LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g92 11/8 ts. 11-12
  • Setho Se Eletsa Lefatshe Le Lesha

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Setho Se Eletsa Lefatshe Le Lesha
  • Tsogang!—1992
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Ke Lefatshe Le Lesha la Mofuta Ofe?
  • Baebele e a Reng ka Ntwa ya Nuklea?
    Ditlhogo Tse Dingwe
  • A Batho Ba Ka Tlisa Kagiso ya Go ya Go Ile le Polokesego?
    Kagiso ya Boammaaruri le Polokesego—O Ka Di Bona Jang?
  • A Tota Lefatshe le Lesha le Tla Tla?
    Tsogang!—1993
  • Ntwa ya Nuklea—Ke Bomang ba ba Bakang Matshosetsi?
    Tsogang!—2004
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tsogang!—1992
g92 11/8 ts. 11-12

Setho Se Eletsa Lefatshe Le Lesha

GO ELETSA ga setho lefatshe le lesha ga go ise go ke go nne ka selekanyo se segolo go feta jaaka fa go ntse gone jaanong. Dingwagasome tse robedi tse di fetileng tseo di neng di tletse ka dintwa, dikhuduego, mauba, leroborobo la malwetsi, bokebekwa, le kgotlelo e ile ya nna dilo tse di sa jeseng di welang. Setho se rata go iphitlhela se tshela mo lefatsheng le lesha la kagiso. Fa ba tsibogela keletso eno, baeteledipele ba lefatshe ba ile ba simolola go bua kaga go dira lefatshe le le ntseng jalo.

Kwantle ga pelaelo o tshwanetse wa bo o ile wa nna wa utlwa kana wa bala kaga banna ba ba tumileng ba lefatshe ba bolela fa lefatshe le lesha le le gaufi. Moperesidente wa U.S. George Bush o ile a bua jaana mo puong ya gagwe ka September 1991: “Maitseboeng ano, jaaka fa ke ntse ke lebile lethathama la ditiragalo tsa temokerasi di ntse di diragala lefatshe ka bophara, gongwe—gongwe re gaufi thata le lefatshe leo le lesha go feta lefa e le leng pele.”

Baeteledipele ba lefatshe ba ile ba supa go khutla ga go Khutlana ka Dijabana magareng ga ditlhopha tsa sepolotiki tsa merafe ya Botlhaba le ya Bophirima jaaka bosupi jwa gore lefatshe le lesha le gaufi. Eleruri, batho ba ikutlwa ba wela dibete jaaka fa dithulaganyo tsa peomarumofatshe di ntse di tlhomiwa. Go fokodiwa ga dibetsa tsa nuklea go tiisa tsholofelo ya ba le bantsi kaga lefatshe le lesha le le nang le kagiso le polokesego.

Ka April monongwaga, George McGhee, yo e neng e le mokwaledi yo o kafa tlase ga mokwaledi wa naga ka nako ya botsamaisi jwa ga moperesidente wa U.S. moswi John F. Kennedy, o ne a bua jaana: “Gone jaanong jaana re na le tshono e ntle—eleruri, re na le tshwanelo—ya go dira dithulaganyo tse di duleng diatla tsa tsamaiso e ntšha ya lefatshe eo e itshetlegileng ka megopolo e mesha ya tshireletsego.” O ne a oketsa jaana: “Ke dumela gore tsholofelo e e solofetsang go gaisa ya tsamaiso e ntšha ya lefatshe e e nang le katlego e ikaegile mo go nonotsheng dikgolagano tsa boagisani jwa boditšhabatšhaba.”

McGhee o ne a bolela gore go bo Fora e ile ya gogela morago diteko tsa dibetsa tsa nuklea go ya kwa bofelong jwa 1992 e ne e le “maiteko a go rotloetsa dipuso tse dingwe tse di nang le dibetsa tsa nuklea go dira se se tshwanang.” O ne gape a lebisa go seo Russia e ileng ya se dira eleng “go tsaya bogato jwa pele mo go fokotseng mabolokelo a dibetsa tsa nuklea le go gogela morago maiteko a go ema ka ditsetsekwane go ka dirisa maatla a dibetsa tsa nuklea.”

Mo godimo ga moo, kwa kokoanong ya baeteledipele ba lefatshe e e neng e tshwaretswe kwa London ka July 1991, ba le supa ba bone ba ile ba bolela gore go ipopa ga merafe e e farologaneng ka nako ya ntwa ya Kgogometso ya Peresia go ne ga “tlhomamisa kafa merafe ya boditšhabatšhaba e kgonang go dira mmogo ‘go dira gore kagiso le polokesego ya boditšhabatšhaba e nne gone le go rarabolola dikgotlhang.’”

