O Tla Tlhopha Boitlosobodutu Bofe?
GO LEBA boitlosobodutu ka tekatekanyo ke kgang e nngwe. Fa go bontsha tekatekanyo gone e le e nngwe gape. Go motlhofo go bona gore boitlosobodutu bo a tlhokega, lefa go ntse jalo bontsi jwa jone ke matlakala fela mme ebile ke go senya nako. Go sa kgathalesege seo, re tlhoka go dira ditshwetso letsatsi le letsatsi—mme ga se ka metlha di leng motlhofo.
Jaaka fa re setse re bone, kgwebo ya boitlosobodutu ga e dire gore go dira tshwetso go nne motlhofo. Go gontsi mo e leng gore ga o itse gore ke o tlhophe eng o lese eng, mme lefa go le jalo, mo diketeketeng tsa dingwaga, Bibela e ile ya neela batho ba ba peloephepa kaelo e ba e tlhokang. Boitsaenape jwa motlha ono ga bo a dira gore melaometheo ya Bibela e tswapoge; go na le moo, e botlhokwa thata ebile e tlhokega thata mo metlheng eno ya dipharagobe go gaisa le fa e le leng pele. Jaanong a re boneng kafa re ka dirisang ka teng melaometheo eo fa go tla mo diphatseng tse pedi tse di ka leriweng ke boitlosobodutu—diteng tsa jone le nako e bo e jang.
Dikaelo tsa Bibela Ke Dife?
Mosha mongwe o a ipolaya, mme kwa morago go lemogiwa gore o ne a rata mmino wa heavy-metal rock o o neng o kgothaletsa go ipolaya. Mosetsana wa dingwaga tse di 14 o phophothela mmaagwe go fitlhela a bo a a swa, mme go lebega fa le ene a ne a rata mmino wa heavy metal thata. Mosimane wa dingwaga tse di 15 o bolaya mosadi mongwe, mme mmueledi wa gagwe o bolela gore o tlhotlheleditswe ke difilimi tse di bontshang bosetlhogo jo bo tsitsibanyang mmele. Filimi e e bontshang thubakanyo ya makoko e a simolola, mme go tsoga ntwa ya makoko gone moo mo mafelong a go bontshetswang difilimi mo go one mme le ba ba emetseng go ya go bona filimi eo ba a lwa.
Go phepafetse gore boitlosobodutu jo re bo tlhophang bo a re ama. Baitse bangwe ba ka nna ba tsholola dipego tse di fa godimo ba re ke bosupi jo bo diragalang ka sewelo fela jo bo sa felelang. Lefa go le jalo, melaometheo ya Bibela e itebaganya le mathata ao ka tlhamalalo. Ka sekai, ela tlhoko mafoko ano a a bokete: “Tsamaea le batho ba ba botlhale, me u tla nna botlhale: me monkana oa dieleele o tla utlwisiwa botlhoko ke gōna.” (Diane 13:20) A mme boitlosobodutu jo bongwe ga bo dire gore o dire sone seo—go tsamaya, kgotsa go tsalana le batho ba ba dieleele, kgotsa ba ba senang boitsholo? Ka tsela e e tshwanang, 1 Bakorintha 15:33 e balega jaana: “Lo se ka loa tsietsèga: Go ikōpanya le ba ba boshula, go tlo go bodise mekgwa e mentlè.” Ano ga se mafoko a a bolelang dilo di le dintsi a a sa tlhamalalang, ga se a baitse ba ba sa utlwaneng ka mogopolo ba ba ganetsanang ka dipalopalo. Ke molao fela o o motlhofo o o bontshang kafa motho a ntseng ka teng. Fa re tsamaya ka metlha le batho ba ba senang boitsholo, mekgwa ya rona e tla amega ka tsela e e sa siamang.
Melaometheo eo e thusa gape fa go tla mo go obameleng bagaka ba metshameko, ba difilimi, ba thelebishene, le ba mmino. Le mororo bagaka bano gantsi ba galaletsa thubakanyo kgotsa boitsholo jo bo sa siamang jwa tlhakanelodikobo, mo metshamekong ya bone le mo matshelong a bone, barati ba bone—bogolo jang basha—ba santse ba lebega ba ba obamela. Bosheng jaana pampiri ya dikgang e go tweng The European e ile ya re: “Baithutaloago ba re mo bathong ba gompieno ba ba sa sekamelang thata mo bodumeding bagaka ba ba tumileng ba ka nna ba bo ba direla mo maemong a pele a kileng a bo a tshwerwe ke bodumedi mo matshelong a basha ba le bantsi.” Mme a ko o ele tlhoko se Pesalema 146:3 e se bolelang: “Lo se ka loa ikanya dikgōsana, leha e le ñwana oa motho, eo go senañ thushō epè mo go èna.” Mme Diane 3:31 e a re: “U se ka ua rata ua bo u ka nna yaka motho oa sesenyi, u bo u se ka ua itshenkèla ditsela dipè tsa gagwè.”
