LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w97 10/1 ts. 25-29
  • A Moya wa Lefatshe O a Go Koafatsa?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • A Moya wa Lefatshe O a Go Koafatsa?
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1997
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Go Senka Pele Bogosi
  • Baya Boitlosobodutu mo Boemong Jwa Jone jo bo Tshwanetseng
  • Bontle Jwa Semoya bo Itumedisa Jehofa
  • Re ka Lwantsha Moya wa Lefatshe!
  • Baya Boitlosobodutu mo Boemong jo bo Tshwanetseng
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—2001
  • Tshela Botshelo Jo Bo Nang le Tekatekano, Jo Bo Motlhofo
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1989
  • Itumelele se o Kgonang go se Dira mo Tirelong ya ga Jehofa!
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2021
  • Go Nna le Tumelo e e Nonofileng go Kaya Eng?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2018
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1997
w97 10/1 ts. 25-29

A Moya wa Lefatshe O a Go Koafatsa?

KA September 12, 1990, go ne ga thunya sengwe kwa feketiring ya kwa Kazakstan. Marang a a kotsi a ne a tswela mo lefaufaung, a tsenya botsogo jwa baagi ba lefelo leo ba le 120 000 mo kotsing, ba bontsi jwa bone bo neng jwa gwanta mo mebileng ba le kgatlhanong le botlhole joo jo bo bolayang.

Mme jaaka tshedimosetso e e oketsegileng e ntse e senoga, ba ne ba lemoga gore ba ntse ba tshela mo tikologong e e botlhole ka masomesome a dingwaga. Ka dingwagangwaga, ditone di le 100 000 tsa leswe la marang ano a a kotsi le ne le latlhelwa mo lefelong le le sa sirelediwang, le le bulegileng fela. Le mororo batho bano ba ne ba le mo kotsing e kgolo, go ne go se ope yo o neng a tsaya seo tsia. Ka ntlha yang?

Letsatsi le letsatsi, mo setadiamong sa metshameko sa lefelo leo, badiredibagolo ba ne ba baya tshedimosetso e e bontshang gore go na le marang a a kana kang, e e neng e bontsha gore ga go na kotsi epe. Dipalo di ne di le boammaaruri, mme di ne di bontsha marang fela a gamma. Marang a alpha, a a neng a sa balwe, le one a ka bolaya. Bommè ba le bantsi ba ne ba simolola go tlhaloganya lebaka la go bo bana ba bone ba ne ba lwala thata jaana.

Fa re bua ka tsela ya semoya, le rona re ka koafadiwa ke leswe le le sa bonaleng. Mme fela jaaka batho ba ba madimabe ba kwa Kazakstan, batho ba le bantsi ga ba lemoge kotsi eno e e ka bolayang. Baebele e tlhalosa kgotlelo eno e le “moya wa lefatshe,” e le o o tlhotlhelediwang ke Satane Diabolo fela. (1 Bakorintha 2:12) Mmaba wa Modimo ka letlhoo o dirisa moya ono—kana boikutlo jo bo anameng—wa lefatshe go senya boineelo jwa rona jwa bomodimo.

Moya ono wa lefatshe o ka fetsa maatla a rona a semoya jang? Ka go tlhotlheletsa gore re eletse dilo tse re di bonang ka matlho le ka go dirisa bopelotshetlha jwa rona jo bo mo teng ka tsela e e sa tshwanelang. (Baefeso 2:1-3; 1 Johane 2:16) Ka sekai, re tla sekaseka dikarolo di le tharo tse di farologaneng tse go akanya ga lefatshe go ka koafatsang bomoya jwa rona ka iketlo mo go tsone.