Ke Lefatshe Le Lesha la Mofuta Ofe?

Dilo tsotlhe tseno di utlwala di kgothatsa. Lefa go le jalo a o ko o ipotse, Ke lefatshe le lesha la mofuta ofe leo merafe e solofelang go le dira? A ke lefatshe leo le senang dibetsa, lefatshe leo go senang ntwa mo go lone?

McGhee o araba jaana: “Amerika e tshwanetse ya nna e ntse e na le dibetsa e le gore e ke e tsenye letsogo mo maitekong ape fela a a kopanetsweng a mo isagweng kana gore e fenye fa ntwa e runya.” Ka gone baeteledipele ba lefatshe ga ba buelele gore dibetsa di fedisiwe gotlhelele, ebile ga ba bolele gore dibetsa di ka se dirisiwe fa, jaaka McGhee a boletse, “ntwa e ka runya.” Dipuso ga di kake tsa kgona go solofetsa lefatshe le lesha le le senang dintwa. Fa re bua boammaaruri fela, ba itse sentle fela gore ga ba kake ba kgona go dira lefatshe le le ntseng jalo.

Ka sekai, akanya fela ka seo eleruri se setseng se diragetse. Ka May 17, 1992, kafa tlase ga setlhogo se se reng “Thulaganyo ya Lefatshe le Lesha,” mokwaladikgang wa New York Times, Anthony Lewis o ne a kwala jaana: “Fa ke lebeletse ditshwantsho tsa thelebishene di bontsha dithunyi tseo di phamphamologang kwa [Sarajevo, Bosnia, le Herzegovina,] le go bona baagi ba akgaakgega ka ntlha ya letshogo, ke ne ke akanya gore tlhabologo ga e ise e ko e diragale fa esale ka dibomo tsa Nazi di ruthagana kwa Rotterdam. Thulaganyonyana ya teng ya lefatshe le lesha.”

Go ntse go le jalo, mo godimo ga go fedisa ntwa, go santse go na le mathata a le mantsi ao a tshwanelwang ke go rarabololwa e le gore go ke go tlhongwe lefatshe le lesha le le kgotsofatsang. Akanya fela ka kgotlelo e e maswe eo ka bonya ka bonya e leswefatsang moya, mmu, le mawatle; ditlhopha tse di maatla tse di rulagantsweng tsa dikebekwa, mekgatlho eo eseng kafa molaong eo e gwebang ka diokobatsi tseo di tseelang dimilionemilione tsa batho ditsabone le go gobatsa boitekanelo jwa bone; go remakakwa ga dikgwa go go felelang ka kgogolego ya mmu eo kwa bofelong e gogelang kwa go reng merwalelela e e senyang dijalo e nne gone.

Mo godimo ga moo, se sengwe gape seo se tshwanelwang ke go rarabololwa ke mathata ao a amang mebele ya batho, ao a kopanyeletsang mathata a pelo, kankere, AIDS, bolwetsi jwa madi a a bokoa, le bolwetsi jwa sukiri. Mme gone go tweng ka mathata a lehuma, go tlhoka matlo, tlhaelo ya dijo le metsi, phepelotlase, go sa itseng go bala le go kwala, le go koafadiwa ga ozone layer? Eleruri, lethathama la mathata ao a tshwanelwang ke go rarabololwa le ka se kake la ba la fela. Mathata ano a a seng kana ka sepe a tshwana fela le mokgebe wa dibomo tseo di beetsweng nako ya go thunya. Motho o tshwanetse ke go di tima gone jaanong pele fela ga di ka phamphamologa ka go tlhomagana ga tsone go go ka lereng masetlapelo ao a ka gogelang kwa go nyeleleng ga gagwe. A a ka kgona go tlhoma lefatshe le lesha pele ga seno se diragala?

Ke dingwagangwaga mekgatlho ya batho le dikokoano tsa bone di ileng tsa dira ka thata go leka go rarabolola mathata ano a lefatshe. Go ntse go le jalo, ga se fela gore mathata ano a ile a tota mme gape go ile ga tlhaga a mangwe a masha ebile e le a a raraaneng le go feta. A go sa kgoneng go rarabolola mathata ano ga batho go bolela gore go eletsa ga batho lefatshe le lesha le le nang le kagiso, le le sireletsegileng ke ga lefelafela? Re ka araba ka tsholofelo ka gore nnyaa! Tsweetswee sekaseka gore ke ka ntlha yang fa re ka re jalo.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela