Mokgwa O O Lekalekaneng Wa Go Leba Boitlosobodutu
“GO BEREKELA ruri o sa itapolose ke botshelo jo bo tlhomolang pelo.” Gompieno mafoko ao a tlwaelesegile mo eleng gore go motlhofo go lebala gore kana a boammaaruri. Gone tota, “go berekela ruri o sa itapolose” go ka go direla dilo tse di maswe go feta go tlhomola pelo fela. Go ka go dira gore o utlwe fela ka tiro tse dingwe tsotlhe o sa di beye gope.
Tsaya ka sekai, bothata jo bo tsogileng kwa Japane, eleng lefatshe le le itsegeng thata ka mokgwa o o gagametseng wa go bereka. Gantsi go lebelelwa gore badiri ba bereke nako e e oketsegileng bosigo bongwe le bongwe le ka mafelobeke. Makasine wa Canada o go tweng Maclean’s, o ne wa bolela gore ka kakaretso modiri wa Japane o tsaya diura tse di 2 088 kwa tirong ka ngwaga, fa go bapisiwa le tse di 1 654 tsa modiri wa Canada. Legale, makasine oo o ne wa bolela gore: “Difeme tsa Japane di ile tsa tshwanelwa ke go lebagana le bothata jo bo farologaneng jono: badiri ba bolawa ke karoshi, kana loso lo lo bakiwang ke go bereka go feta selekanyo. Dipampiri tsa dikgang di ile tsa bega ka banna ba ba mo dingwageng tsa bo40 ba ba neng ba bolawa ke pelo kgotsa ke seterouku morago ga go bereka malatsi a le 100 ba ise ba ko ba tseye letsatsi le le lengwe la boitapoloso.” Lephata la ditiro la Japane le bile la tshwanelwa ke go dira dikitsiso, tse di neng di tletse ka mafoko a a molodi a a gogelang, le kgothaletsa batho go tšhaisa ka mafelobeke le go itapolosa. A bo seemo seo se farologane jang ne le sa mafatshe mangwe a Bophirima, koo batho ba tshwanelwang ke go sokwasokwa gore ba bereke beke yotlhe!
Mosola wa go Tshameka
Ke sone seo he, go utlwalang go bo baitse ka kakaretso ba tsaya go bereka bobe e le bolwetse, eseng setho. Motho o tlhoka go tshameka—mme eseng fela a santse e le mosimane; bagolo fela jaaka bana ba tlhoka seo. Ka ntlha yang? Batho ba solegelwa molemo jang ke go iketla, kgotsa go tshameka? Buka nngwe e e buang ka kgang eo e ne ya dira lenaane leno: “Go itshupa, bolekane, go dirisa mmele le tlhaloganyo ka nako e le nngwe fela, botsogo jwa mmele, sengwe se se botlhokwa se se farologaneng le lenaneo la tiro ka dinako tsotlhe, go ikhutsa le go itapolosa, sebaka sa go leka sengwe se sesha le go kopana le batho ba e leng la ntlha o ba bona, go aga dikamano le ba bangwe, go bopaganya lelapa, go ithuta ka tlholego, . . . le go ikutlwa o itumetse fela kwantle ga gore o tlhatlhobe gore ka ntlha yang. Dilo tseno tsotlhe ke mengwe ya melemo e batho ba e iponelang fa ba iketlile.”
Baithutaloago ba ile ba kwala dibuka di le dintsi thata ka boiketlo le go tshameka, mme ba dumalana ka gore go iketla go siametse motho ka namana le setšhaba ka kakaretso. Lefa go ntse jalo, kwantle ga pelaelo ga go na ope yo o tlhaloganyang motho botoka go gaisa Mmopi wa motho. Ene o leba jang kgang eno?
Go farologana le jaaka bangwe ba gopola, Bibela ga e kgatlhanong le go ja monate le boitapoloso. E re bolelela gore Jehofa ke Modimo o o itumetseng mme ebile o batla gore batlhanka ba gagwe le bone ba itumele. (Pesalema 144:15b; 1 Timotheo 1:11) Mo go Moreri 3:1-4, re ithuta gore go na le “motlha oa go tshèga” le “motlha oa go bina.” Lefoko la Sehebera le le ranotsweng go twe “tshega” fano le na le bokao jwa mafoko a a tlhalosang “motshameko.” Yone buka eo ya Bibela gape e re bolelela gore “ga go na sepè se se molemō mo mothuñ bogolo go go ya, le go nwa, le go yesa mōea oa gagwè molemō mo letsapeñ ya gagwè.”—Moreri 2:24.