Go Senka Pele Bogosi

Jesu o ne a rotloetsa Bakeresete go ‘senka pele Bogosi le tshiamo ya Modimo.’ (Mathaio 6:33) Mo letlhakoreng le lengwe, moya wa lefatshe o ka dira gore re tseye dilo tse di re kgatlhang le tse di re jesang monate di le botlhokwa go sa tshwanele. Kotsi ya ntlha ga e mo go reng motho a se kgatlhegele dilo tsa semoya gotlhelele, mme e mo go reng o di baya mo maemong a bobedi. Re ka tlhokomologa kotsi eno—jaaka batho ba kwa Kazakstan ba ne ba dira—ka gonne re akanya gore re babalesegile. Dingwaga tsa rona re le mo tirelong ka boikanyegi le tsela e re anaanelang bakaulengwe le bokgaitsadi ba rona ba semoya ka yone di ka dira gore re akanye fa re se kitla re tlogela tsela ya boammaaruri. Gongwe, ba le bantsi mo phuthegong ya Efeso ba ne ba akanya ka tsela eo.

Mo e ka nnang ka ngwaga wa 96 C.E., Jesu o ne a ba naya kgakololo eno: “Ke na le seno kgatlhanong le wena, gore o tlogetse lorato lo o neng o na le lone pele.” (Tshenolo 2:4) Bakeresete bano ba ba neng ba direla ka nako e telele ba ne ba itshoketse mathata a le mantsi. (Tshenolo 2:2, 3) Ba ne ba rutwa ke bagolwane ba ba ikanyegang, go akaretsa le moaposetoloi Paulo. (Ditiro 20:17-21, 27) Le fa go ntse jalo, morago ga dingwaga, go rata ga bone Jehofa go ne go fokotsega, mme ba latlhegelwa ke maatla a bone a semoya.—Tshenolo 2:5.

Gongwe, bangwe ba Baefeso ba ne ba amiwa ke kgwebo le khumo mo motseng oo. Ka maswabi, go rata dithoto ga batho ba gompieno le gone go ile ga faposa Bakeresete bangwe. Go gagamalela thata go batla mokgwa wa botshelo o o manobonobo go ka re faposa tota mo mekgeleng ya semoya.—Bapisa Mathaio 6:24.

Jesu o ne a bolela jaana fa a tlhagisa ka kotsi eno: “Lobone lwa mmele ke leitlho. Fa, he, leitlho la gago le sa raraana, mmele otlhe wa gago o tla tlala lesedi; mme fa leitlho la gago le le boikepo [“pelotshetlha,” ntlhanyana e e kwa tlase go NW], mmele otlhe wa gago o tla nna lefifi.” (Mathaio 6:22, 23) Leitlho fa le “sa raraana” e a bo e le leitlho le le tsepameng mo semoyeng, leitlho le le tlhomameng mo Bogosing jwa Modimo. Mo letlhakoreng le lengwe, leitlho le le “boikepo” kana le le “pelotshetlha” le bonela dilo gaufi, le kgona go bona fela dikeletso tsa nama tse di gaufi. Maikaelelo a semoya le dituelo tsa isagwe ga le kgone go di bona.

Jesu o ne a bolela jaana mo temaneng e e fa godimo: “Kwa letlotlo la gago le leng gone, le pelo ya gago e tla nna gone koo.” (Mathaio 6:21) Re ka itse jang gore pelo ya rona e tlhomame mo dilong tsa semoya kana tse di bonalang? Gongwe se se ka re kaelang sentle thata ke motlotlo wa rona, ka gonne ‘molomo o bua se se tletseng mo pelong.’ (Luke 6:45) Fa e le gore nako le nako re bua ka dilo tse di bonalang kana tse di fitlhelelwang tsa lefatshe, go a bonala gore pelo ya rona e kgaogane le gore pono ya rona ya semoya e bokoa.

Carmen, kgaitsadi mongwe wa Mo-Spain, o ne a lwantshana le bothata jono.a Carmen o tlhalosa jaana: “Ke godiseditswe mo boammaaruring, mme fa ke le dingwaga di le 18, ke ne ka simolola kgwebo ya me ya sekolo sa bana ba bannye. Dingwaga tse tharo moragonyana ke ne ke setse ke na le bahiriwa ba le banè, kgwebo e ne e gola, mme ke ne ke bona madi a mantsi. Le fa go ntse jalo, gongwe se se neng se nkgotsofatsa thata e ne e le go bo ke sa ikaega ka motho ope mo go tsa madi, e bile ke ‘atlega.’ Go bua boammaaruri, pelo ya me e ne e le mo kgwebong ya me—ke yone e ke neng ke e rata thata.

