo go rona. Go akaretsa go utlwa Modimo mo go sengwe le sengwe se re se dirang mo botshelong jwa letsatsi le letsatsi. Go tlhoka gore re dire ka pelo yotlhe fa re ithuta Baebele ka borona, re e ithuta re le lelapa le re le phuthego le fa re le mo bodireding jwa tshimo, re dire gore dilo tseno e nne tsone tse di tlang kwa pelepele. (Mor. 12:13; Math. 6:33) Go nna le kutlo e e ntseng jalo go tla dira gore o nne le tumelo e e nonofileng jaaka letlapa, e e se kitlang e gosomana fa e tlhaselwa ke difefo tsa tlhokofatso tse di ka nnang tsa re wela.
3 Go a itumedisa go bona batho ba le dimilionemilione ka tshepo ba aga matshelo a bone le ditsholofelo tsa bone ka isagwe mo go direleng Modimo, fela jaaka Jesu a dirile. (Joh. 4:34) Ba ngaparela thulaganyo ya ka metlha ya ditiro tsa puso ya Modimo mme ka ntlha ya moo ba nna le masego a mantsi. Mmè mongwe o tlhalositse kafa ene le monna wa gagwe ba kgonneng ka teng go godisa barwa ba bone ba babedi ka katlego gore ba direle Jehofa: “Re ne ra tlatsa matshelo a rona ka boammaaruri—re ya kwa dikopanong tsotlhe, re baakanyetsa dipokano le go nna teng kwa go tsone le go dira bodiredi jwa tshimo karolo ya ka metlha ya matshelo a rona.” Monna wa gagwe o ne a oketsa jaana: “Boammaaruri ga se karolo ya botshelo jwa rona, ke botshelo jwa rona. Dilo tse dingwe tsotlhe di laolwa ke jone.” A le wena o dirile gore go direla Jehofa e nne selo se se tlang kwa pelepele mo lelapeng la gago?
4 Dira Thulaganyo ya Beke le Beke E o Ka Kgonang go e Fitlhelela: Phuthego ya ga Jehofa e re thusa go nna le thulaganyo e e molemo ya semoya ka go rulaganya dipokano tse tlhano ka beke. Bakeresete ba ba agang matshelo a bone mo go obameleng Jehofa ba rulaganya mabaka a bone a mmereko le a lelapa ka tsela e e tla ba kgontshang go nna teng kwa dipokanong tseno tsotlhe tse di botlhokwa. Ga ba letlelele dilo tse e seng tsa botlhokwa gore di ba kgoreletse go nna teng kwa go tsone ka metlha.—Bafil. 1:10; Baheb. 10:25.
5 Bakeresete ba ba godileng ba lemoga gore fela jaaka go le botlhokwa go ja ka metlha ka dinako tse di rileng letsatsi le letsatsi, fela jalo go botlhokwa go dira thulaganyo e e tlhomameng ya go ithuta ka namana le ya go ithuta lo le lelapa, go akaretsa le go baakanyetsa dipokano. (Math. 4:4) A o ka beela kwa thoko bobotlana metsotso e le 15 kana 20 letsatsi le letsatsi gore o e dirise go ithuta ka namana? Selo se se tla go thusang go dira seno ke gore o se letle dilo tse dingwe go tshwenyatshwenyana le nako e o e beetseng kwa thoko gore o ithute. Go dire tlwaelo e e molemo. Seno se ka tlhoka gore o tsoge phakelanyana moso mongwe le mongwe go feta jaaka o dira gone jaanong. Maloko a le 17 000 a lelapa la Bethele mo lefatsheng lotlhe a tsoga go sa le phakela gore ba tlotle ka temana ya letsatsi. Gone mme, go tsoga phakela go tlhoka gore o robale go sa le gale e le gore o ka simolola letsatsi le le latelang o itekanetse e bile o lapologetswe.