Malatsing ano, mongwe wa mekgwa e e rategang thata ya go ja monate wa nako ya fa o iketlile ke wa go nna mmogedi, o kgobile kgetsi o lebeletse ba bangwe ba ntsha ga tshwene. Legale seo ga se selo se sesha mo go kalo. Bibela e bontsha gore mo diketeketeng tsa dingwaga tse di fetileng batho ba ne ba ntse ba jesiwa monate ke go lebelela ba bangwe ba bina, ba opela, ba letsa diletso tsa mmino, kgotsa ba gaisana mo metshamekong.
Fa e le mokgwa wa boitapoloso, boitlosobodutu bo ka re solegela molemo fela thata. Ke mang yo o sa itumedisiweng ke bothakga jwa motshameki yo o setswerere, go lelesela ga mosetsana wa sebini, go nna o kokobetse pelo, o lebeletse filimi e e nang le diteko mme e se leswe, kgotsa molotsana wa pina o o salelang mo mogopolong nako e telele morago ga pina e sena go fela? Mme kwantle ga pelaelo bontsi jwa rona re ile ra itumelela go itapolosa ka buka e e monate, mme re bula ditsebe tsa yone ka bofefo le go feta fa monate wa yone o ntse o loelela.
Boitlosobodutu jo bo ntseng jalo bo ka re lapolosa, le go re direla mo gontsi. Bo ka re rotloetsa, jwa re thamisa, jwa re ama pelo, jwa re dira gore re tshege—tota le gone go re ruta sengwe. Ka sekai, dibuka di ka re ruta mo gontsi ka tsela e motho a bopilweng ka yone. Dibuka tsa ga Shakespeare ke sekai se se papametseng sa seo.
Diphatsa tsa Boitlosobodutu
Legale, gore re nne tekatekanyo mo boitlosongbodutu jwa metlheng eno, re tshwanetse go ela tlhoko bomolemo le bodiphatsa jwa jone. Go builwe thata ka tlhotlheletso ya boitlosobodutu e e bodisang, mme ka kakaretso diphatsa tseo tsa jone di ka kgaoganngwa ka ditlhopha tse pedi tse ditona: bontsi le boleng, go tlalatlala ga boitlosobodutu le seo se leng mo go jone. Sa ntlha a re bueng ka bontsi jwa jone.
Re tshela mo metlheng ya lefifi, e Bibela e e bitsang “dipaka tse di tlhokohatsañ.” (2 Timotheo 3:1) Ga go gakgamatse he, go bo boitlosobodutu jwa motlha ono bo tshwanelana le nako e re tshelang mo go yone, gantsi le ka bomaswe jwa yone jotlhe. Thubakanyo e e maswe thata, boitsholo jo bo sa siamang jwa tlhakanelodikobo jo bo makgapha, le maikutlo a a maswe mo go one otlhe a batho ba nang nao—jaaka tlhaolele—gotlhe go tsenngwa mo boitlosongbodutu jo bo rategang thata, go bo leswefatsa ka selekayo se se farolaganeng. Fa jaanong ba setse ba feteletse, se go ka bong go twe ke boitlosobodutu ga se farologane thata le ditshwantsho tse di tsosang keletsodikobo le leswe. Ela tlhoko dingwe tsa dikai tsa seno.
Difilimi: Fa go ne go abiwa dikgele tse di tlotlegang thata tsa Hollywood, tsa di-Oscar, ba le bararo mo banneng ba ba ileng ba kgethiwa mo setlhopheng sa “motshameki yo o ba gaisitseng botlhe” monongwaga ba ne ba tshameka dikarolo tsa babolai ba ba tsenwang, bao botlhe mo setshwantshong ba bolayang ba sa iphitlhe. Go begwa gore motshameki mongwe o ngatha sekidi mo sefatlhegong sa mosadi fa kafa a ntse a mmetelela. Fa go buiwa ka go dira madi, nngwe ya tse di ileng tsa atlega thata monongwaga ke e e neng e bidiwa Basic Instinct. Fa re e atlhola ka go dirisa dikakgelo tse di dirilweng kaga yone, setlhogo seno ga se e tlhalose jaaka e ntse. Filimi eo e simolola ka pono e e bontshang tlhakanelodikobo e sa fitlhe sepe eo mo go yone mosadi a tlhabang moratiwa wa gagwe yo o bofilweng gantsintsi ka peke e e thubang aese, a bo a ikgasakaka ka madi gongwe le gongwe.
