Karolo 9
Nako ya Boiketlo
Mo dinageng dingwe tse di tlhabologang, nako ya boiketlo ke selo seo batho ba nnang naso ka sewelo. Mme mo mafatsheng a Bophirima, gantsi basha ba na le nako e ntsi go feta eo ba ka e dirisang. Gore a nako ya gago ya boiketlo e tla nna lesego kana phutso go ikaegile kafa o tla e dirisang ka gone. Mo karolong eno, re tlile go leba ditsela dingwe tseo o ka e dirisang ka tsela e e mosola ka gone.