“Ke ne ke akanya gore ke sa ntse ke ka nna Mosupi mo godimo ga moo ke ntse ke senya nako e ntsi mo dilong tsa kgwebo. Mo letlhakoreng le lengwe, gape ke ne ke ikutlwa ka dinako tsotlhe gore ke ka direla Jehofa mo go oketsegileng. Se kgabagare se neng sa ntlhotlheletsa gore ke beye dilo tse di direlwang Bogosi kwa pele e ne e le sekao sa ditsala tse pedi tsa babulatsela. Mongwe wa bone, Juliana, o ne a le mo phuthegong e ke neng ke kopanela mo go yone. O ne a sa mpateletse gore ke bule tsela, mme metlotlo ya gagwe le boitumelo jo bo neng bo tlisiwa tota ke bodiredi jwa gagwe di ne tsa nthusa gore ke sekaseke mekgwa ya me ya semoya.

“Nako nngwe moragonyana, fa ke le mo malatsing a boikhutso kwa United States, ke ne ka nna le Gloria, kgaitsadi mongwe wa mmulatsela. O ne a sa tswa go nna motlholagadi, mme o ne a tlhokomela morwadie wa dingwaga tse tlhano le mmaagwe yo o neng a tshwerwe ke kankere. Le fa go ntse jalo o ne a bula tsela. Sekao sa gagwe le go anaanela thata bodiredi go ne ga nkama pelo. Malatsi a manè a makhutshwane a ke a nnileng kwa ga gagwe a ne a ntira gore ke ikaelele go neela Jehofa se se molemo thata. Ke ne ka simolola ka go nna mmulatsela wa ka metlha, mme dingwaga di sekae morago ga moo, nna le monna wa me re ne ra lalediwa go tla go direla kwa Bethele. Ke ne ka tlogela kgwebo ya me—e e neng e nkgoreletsa gore ke tswelele pele mo semoyeng—mme jaanong ke ikutlwa gore botshelo jwa me bo a atlega mo matlhong a ga Jehofa, e leng selo se ke se batlang.”—Luke 14:33.

Go ithuta go ‘tlhomamisa go dira dilo tse di botlhokwa segolo,’ jaaka Carmen a ne a dira, go tla re thusa gore re dire ditshwetso tse di botlhale malebana le tiro, thuto, bonno le mofuta wa botshelo. (Bafilipi 1:10) A mme gape re tlhomamisa go dira dilo tse di botlhokwa thata mo boitlosobodutung? Eno ke karolo e nngwe e moya wa lefatshe o tlhotlheletsang thata mo go yone.

Baya Boitlosobodutu mo Boemong Jwa Jone jo bo Tshwanetseng

Moya wa lefatshe ka boferefere o dirisa ka tsela e e sa tshwanelang keletso ya batho e e tlwaelegileng ya go ikhutsa le go itapolosa. E re ka bontsi jwa batho bo se na tsholofelo ya mmatota ka isagwe, go a utlwala gore ba bo ba senka go ikgotsofatsa gompieno ka boitlosobodutu le boitapoloso. (Bapisa Isaia 22:13; 1 Bakorintha 15:32.) A re iphitlhela re tsaya boitlosobodutu bo le botlhokwa thata? E ka nna sesupo sa gore tsela e lefatshe le akanyang ka yone e ama kgopolo ya rona.

Baebele e tlhagisa jaana: “Yo o ratang letlhapelo [“boitlosobodutu,” Lamsa] o tlaa nna mohumanegi.” (Diane 21:17) Go ijesa monate ga go phoso, mme go go rata, kana go go tsaya go le botlhokwatlhokwa, go tla dira gore motho a koafale mo semoyeng. Go eletsa ga rona dijo tsa semoya tota go tla koafala, mme re ka se nne le nako e e lekaneng ya go rera dikgang tse di molemo.

Ka lebaka leno, Lefoko la Modimo le re gakolola gore re “ikimolole mo mogopolong ka ntlha ya tiro, re ikgape ka tshwanelo.” (1 Petere 1:13, The New English Bible) Boikgapo bo a tlhokega gore re lekanyetse nako ya rona ya boitlosobodutu. Go ikimolola ka ntlha ya tiro go kaya go iketleeletsa tiro ya semoya, e ka tswa e le thuto, dipokano, kana tirelo ya tshimo.

Go tweng ka go ikhutsa mo go tlhokegang? A re tshwanetse go ikutlwa re le molato fa re tsere nako ya go ikhutsa? Tota nnyaa. Go ikhutsa go a tlhokega, segolobogolo mo lefatsheng la gompieno le le ngomolang pelo. Le fa go ntse jalo, jaaka Bakeresete ba ba ineetseng re ka se batle go tshelela boitlosobodutu fela. Go itlosa bodutu thata go ka re koafatsa ka gore re dire tiro e e se nang mosola. Go ka fokotsa tsela e re potlakileng ka yone, e bile go ka nna ga kgothaletsa go iitumedisa. Jaanong he, re ka leba go ikhutsa ka tsela e e lekalekaneng jang?

Baebele e kgothaletsa go ikhutsanyana go na le go ipolaya ka mmereko—segolobogolo fa tiro ya boitshediso e sa tlhokege. (Moreri 4:6) Le mororo go ikhutsa go dira gore mebele ya rona e nne le maatla, motswedi wa maatla a semoya ke maatla a Modimo a a dirang. (Isaia 40:29-31) Re amogela moya ono o o boitshepo fa re dira ditiro tsa rona tsa Bokeresete. Go ithuta ka namana go nonotsha dipelo tsa rona e bile go dira gore re nne le dikeletso tse di tshwanetseng. Go nna gone kwa dipokanong go dira gore re anaanele Mmopi wa rona. Go nna le seabe mo bodireding jwa Bokeresete go dira gore re amege ka ba bangwe. (1 Bakorintha 9:22, 23) Tota jaaka Paulo a ne a tlhalosa, “tota motho yo o leng wa kafa ntle o a onala le go kgagoga, mme letsatsi le letsatsi motho yo o leng wa kafa teng o nna le maatla a masha.”—2 Bakorintha 4:16, Phillips.

Ileana, mmè wa bana ba le barataro e bile e le mosadi wa monna yo o sa dumeleng, o tshela botshelo jo bo potlakileng tota. O na le maikarabelo a lelapa la gagwe le a ba bangwe ba losika ba le mmalwa, se se raya gore ka dinako tsotlhe o tshwaregile. Le fa go ntse jalo, gape o tlhoma sekao se se molemolemo mo go rereng le mo go baakanyetseng dipokano. O kgona jang go dira tiro e ntsi jalo?

Ileana o tlhalosa jaana: “Dipokano le tirelo ya tshimo tota di nthusa gore ke itshokele maikarabelo a me a mangwe. Ka sekai, morago ga go rera, ke nna le dilo di le dintsi tse ke akanyang ka tsone fa ke dira tiro ya me ya mo gae. Gantsi ke a opela fa ke ntse ke e dira. Mo letlhakoreng le lengwe, fa ke sa ya kwa pokanong, kana ke berekile go le gonnye fela mo tirelong ya tshimo, ditiro tsa me tsa mo gae di nna boima tota.”

A bo go farologane jang ne le go tsaya boitlosobodutu bo le botlhokwa!