6 Fa o le tlhogo ya lelapa, leka go dira thulaganyo ya lelapa ya ditiro tsa puso ya Modimo. Malapa mangwe a bala Baebele, Yearbook kana kgatiso nngwe mmogo fa ba iketlile morago ga dijo tsa maitseboa. Batsadi ba le bantsi ba ba boneng bana ba bone ba gola go nna Bakeresete ba ba nonofileng semoyeng ba bolela gore selo sengwe se se ba thusitseng go atlega e ne e le gore lelapa le ne le na le tlwaelo ya go beela maitseboa mangwe kwa thoko beke le beke moo ba neng ba ipelela nako e e monate ya semoya ba le mmogo. Rre mongwe yo o dirileng seno o boletse jaana: “Ke akanya gore selo se segolo se se thusitseng bana ba rona go gola semoyeng e ne e le thuto ya rona ya lelapa e re neng re e tshwara ka metlha ka Laboraro maitseboa, e e simolotseng dingwaga di ka nna 30 tse di fetileng.” Bana botlhe ba bararo ba gagwe ba ne ba kolobediwa ba sa ntse ba le bannye mme moragonyana ba tsenela bodiredi jwa nako e e tletseng ka boraro jwa bone. Mo godimo ga thuto ya lelapa, go ka baakanyediwa dipuisano tsa kwa tirelong ya tshimo kana dipokano mmogo, e bile lo ka itumelela ditiro tse dingwe gape tse di molemo lo le mmogo.
7 Mo thulaganyong ya gago ya beke le beke, a o ‘itheketse nako’ ya go rera ka Bogosi? (Bakol. 4:5) Bontsi jwa rona re nna re tshwaregile, re na le maikarabelo a lelapa le a phuthego a re tshwanetseng go a tlhokomela. Fa re sa dire dithulaganyo tse di tlhomameng go nna le seabe mo tirong ya go rera le go ruta beke le beke, go tla nna motlhofo gore dilo tse dingwe di tseele tiro e e botlhokwa eno sebaka. Monna mongwe yo o neng a na le polasi e kgolo ya dikgomo o ne a bolela jaana: “Ka bo1944 ke ne ka lemoga gore tsela fela ya gore ke ye tirelong e ne e le gore ke rulaganye letsatsi le le rileng le ke neng ke tla ya ka lone. Le gompieno ke sa ntse ke tsaya letsatsi le le lengwe mo gare ga beke gore ke ye tirelong.” Mogolwane mongwe wa Mokeresete o fitlhetse gore go nna le thulaganyo e e tlhomameng ya go neela bosupi go dira gore a kgone go dira palogare ya diura di le 15 ka kgwedi mo tirong ya go rera. Fa a na le tiro nngwe e a tshwanetseng go e dira ka Matlhatso, o rulaganyetsa go e bona morago ga tirelo ya tshimo mo mosong. A wena le lelapa la gago lo ka rulaganyetsa go nna le bobotlana letsatsi le le lengwe beke nngwe le nngwe gore lo ye tirelong ya tshimo, lo dira gore seno e nne tsela ya lona ya semoya ya botshelo?—Bafil. 3:16.
8 Sekaseka Tsela e o Tshelang ka Yone: Go na le dilo tse di re kgoreletsang go aga matshelo a rona mo tirelong ya ga Jehofa. Dilo tse re sa di lebelelang di ka kgoreletsa thulaganyo ya rona e e rulagantsweng ka kelotlhoko ya go ithuta, ya dipokano le ya tirelo. Mme Mmaba wa rona, Satane, o tla dira sotlhe se a ka se kgonang go “ema tselana ya rona pele” le go senya dithulaganyo tsa rona. (1 Bathes. 2:18; Baef. 6:12, 13) O se ke wa letlelela dikgoreletsi tseno gore di go kgobe marapo, o bo o ineele. Dira diphetogo le fa e le dife tse di tlhokegang gore o kgone go tswelela pele le thulaganyo ya gago ya ditiro tsa puso ya Modimo. Go tlhokega go ititaya sehuba le go itshoka gore o dire dilo tse ruri di leng botlhokwa.
9 Ga re a tshwanela go letlelela ditlhotlheletso tsa lefatshe le ditlhotlheletso tse di sa siamang tsa nama ya rona e e sa itekanelang go re isa kwa ditirong tse e seng tsa semoya tse di ka simololang go re jela nako e ntsi tsa ba tsa dira gore re neye tsone tlhokomelo e ntsi. Go tlhokega gore re itshekatsheke, re ipotsa dipotso tse di tshwanang le tseno: ‘A tsela ya me ya botshelo e simolotse go nna e e sa lekalekanang kana e e sa tlholeng e leba dilo jaaka di ntse, jaaka go ne go ka tualo? A ke simolotse go aga botshelo jwa me mo dilong tsa lefatshe leno le le fetang? (1 Joh. 2:15-17) Ke dirisa nako e e kana kang mo dilong tsa botho, mo go eteng go ijesa monate, mo metshamekong kana mo boitlosobodutung jo bongwe—go akaretsa le go lebelela thelebishene kana ke tsenatsena mo Internet—fa e bapisiwa le nako e ke e dirisang mo ditirong tsa semoya?’
