Dirisa Nako ya Gago ka Botlhale
1 Keletso ya rona ya go itumedisa Jehofa e re tlhotlheletsa go tshela botshelo jwa rona re tlhomile mogopolo mo dilong tsa semoya. Lefoko la gagwe le re laela gore re ‘nne re batle pele Bogosi’ le gore re “tlhomamise dilo tse di botlhokwa thata.” (Math. 6:33; Bafil. 1:10) Re ka dira jang gore re nne le nako ya go dira dilo tse di direlwang Bogosi re bo re dire gore tse di seng botlhokwa di tle kwa morago?—Baef. 5:15-17.
2 Dira Gore Dilo Tse di Direlwang Bogosi e Nne Tsone di Tlang Pele: Rulaganya nako ya gago gore e se ka ya senngwa ke dilo tse di seng botlhokwa. Bangwe ba simolola kgwedi ka go tshwaya malatsi mangwe mo khalendareng a ba tla a dirisetsang bodiredi jwa tshimo. Morago ga moo, ba nna kelotlhoko gore go se ka ga nna le dilo tse dingwe tse di tla kgoreletsang thulaganyo eo ya bone. Le rona re ka dira se se tshwanang ka nako ya dipokano, ya go ithuta ka namana le ya go ya dikopanong. Ba le bantsi ba na le thulaganyo ya go simolola letsatsi kgotsa go le wetsa ka go bala Baebele. Beela tiro nngwe le nngwe e e botlhokwa nako ya yone, mme o se ka wa letla gore e kgorelediwe ke dilo tse dingwe go sa tlhokege.—Mor. 3:11; 1 Bakor. 14:40.
3 O se Ka wa Dirisa Lefatshe go Feta Selekanyo: Kwa dinageng dingwe, go motlhofo tota go nna le seabe mo metshamekong, mo ditirong tsa go itlosa bodutu, go itapolosa le go dira dilo dingwe. Ba le bantsi ba fetsa nako e ntsi ba lebeletse thelebishene kgotsa ba le mo khomputareng. Le fa go ntse jalo, ga go pelaelo gore go tshwarega thata ka dilo tsa go itlosa bodutu le didirisiwa tsa bosheng tsa lefatshe ga go kitla go tswela batho mosola ope. (1 Joh. 2:15-17) Ke gone ka moo Dikwalo di re kgothaletsang gore re se ka ra dirisa lefatshe go feta selekanyo. (1 Bakor. 7:31) Fa o reetsa kgakololo eno e e botlhale, o tla bo o bontsha Jehofa gore go mo obamela go tla pele mo botshelong jwa gago.—Math. 6:19-21.
4 Nako e e saletseng lefatshe leno e tloga e fela. Ba ba dirang gore dilo tse di direlwang Bogosi di tle pele mo matshelong a bone ba tla itumela e bile ba tla amogelwa ke Modimo. (Dia. 8:32-35; Jak. 1:25) Ka jalo, e kete re ka dirisa nako e e botlhokwa e re nang le yone ka tsela e e botlhale.