Mmino: Bosheng jaana mmino wa rap le heavy metal e ile ya kgalwa thata ka ntlha ya mabaka a a tshwanang a se e se buang. Dipina tse di galaletsang go tlontlololwa le go gobololwa ga basadi mo go tsa tlhakanelodikobo, thubakanyo le go ila merafe e e farologaneng le mapodisi, tota le kobamelo ya ga Satane tsotlhe di ile tsa fitlhelwa mo direkoteng tsa rap le heavy metal. Mo mafelong mangwe, direkote tse di nang le mafoko a a makgapha ao di tshwanetse go nna le letshwao la tlhagiso. Mme fela jaaka fa go begwa fa moletsi wa rap yo go tweng Ice-T a ile a dumela, o opela mafoko a a tsitsibanyang mmele mo dipineng tsa gagwe e le fela gore a itsiwe jalo; go tlhomamisa go oka bothamotelele. Sekgantshwane sa mmino wa rock ebong Prince o ne a opela a galaletsa go tlhakanela dikobo ga motho le kgaitsadie. Gantsi, dibidio tsa dipina di dira gore boitsholo joo jwa tlhakanelodikobo jo bo makgapha bo bonwe. Bidio e go tweng Justify My Love ya sekgantshwane sa mmino wa pop ebong Madonna e ne ya tuma go di gaisa ka leina le le maswe ka go bontsha go jesiwa monate ke go bona pogisego le ditiro tsa bosodoma. Tota le MTV, e leng kgaso ya thelebishene ya U.S. e go itseweng gore ka dinako tse dingwe e atle e gase dibidio tsa boitsholo jo bo sa siamang jwa tlhakanelodikobo le go tsitlega e sa tsitlege, e ile ya gana go gasa eno.
Dibuka: Tsaya ka sekai maronopo a a tserweng mo dikakgelong tsa dibuka tsa bosheng. American Psycho e tlhalosa ka botlalo ditiro tse di tsitsibanyang mmele tsa mmolai yo o tsamayang a bolaya batho yo o dirang dilo tse di maswe go ka buiwa ka direpa tsa batho ba a ba bolaileng, go kopanyeletsa le go ba ja tota. Boremelelo jwa e go tweng Vox ke puisano ka mogala ya monna mongwe le mosadi mongwe ba ba iseng ba ko ba kopane gope ba ba tsosetsanang maikutlo a tlhakanelodikobo ka puo e e tsosang keletso ya tlhakanelodikobo. Raptor yone e latedisa ditiro tse di sokameng tsa tlhakanelodikobo tsa batho bangwe ba ba tlhakantseng ba lekgolo la borataro la dingwaga, ke gore batho ba ba nang le dirwe tsa bonna le tsa bosadi mo go bone. Dibuka tsa marato gantsi di kgothaletsa le go galaletsa kgokafalo le boaka. Dibuka tsa metlae, tse pele di kileng tsa bo di siametse bana, gantsi gompieno di tlhalosa tlhakanelodikobo, thubakanyo, le dithuto tsa tumelabotlhodi.
Metshameko: Batho ga ba ise ba kgaotse go kopa gore go thibelwe motshameko wa mabole. Go sa kgathalesege bosupi jo bo ntseng bo tswa jwa gore lebole lengwe le lengwe la kgaatshoo le gobatsa boboko ka tsela e e leng gore ga bo kake jwa tlhola bo siama, madi a mantsi le babogedi ba ba dimilione ba tswelela ka go okela ba ba lwang mo mosakong wa mabole. Makgolokgolo a batshameki ba mabole ba ile ba betswa ka tsela eno ba bo ba swela ruri ka mmatota.
Legale, metshameko e mengwe e ile ya bolaya ba ba fetang bao. Go tlwaelegile go bala ka thubakanyo e e ileng ya tlhagoga mo mabaleng a motshameko kgotsa mo babogeding. Dipheretlhego tse di tsetsweng ke boratanaga kgotsa moya o o sa tlhamalalang wa “go rata setlhopha” di bolaile makgolokgolo mo mabaleng a matona go dikologa lefatshe. Go lwantsha dipoo, mo pampiri ya beke le beke ya dikgang e go tweng Die Zeit ya Jeremane e go bitsang “motshameko o eleng wa sephologolo go e gaisa o o tshwareletseng go fitlhela mo motlheng ono,” bosheng jaana go ile ga simolola go ratiwa fela thata kwa Spain le kwa borwa jwa Fora. Morago ga poo e sena go tlhaba molwantshadipoo yo o tumileng wa dingwaga di le 21 ebong José Cubero mo pelong, mogaka yo o oleng yoo o ile a tsewa ka lekesi la gagwe a dikolosiwa lebala la dipoo la Madrid mme o ne a galalediwa ke bamorati ba le 15 000. Bidio ya loso lwa gagwe e ne ya boelediwa gantsi mo thelebisheneng ya Spain.