Bontle Jwa Semoya bo Itumedisa Jehofa

Re tshela mo lefatsheng le le sa ntseng le laolwa ke ponalo ya mmele. Batho ba senya madi a mantsi mo dikalafing tse di diretsweng go tokafatsa tebego ya bone le go dira gore ba se ka ba tsofala ka bonako. Seno se akaretsa go medisa moriri le go o tsenya mmala o mongwe, go godisa mabele le go baakanya sefatlhego ka karo. Dimilione tsa batho di ya kwa mafelong a go fokodiwang boima jwa mebele gone, kwa mafelong a dijiminase le mo ditlhopheng tsa di-aerobic, kana ba reka dibidio tse di rutang ka go itshidila mmele, le dibuka tse di tlhalosang ka go fokotsa mmele. Lefatshe le dira gore re dumele gore selo sa konokono se se itumedisang ke ponalo ya rona ya mmele, gore “popego” ya rona e botlhokwa thata.

Kwa United States, patlisiso nngwe e e nopotsweng ke makasine wa Newsweek e fitlhetse gore diperesente di le 90 tsa basha ba basweu ba ba leng mo dingwageng tsa bolesome ba Baamerika ba ne “ba sa kgotsofadiwe ke popego ya mebele ya bone.” Go batla ka tlhoafalo popego ya mmele e e tshwanetseng go ka ama bomoya jwa rona. Dora e ne e le Mosupi yo mmotlana wa ga Jehofa yo o neng a tlhabisiwa ditlhong ke popego ya mmele wa gagwe ka gonne a ne a nonne. “Fa ke ne ke ya go reka diaparo, go ne go le thata go bona diaparo tse dintle tse di ntekanang,” o tlhalosa jalo. “Go ne go lebega e kete diaparo tse dintle di direlwa basha ba ba sesane fela. Se se maswe le go feta, batho ba ne ba akgela ka tsela e e kgobang marapo ka bokima jwa me, e le selo se se neng se nkgalefisa le go feta, segolobogolo fa go akgela jalo bakaulengwe le bokgaitsadi ba me ba semoya.

“Ka ntlha ya seo, ke ne ka simolola go nnela go laolwa ke popego ya me, mo go neng ga felela ka gore ditekanyetso tsa semoya di simolole go tla mo maemong a bobedi mo botshelong jwa me. E ne e kete boitumelo jwa me bo ikaegile ka selekanyo sa letheka la me. Go setse go fetile dingwaga di le mmalwa, mme jaanong ka ke setse ke godile jaaka mosadi le jaaka Mokeresete, ke bona dilo ka tsela e e farologaneng. Le mororo ke itlhokomela mo mmeleng, ke lemoga gore selo sa konokono ke bontle jwa semoya, mme ke sone se se nkgotsofatsang thata. Fa ke sena go tlhaloganya seo, ke ne ka kgona go baya dilo tse di direlwang Bogosi mo maemong a tsone a a tshwanetseng.”

Sara e ne e le mosadi yo o neng a ikanyega wa bogologolo yo o neng a na le kgopolo eno e e lekalekaneng. Le mororo Baebele e bolela ka bontle jwa gagwe fa a ne a le dingwaga tse di fetang 60, totatota e ne e lebisitse thata mo dinonofong tsa gagwe tse di molemo—e leng motho wa sephiri wa pelo. (Genesise 12:11; 1 Petere 3:4-6) O ne a bontsha moya o o bonolo le o o bori, mme o ne a utlwa monna wa gagwe ka go mo ikobela. Sara o ne a sa tshwenyege thata ka gore ba bangwe ba mo leba jang. Le fa gone a ne a tswa mo lelapeng le le humileng, o ne a nna mo ditanteng ka go rata ka dingwaga tse di fetang 60. O ne a tshegetsa monna wa gagwe ka bopelonomi le ka tsela e e seng ya bopelotshetlha; e ne e le mosadi wa tumelo. Ke sone se se dirileng gore a nne mosadi yo montle wa mmatota.—Diane 31:30; Bahebera 11:11.

Jaaka Bakeresete, re kgatlhegela go tokafatsa bontle jwa rona jwa semoya, bontle jo e leng gore, fa bo tokafadiwa ka metlha, bo ka gola le go tswelela pele bo le teng. (Bakolosa 1:9, 10) Re ka tlhokomela popego ya rona ya semoya ka ditsela tse pedi tsa konokono.