Molaomotheo o mongwe wa konokono ke o: Fa Bakeresete ba dira ditshwetso, ga baa tshwanela go tshwenyega fela ka gore di tla ba ama jang ka namana mme gape ba tshwanetse go amega ka ba bangwe ba ba mo phuthegong ya Bokeresete, go kopanyeletsa le ba ba kgopakgopegang fela. (1 Bakorintha 10:23-33) Se se molemo ke gore, melaometheo ya Bibela gape e re thusa go tlhoma ditekanyetso mabapi le boitlosobodutu tse ka tsone re ka tlhophang re sa boife sepe. Moaposetoloi Paulo o ne a gakolola jaana: “Sa bohèlō, ba ga echo, dilō cotlhe tsa boamarure, dilō cotlhe tse di chwanetseñ go tlotlwa, dilō cotlhe tse di itshekileñ, dilō cotlhe tse di ratègañ, dilō cotlhe tse di bolèlwañ ka molemō; ha go na le molemō moñwe, me ha go na le pakō, lo gopolè dilō tse.”—Bafilipi 4:8.
Melaometheo eno e ile ya nna ya kaela batho ba Modimo mo makgolokgolong a dingwaga. Kwa Roma wa bogologolo Bakeresete ba ne ba sa tlhoke molao ope o o papametseng o o ba bolelelang gore metshameko ya batho ba ba tlhabanang gore ba bo ba swe, e e neng e tletse ka polao le bosetlhogo, e ne e le boitlosobodutu jo bo sa siamang. Ba ile ba dirisa melaometheo e e tshwanang le e e fa godimo fela mme ka go dira jalo ba itshireletsa, bone le malapa a bone, le diphuthego tsa bone.
Kafa O Ka Tlhophang ka Teng
Bakeresete ba boammaaruri ba dira jalo le gompieno. Fa ba tlhopha boitlosobodutu, ba tlhola pele gore bo na le boitshwaro jwa mofuta ofe. Jang? Ka sekai, pele ga ba reka rekoto, ba lebelela khabara ya yone pele. Mmino oo o bapadiwa jang? A o kgothaletsa mekgwa e e sa reng ee? Kilano? Botsoulodi? Bogale? Tlhakanelodikobo le phepiso? Fa gongwe mafoko a one a a bo a kwadilwe gore motho a a bone. Ka tsela e e tshwanang, dipati tsa dibuka gantsi di na le tshobokanyo ya diteng, mme fa gongwe le dikakgelo tse di leng malebana le tsone di a bo di le teng. Mme le ka difilimi fa gongwe go nna le dikakgelo tse di leng malebana le tsone mo dimakasineng le mo dipampiring tsa dikgang tsa lefelo leo. Mafatshe a mangwe a baya difilimi ka ditlhopha tse di ka thusang go kaela motho. Kwantle ga pelaelo, fa e le gore lefatshe leno le le senang boitsholo le bona boitlosobodutu bongwe bo tlhalosa tlhakanelodikobo, boitsholo jo bo sa siamang, kgotsa thubakanyo go feta selekanyo, go thata go akanya gore Mokeresete ene a ka tlhoma ditekanyetso tse di kwa tlase ga tseo mme a bo a iteseletsa go tsenya dilo tseo mo tlhaloganyong le mo pelong ya gagwe.
Mo letlhakoreng le lengwe, Kgosi Solomone yo o botlhale o kile a tlhagisa jaana: “U se ka ua nna tshiamō ea mo go heteletseñ; le gōna u se ka ua itiha botlhale yoa mo go heteletseñ: ana u ka bo u itshenyetsañ?” (Moreri 7:16) Go itira mosiami thata ke seru se go leng motlhofo go wela mo go sone fa go tla mo boitlosongbodutu. Re ka nna ra ngaparela thata tlhopho e re e dirileng, re sena go sekaseka melaometheo ya Bibela ka kelotlhoko le ka thapelo. Mme lefa go le jalo, re ka nna ra fitlhela gore ba bangwe ba le bone ba tshelang ka melaometheo e e tshwanang le ya rona ba e leba ka tsela e e farologaneng. O se ka wa dira gore seo se go hutsafatse. Mongwe le mongwe wa rona o ikarabelela mo tlhophong e a e dirileng.—Bagalatia 6:4.
Fa go Le Gontsi go Feta Selekanyo Ke Fa Go Le Kae?
Mokgwa o lefatshe le bayang boiketlo kwa pele ka one o feteletse fela thata. Ka sekai, kakgelo nngwe ya bosheng jaana mo makasineng wa kgwebo o go tweng Parks & Recreation e ne ya bitsa boitapoloso e re ke “konokono ya botshelo.” Ka tsela e e tshwanang, bosheng jaana The New York Times Magazine e ne ya bolela jaana ka bosigo jwa Matlhatso, e leng nako e e rategang thata ya boitapoloso: “Fa o tlhakanya, o tla fitlhela gore malatsi a fa gare ga beke a mantsi thata go feta masigo a Matlhatso, mme lefa go le jalo bosigo jwa Matlhatso ke jone bo dirang gore botshelo bo nne le bokao.” Baitse bangwe ba bile ba re mo mafatsheng a a tlhabologileng, batho ba rata boiketlo thata, mme ba tsaya bodumedi e le nngwe ya ditiro tsa fa o iketlile.
Bakeresete ga ba gakgamadiwe ke go bewa kwa pele ga dilo tse di seng botlhokwa jalo. Bibela e sale e boleletse pele gore mo “metlheñ [eno] ea bohèlō” e e tlhokofatsang, batho ba tla nna “baithati, . . . barati ba dikgatlhègō, bogolo go go nna barati ba Modimo.” (2 Timotheo 3:1-4) Mme melaometheo ya Bibela yone e re thusa go baya dilo tsa rona ka maemo a tsone sentle. Fela jaaka fa Jesu a ile a re, “u ratè Yehofa Modimo oa gago ka pelo eotlhe ea gago, le ka mōea otlhe oa gago, le tlhaloganyō eotlhe ea gago, le ka thata eotlhe ea gago.” (Mareko 12:30) Ka jalo, mo bathong ba Modimo, go mo rata go tla pele mo matshelong a bone. Go na le go tsaya gore tirelo ya Bokeresete ke ya fa motho a iketlile, ba e baya kwa pele. Tota le tiro ya bone ya boitshediso e direlwa go tshegetsa tirelo eo ya botlhokwa.—Mathaio 6:33.
Ka jalo fa go tla mo boitlosongbodutu, Mokeresete o tshwanetse go sekaseka ditshenyegelo, a bapise nako e bo tlileng go e ja le nako e tota e bo tshwanetseng. (Luke 14:28) Fa e le gore go itlosa bodutu ka tsela nngwe go tla raya go tlhokomologa dilo tsa botlhokwa, tse di etsang thuto ya motho ka namana kgotsa ya lelapa ya Bibela, nako ya go nna mmogo le badumedi ka ene, bodihedi jwa Bokeresete, kgotsa maikarabelo a a botlhokwa a lelapa, he go raya gore bo tla bo bo tura go feta selekanyo.
Seo Dilo Tse O Di Tlhophang Di Se Senolang ka Wena
Nako e re e tsayang re itlosa bodutu e tla bontsha gore ke eng se re se bayang kwa pele, fela jaaka fa se se mo boitlosongbodutu jwa rona se tla senola boitshwaro jwa rona le gore re tlhoafetse go le kana kang mo boineelong jwa rona. Dilo tse re di tlhophang di tla bolelela batho ba re nnang le bone gore re batho ba mofuta mang, gore ke mekgwa efe ya boitsholo e re e batlang. Dilo tse re di tlhophang di tla bolelela ditsala tsa rona, ba lelapa la rona, le phuthego ya rona gore a re tekatekanyo kgotsa re batho ba ba sa obegeng, gore a re tlhamaletse kgotsa re baitimokanyi, gore a re tshiamo kgotsa re ithaya re re re siame.
Mma ditshwetso tsa gago di go emele wena le ba lelapa la gago, ereka o sa fitlhegela matlho a Mmopi, yo o sekasekang dipelo le maikutlo a rona rotlhe. Bahebera 4:13 ya re: “Ga go na sebopiwa sepè se se sa bōnatshegeñ mo matlhoñ a ōna: me dilō cotlhe di apogile, di senogile ha pele ga matlhō a ōna o re nañ le go dihana naō.” Ke Modimo fela yo o ka bonang karabo ya popota ya kgang eno: A mme gone re tla kaelwa ke melaometheo ya gagwe mo dikarolong tsotlhe tsa botshelo?
[Setshwantsho mo go tsebe 8]
Boitlosobodutu jo o bo tlhophang bo bolela mo gontsi thata ka wena le lelapa la gago
[Setshwantsho mo go tsebe 9]
A o kelotlhoko ka se o se lebelelang, se o se reetsang, le se o se balang?