10 Fa o lemoga gore botshelo jwa gago bo farafarilwe ke ditiro tse di seng botlhokwa, o ka dirang? Fela jaaka Paulo a ile a rapela gore bakaulengwe ba gagwe ba ‘lolamisiwe’ kana ba ‘lebaganngwe sentle,’ ke ka ntlha yang o sa rapele Jehofa gore a go thuse gore o beye tirelo ya gagwe kwa pele gape? (2 Bakor. 13:9, 11, ntlhanyana e e kwa tlase go NW) Morago ga moo o ititeye sehuba go tshela tumalanong le tshwetso ya gago mme o dire diphetogo tse di tlhokegang. (1 Bakor. 9:26, 27) Jehofa o tla go thusa gore o se ke wa fapogela kwa mojeng kgotsa kwa molemeng fa o ntse o mo direla ka kutlo.—Bapisa Isaia 30:20, 21.
11 Nna o Tshwaregile mo Tirelong ya Modimo e e Itumedisang: Dimilione tsa batho di gabalalela boitumelo thata jaana, mme ba lemoga morago fa botshelo bo ntse bo ela bokhutlong gore dikhumo tse ba ntseng ba di senka ka tlhagafalo jaana ga di a ba leretse boitumelo jwa bosakhutleng. Ba ne ba “belebetlela phefo fela.” (Mor. 2:11) Mo letlhakoreng le lengwe, fa re dirile Jehofa karolo ya konokono mo matshelong a rona, ‘re mo tlhomile fa pele ga rona ka gale,’ re nna le kgotsofalo e kgolo. (Pes. 16:8, 11) Go ntse jalo ka gonne re gone ka ntlha ya ga Jehofa. (Tshen. 4:11) Kwantle ga gagwe, Modiragatsamaikaelelo yo Mogolo, botshelo ga bo na bokao bope. Go direla Jehofa go tlatsa matshelo a rona ka ditiro tse di molemo tse di nang le maikaelelo tse di solegelang rona le ba bangwe molemo ka tsela e e nnelang ruri, ee, ka tsela e e sa khutleng.
12 Go botlhokwa thata gore re se ke ra nna le boikutlo jwa go sa kgathale mme ra tlogela go leba dilo e le tse di potlakileng malebana le bokhutlo jo bo atamelang ka bonako jwa lefatshe la ga Satane. Tsela e re tshelang ka yone letsatsi le letsatsi e laolwa ke tsela e re lebang isagwe ka yone. Batho ba motlha wa ga Noa, ba ba neng ba sa dumele gore go tla nna le morwalela wa lefatshe lotlhe, ‘ba ne ba se ka ba tsaya tsia,’ matshelo a bone a letsatsi le letsatsi a ne a remeletse mo go senkeng dilo tsa bone ka namana—go ja, go nwa le go nyala—go fitlha morwalela “o tla o ba o ba gogola botlhe.” (Math. 24:37-39) Gompieno, ba matshelo a bone a remeletseng mo lefatsheng leno ba tla bona ditsholofelo tsa bone ka isagwe di senyega ba ntse ba di lebile fa go tla bo go direga tshenyego e kgolo go di gaisa tsotlhe tse motho a kileng a di bona, “letsatsi la ga Jehofa.”—2 Pet. 3:10-12.
13 Jalo he, tswelela o aga botshelo jwa gago mo go direleng Modimo o o tshelang, e bong Jehofa, le mo go direng go rata ga gagwe. Ga go na poelo e o ka e dirang mo botshelong jono e e nang le Mothusi yo o ikanyegang jaaka Jehofa. Ga a ka ke a aka—o tla diragatsa se a se solofeditseng. (Tito 1:2) Ga a swe—ga go na sepe se e reng fa o se beile mo go Jehofa se latlhege. (Baheb. 1:12; 2 Tim. 1:12) Botshelo jwa kutlo le tumelo jo re bo agang gone jaanong ke tshimologo fela ya botshelo jo bo tla nnelang ruri mo tirelong e e itumedisang ya Modimo wa rona yo o itumetseng!—1 Tim. 1:11; 6:19.
[Blurb on page 3]
“Boammaaruri ga se karolo ya botshelo jwa rona, ke botshelo jwa rona. Dilo tse dingwe tsotlhe di laolwa ke jone.”