Baya Boitlosobodutu mo Boemong jo bo Tshwanetseng
1 Mo malatsing ano a a thata, rotlhe re tlhoka go iketla gangwe le gape. Ga go sepe se se phoso ka go ipha nakonyana ya go itlosa bodutu. Le fa go ntse jalo, fa motho a dirisa nako e ntsi thata go itlosa bodutu, a itapolosa le go eta, seno se ka dira gore fa go ntse go ya a se ka a tlhola a dirisa nako e ntsi mo dilong tsa semoya. Re tshwanetse go baya boitlosobodutu mo boemong jo bo tshwanetseng. (Math. 5:3) Seno se ka kgonega jang? Ka go latela kgakololo e e mo go Baefeso 5:15-17.
2 Ipeele Melelwane: Paulo o ne a kwala gore Bakeresete ba tshwanetse go ‘nna ba tlhokometse ka kelotlhoko e kgolo’ gore ba tshela matshelo a bone jang ka tsela e e botlhale. Motho o tshwanetse go nna tekatekano le go ithiba gore a se ka a dirisa nako e e feteletseng go itapolosa. Go botlhale go akanya ka kelotlhoko ka tsela e re dirisang nako ya rona ya go iketla ka yone. Boitlosobodutu bo tshwanetse go re solegela molemo ka tsela nngwe e seng go dira gore re ikutlwe e kete re sentse nako ya rona kana go re lapisa. Fa re sa ntse re ikutlwa re sa solegelwa molemo ka gope, re sa kgotsofala e bile re ikutlwa re le molato ka tsela nngwe fa re sena go dira sengwe sa go itlosa bodutu, seno se ka bontsha gore re tlhoka go dira diphetogo mo tseleng e re dirisang nako ya rona ka yone.
3 Nna Tekatekano: Paulo o ne a gakolola gore re ‘ithekele nako e e re siametseng’ go dira dilo tse di botlhokwa thata mo botshelong, re se ka ra nna “ba ba seng tekatekano.” Bakeresete ba ba ineetseng ba ka se letle boitlosobodutu e nna selo sa botlhokwa thata mo matshelong a bone. Le mororo go ikhutsa le go itapolosa di ka re tsosolosa mo mmeleng, motswedi wa nonofo ya semoya ke maatla a a dirang a Modimo. (Isa. 40:29-31) Re amogela moya wa gagwe fa re dira ditiro tse di amanang le puso ya gagwe—go ithuta Baebele, go nna gone kwa dipokanong tsa phuthego, go nna le seabe mo tirelong ya tshimo—e seng fa re itlosa bodutu.
4 Dira Dilo Tse di Botlhokwa Pele: Paulo o ne a laela Bakeresete go ‘tswelela ba lemoga se e leng thato ya ga Jehofa.’ Jesu o ne a ruta gore ditiro tsa rona di tshwanetse tsa amana le Bogosi jwa Modimo ka e le jone selo sa botlhokwa thata mo botshelong jwa rona. (Math. 6:33) Go botlhokwa gore re dire pele dilo tse di tla re letlelelang go tshela ka tsela e e dumalanang le boineelo jwa rona mo go Jehofa. Morago ga moo, re ka kgona go baya boitlosobodutu mo boemong jwa jone jo bo tshwanetseng. Fa seno se dirilwe, bo tla nna le matswela a a molemo tota mme re tla bo ipelela fela thata.—Mor. 5:12.