Gone ke boammaaruri gore, tseno ke ditiragalo tse di maswemaswe thata, mme ebile ga di reye gore boitlosobodutu jotlhe mo go dingwe tsa dikarolo tseno tse di farologaneng bo maswe. Mme le fa go le jalo go nna tekatekanyo mo boitlosongbodutu go tla dira gore re dumele ntlha ya gore ditiragalo tseno tse di maswemaswe di a tle di diragale mme ebile di a ratega. Ka ntlha yang? A mme gone, o lemogile gore se se neng se lebega e le tiragalo e e maswemaswe mo dingwageng tse di fetileng jaanong ga se sa tlhole se tsibosa batho? Dilo tse di maswe thata e a re kgabagare di amogelwe ke batho; batho ba a di tlwaela. Wena o tlile go tlwaela eng?
Kgang ya go Tlalatlala
Lefa go le jalo, lefa boitlosobodutu jotlhe bo ne bo ka bo bo siame tota, go santse go na le kgang ya go tlalatlala ga jone. Kgwebo ya boitlosobodutu ga e golole e a tsholola. Ka sekai, kwa United States fela, dibuka tse di farologaneng di le 110 000 di ne tsa gatisiwa ka 1991 fela. Fa o ne o ka simolola go bala buka wa ba wa e fetsa ka letsatsi, go ne go tla go tsaya dingwaga tse di fetang 300 go bala dibuka tse di golotsweng mo ngwageng o le mongwe fela! Kgwebo ya difilimi ya U.S. e dira difilimi tse di fetang 400 ka ngwaga, mme mafatshe a mangwe a a di reka fa kafa a ntse a itirela tsa one gape. Kgwebo ya India e dira makgolokgolo a difilimi tsa Sehindi ngwaga le ngwaga. Mme ke mang yo o ka balang direkoto tsa dipina, di-compact disc, le ditheipe tse di gololwang ngwaga le ngwaga? Thelebishene le yone e ntse e le foo.
Mo mafatsheng mangwe a a tlhabologileng, go na le dikgaso tse di farologaneng tsa thelebishene—diteishane tse di hirisiwang, dikgaso tsa satalaete, le dikgaso tse di tlwaelegileng. Seo se raya gore boitlosobodutu bo ka thelesegela mo legaeng bo sa kgaotse mo diureng di le 24 ka letsatsi. Metshameko, dipina, terama, metlae, ditoro tsa saense, dipuisano, difilimi, tseno tsotlhe o ka di bona ka go tobetsa konopo fela. Ka tiriso ya VCR diketekete tsa difilimi di nna teng, mo godimo ga dibidio tse di tlhalosang kafa o ka dirang dilo dingwe ka teng, dibidio tsa mmino, tota le ditheipe tse di ka go rutang ka tlholego, ditso, le saense.
Mme jaanong nako e a go tswa kae ya boitlosobodutu jono jotlhe? Boitsaenape bo ka nna jwa bo bo kgona go re direla kgakgamatso ka go re tlosa bodutu ka ponyo ya leitlho—akanya fela kafa Mozart a neng a ka gakgamala ka teng fa a ne a ka utlwa nngwe ya dipina tsa gagwe mo seromamoweng! Lefa go le jalo, boitsaenape ga bo kake jwa dira nako e e tlhokegang go ja monate oo otlhe. Tota ebile, mo mafatsheng mangwe a boitsaenape bo leng kwa godimo thata teng, go ile ga nna le gone gore nako ya boiketlo e ngotlege, go na le gore e oketsege.
Ka jalo fa re bo leseletsa, boitlosobodutu bo ka kometsa nako yotlhe ya rona ya boiketlo. Mme re tshwanetse go gakologelwa gore boitlosobodutu ke mongwe fela wa mekgwa ya boitapoloso, o gantsi ebileng e le wa botshwakga. Bontsi jwa rona re tlhoka gore re ne re tswa re ya go itshedila, re tsaya karolo go na le go nna fa fatshe fela re bo re tlosiwa bodutu ke ba bangwe. Re ka dikologadikologa mo, ra itumelela bolekane, le go tshameka metshameko.
Fa e le gore ke phoso go lesa boitlosobodutu bo kometsa nako ya rona yotlhe ya boiketlo, go raya gore go maswe le go feta go bo lesa bo kometsa nako e e tshwanetseng go beelwa go diragatsa maikarabelo a magolo, a a etsang go ikarabela mo Mmoping wa rona, mo malapeng a rona, mo tirong ya rona, le mo ditsaleng tsa rona! Ka jalo he, go botlhokwatlhokwa go nna tekatekanyo mo boitlosongbodutu! Re tla itse jang gore ke boitlosobodutu bofe jo bo sa re siamelang, le gore fa bo le bontsi thata ke fa bo le kae?
[Ditshwantsho mo go tsebe 7]
Boitlosobodutu bongwe bo ka ama dipelo tsa rona mme jwa re thamisa