Re nna bantle thata mo matlhong a ga Jehofa fa re nna le seabe mo bodireding jwa rona jo bo bolokang botshelo. (Isaia 52:7; 2 Bakorintha 3:18–4:2) Mo godimo ga moo, fa re ntse re ithuta go bontsha dinonofo tsa Bokeresete, bontle jwa rona bo a oketsega. Sebaka sa go tokafatsa bontle jwa rona jwa semoya se a oketsega. “Nnang le katamalano e e bothitho ya tlekeetso mongwe go yo mongwe. Mo go bontshaneng tlotlo etelelang pele. . . . Tukang mo moyeng. . . . Latelang tsela ya tsholo e ntle. . . . Ipeleng le batho ba ba ipelang; lelang le batho ba ba lelang. . . . Lo se ka lwa busetsa ope bosula ka bosula. . . . Agisanang le batho botlhe.” (Baroma 12:10-18) Go tlhagolela boikutlo jo bo ntseng jalo go tla dira gore re ratiwe ke Modimo le batho ba bangwe, mme go tla fokotsa maswe a boleo jo re ratang go bo dira jo re bo ruileng.—Bagalatia 5:22, 23; 2 Petere 1:5-8.

Re ka Lwantsha Moya wa Lefatshe!

Ka ditsela tse dintsi tota tsa boferefere, moya ono o o koafatsang wa lefatshe o ka senya bothokgami jwa rona. O ka dira gore re se ka ra kgotsofalela se re nang le sone le go tlhobaelela go baya dilo tse re di tlhokang le tse di re kgatlhang kwa pele ga tsa Modimo. Kana o ka re dira gore re akanye ka megopolo ya batho e seng ya Modimo, re tsaya boitlosobodutu kana popego ya mmele e le botlhokwa ka tsela e e sa tshwanelang.—Bapisa Mathaio 16:21-23.

Satane o ikaelela go senya bomoya jwa rona, mme o dirisa thata moya wa lefatshe. Gakologelwa gore Diabolo o ka fetola maretshwa a gagwe a go duma jaaka tau gore e nne a go nna kelotlhoko jaaka noga. (Genesise 3:1; 1 Petere 5:8) Gangwe le gape, lefatshe le fenya Mokeresete ka go mmogisa ka tsela e e setlhogo, mme gantsi le mo koafatsa ka iketlo. Paulo o ne a amegile thata ka kotsi eno ya bobedi: “Ke boifa gore ka tsela nngwe, jaaka noga e ne ya faposa Efa ka bohelepa jwa yone, megopolo ya lona e ka nna ya senngwa ya tswa mo bopeloephepeng le mo boitshekong tse di tshwanetseng Keresete.”—2 Bakorintha 11:3.

Gore re itshireletse mo boferefereng jwa noga, re tlhoka go lemoga dipuo tsa lefela tse di ‘thaegang mo lefatsheng’ mme re bo re di gana re tlhomame. (1 Johane 2:16) Ga re a tshwanela go tsiediwa gore re dumele gore tsela e lefatshe le akanyang ka yone ga e kotsi. Moya o o koafatsang wa tsamaiso ya ga Satane o setse o fitlhile kwa selekanyong se se tshosang.—Baefeso 2:2.

Fa re setse re itse tsela e lefatshe le akanyang ka yone, re ka e ganetsa ka go tlatsa megopolo le dipelo tsa rona ka thuto e e itshekileng ya ga Jehofa. Jaaka Kgosi Dafide, e kete re ka re: “Ntshupetsa metlhala ya gago Jehofa; o nthute ditsela tsa gago. Ntsamaisa mo boammaaruring jwa gago o bo o nthute; gonne ke wena Modimo wa poloko ya me.”—Pesalema 25:4, 5.

[Ntlha e e kwa tlase]

a Go dirisitswe maina a sele.

[Setshwantsho mo go tsebe 26]

Go gagamalela go batla mofuta wa botshelo jo bo manobonobo go ka re faposa mo mekgeleng ya semoya

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela