Kgaolo 2
A Batho Ba Ka Tlisa Kagiso ya Go ya Go Ile le Polokesego?
1. Ke dipotso dife tse re tlhokang go di botsa, mme ka ntlha yang?
GORE TSHOLOFELO e reye sengwe, e tshwanetse ya bo e thailwe mo bonneteng, mo boammaaruring. Ditsholofelo tsa maaka di foufatsa batho fela mo bonneteng. Ka gone, re tshwanetse ra botsa: A tota re lemoga kafa mathata a leng magolo ka gone ao a tshwanetsweng go rarabololwa gore go nne kagiso le polokesego tsa mmatota? A re lemoga kafa seemo se potlakileng ka gone? A go na le bosupi bope jwa gore ditharabololo tsa batho di tla lekana le bogolo jwa tiro?
2, 3. (a) Ke ka ntlha yang fa go batla kagiso le polokesego go potlakile thata gompieno? (b) Ke matshosetsi afe a mangwe a a leng gone mo botshelong mo lefatsheng?
2 Go ile ga feta dikete tsa dingwaga batho ba ntse ba senka kagiso ya go ya go ile le polokesego, kwantle ga katlego epe. Mme jaanong seemo ke se se potlakileng thata ka ntlha ya matshosetsi a ntwa ya nuklea. Pego nngwe ya Canada e ne ya tlhagisa jaana: “Ga go na sepe se se tshwanang le go fenya ntwa ya nuklea ka go bo fa e se na go feta go tla boitshega thata mo eleng gore bafalodi ba tla eletsa ekete ba ka bo ba sule.”3 Fa a ne a bontsha gore ke ka ntlha yang, moithuta dinaledi ebong Carl Sagan o ne a tlhalosa a re: “Jaanong jaana go na le dibolao tsa nuklea di ka feta 50 000, . . . e le tse di lekaneng go ka nyeletsa bo-Hiroshima ba ka tshwara milione.” O ne a oketsa a re: “Ga go na pelaelo epe ya gore tlhabologo ya rona ya kgolokwe yotlhe e tla senngwa.”4
3 Gammogo le seo, go na le matshosetsi a mangwe ao a ntseng a beile botshelo mo lefatsheng mo kotsing. A mangwe ke kgotlelo ya lefatshe lotlhe ya mmu, phefo, le metsi. A mangwe ke go ntsifala ga batho mo go tsamaelanang le tlala, bolwetsi, le mekubukubu.
4. Seemo sa batho se ile sa tlhalosiwa jang gompieno?
4 Mabapi le matshosetsi a a farologaneng ao setho se lebaneng le one, lekgotla lengwe la kagiso mo Norway le ne la re: “Seemo sa gompieno sa merafe yotlhe se lemogiwa ka tlalelo e e masisi eo e fitlhelwang mo e ka nnang gongwe le gongwe mo botshelong jwa batho: sa itsholelo le sa loago, sa polotiki le sa bosole, sa semoya le sa boitsholo.” Le ne la oketsa ka go re: “Thubakanyo e ntse e oketsega mme tiriso ya dikgoka jaaka sedirisiwa sa taolo le puisanyo e aname thata. . . . Kotsi ya gore kagiso e ka tseelwa sebaka ke ntwa e ntse e befela pele.”5 Seno se gogela kae? Mokwaledi-mogolo wa UN o ne a tlhagisa ka go re: “Re gaufi thata mo go boifisang le kgoberego ya merafe yotlhe.”6
Lefatshe le le se Nang Ntwa ka Maiteko a Batho?
5. Ke eng seo ditiragalo di se bontshang kaga kgono ya motho go ka khutlisa ntwa?
5 A go na le lebaka lepe la go dumela gore batho ba ka fedisa ntwa? Go ya kafa ditiragalong, go nnile teng dingwaga tse di katologaneng di se kae fa lefatshe leno le ne le se na ntwa gotlhelele. Mo lekgolong leno la bo-20 la dingwaga fela, go ile ga bolawa batho ba ba ka tshwarang dimilione tse 100 mo ntweng! Go le Kgolagano ya Merafe ya metlha ya maloba kana Merafe e e Kopaneng ya motlha wa gompieno, ga go lepe le le kgonneng go emisa polao eno.
6. A go boifa ntwa ya nuklea ke motheo o o utlwalang wa kagiso?
6 A mme go boifa tshenyego ka ntlha ya dibolao tsa nuklea go ka se fetole seno? A go ne ga se ka ga nna le poifo e e lekaneng ya dibolao tsa nuklea e e neng ya tsosiwa bogologolo ka 1945 fa dibomo tsa atomo di ne di nyeletsa metse e mebedi ya Japane? Mme kana, fa e sa le go tloga koo dibolao tsa nuklea tse di maatla a magolo thata-thata di ile tsa oketsega ka diketekete. Mme fela fa e sa le ka 1945 batho ba ba balelwang go 35 000 000 ba ile ba bolawa mo dintweng le mo mekubukubung e e neng e kopanyeletsa dinaga tse di fetang 100. Mo ngwageng wa bosheng jaana merafe mengwe e e ka tshwarang 45 e ne ya kopanyelediwa mo dikgotlhannyeng!7 Nnyaa, go boifa dibolao tsa nuklea ga go a emisa ntwa.
7. A go saenela ditumalano tsa peo dibetsa fatshe kana dikgolagano tsa kagiso di tlhomamisetsa kagiso ya go ya go ile?
7 Gone go ntse jalo, merafe e saena ditumalano tsa go baya dibetsa fa fatshe kana tsa kagiso mme e tla tswelela pele e ntse e dira jalo. Mo makgolong a dingwaga a a ntseng a feta dikete tota-tota tsa dilo tseno di ile tsa saenelwa. Lefa go le jalo, nako nngwe le nngwe fa boikaelelo jwa ntwa bo nonofa thata, dikgolagano tseo di ile tsa fetoga dikametlwana fela tsa pampiri. Merafe e e Kopaneng le yone e ile ya palelwa ke go emisa ntwa, ka go bo lemororo mo e ka nnang dinaga tsotlhe gompieno di le karolo ya UN, di le tlhokomologa fela ka go rata. Jalo a go a utlwala go gopola gore baeteledipele ba lefatshe ba nako e e tlang ba tla boloka lefoko la bone go na le jaaka ba nako e e fetileng?
8. Ke jang Bibela e ileng ya bua boammaaruri kaga go palelwa ga motho go fitlhelela kagiso ya go ya go ile?
8 Mo letlhakoreng je lengwe, boemo jwa Bibela bo tumalanong le dilo tse di diragetseng. Ga e hake gore re beye tsholofelo ya rona mo maitekong a batho a go lere kagiso. Phapaanong le seo, e ne ya bolelela pele bogologolo gore maiteko a batho ga a kitla a lere kagiso ya go ya go ile. E ne ya tlhagisa go sa le gale gore e tla re pele fela ga bokhutlo jwa tsamaiso eno ya dilo, dintwa le dikgoberego di tla gola mo lefatsheng ka bophara, ‘morafe o tsogologela morafe le bogosi bo tsogologela bogosi.’ (Luke 21:9, 10, 31; Tshenolō 6:1-4) Ditiragalo tsa lefatshe fa e sa le ka 1914 di ile tsa diragatsa dipolelelo pele tseo. Jalo go na le go tsosa ditsholofelo tsa lefela, Bibela ka boammaaruri e bolela e re: “Ga goeō mo mothuñ eo o tsamaeañ ka dinaō go siamisa dikgatō tsa gagwè.”—Yeremia 10:23.
A Batho ba ka Fenya Go Ntsifala ga Batho?
9-11. (a) Go oketsega ga baagi ba lefatshe go gola ka selekanyo se se kana kang? (b) Ke maemo afe a a tlhasetseng batho ka bontsi?
9 Baagi ba lefatshe ba ne ba tshwara bilione mo lekgolong la bo-19 la dingwaga. Jaanong ba ka tshwara dibilione tse tlhano,8 mme bilione nngwe le nngwe e ntse e tla ka bofefo jo bogolo. Ngwaga nngwe le nngwe, batho ba ka tshwara dimilione tse 90 ba ntse ba okediwa! Mme bontsi jwa kgolo eno bo oketsa fela pogo mo mafelong ao lehuma, tlala, le bolwetsi di setseng di ntse di le gone ka bontsi. Koketsego eno ya baagi ebile e ile ya bidiwa bomo ka lebaka je le utlwalang. The New York Times e ne ya akgela jaana: “Go a kgonega gore dikarolo tse dikgolo tsa lefatshe di tla fetogela mo sekakeng ka ntlha ya dikgatelelo tsa baagi ba ba sa laolesegeng le lehuma go na le jaaka go ka dira sebetso sa nuklea.”9
10 Mabapi le selekanyo seno sa leuba je le mo lefatsheng, makasine wa Time o ne wa re: “Bothata jwa tlala gompieno bo farologane thata-thata le jwa nako e e fetileng . . . Jaanong go na le dijo di le dipotlana fela thata mo dikarolong di le dintsi tsa lefatshe, ngwaga le ngwaga, mo eleng gore 25% ka botlalo ya baagi ba lefatshe ke e e mo tlaleng kana e e sa otlegeng sentle.”10 Motswedi mongwe o hopholetsa gore ngwaga nngwe le nngwe masea a ka tshwara dimilione tse 11 a swa pele ga a fetsa letsatsi ka ntlha ya go tlhaselwa ke mopalo le bolwetsi.
11 Pego e e tshwanang le eo e tlhalosa jaana: “Bobotlana motho a le mongwe mo go ba le batlhano o tshelela mo lehumeng je le botlhoko, khumanego e kgolo fela thata e e garimolang batho go sa itse ope.”11 Mme seno, go ya ka The Toronto Star, e ne e le fela morago ga fa kopano nngwe e e neng e le mo Rome kaga dijo mo lefatsheng dingwaga tse di lesome tse di fetileng “e se na go ititaya sehuba go re, e tla re mo dingwageng tse di lesome, go bo go se na ngwana ope yo o tla lalang ka tlala, go se na lelapa lepe le le tla boifang gore le tla tsoga lee ja eng go bile go se na motho ope mo isagweng yo o tla tlhaselwang ke mopalo.”12 Abo ditsholofetso tse di ntseng jalo di ile tsa itshupa e le tsa lefela ruri! Bonnete bo mo go seo se neng sa buiwa ke Guardian ya Ennyelane: “Lefatshe le mo losing fela lwa kudumedi. . . . Dikontinente ka kakaretso di ile tsa bona ditsholofelo tsa tsone tsa isagwe di nyelela.”13
12. A go fokotsa selekanyo sa madi a a senngwang mo bosoleng go tla rarabolola bothata?
12 Bogolo jwa bothata ga bo mo lefatsheng, mme bo mo babusing le mo bathong le mo maikutlong a bone. Ka sekai, jaanong jaana merafe e senya mo e ka nnang didolara di ka tshwara tirilione (dibilione tse di sekete) ya didolara mo dibetseng ngwaga le ngwaga fa dimilione di le mo tlaleng. Mme le eleng fa namane e tona eno ya boitlhomelelo jwa sesole e ne e ka tlogelwa, ditsamaiso tse di farologaneng tsa ikonomi tsa lefatshe di ne di tla tlhabantshana le tharabololo ya bothata jono. Gantsi, fa dijo di le gone, keletso ya go bona merokotso e e kwa godimo e kganela gore di ka abelwa bao ba di tlhokang. Mo mafelong mangwe, bogoromente ba ile ba duela balemi gore ba se ka ba lema dijwalo tse di rileng ka jaana go di lema ka bogolo go ka digela ditlhotlhwa kwa tlase thata. Dilekanyo tse dikgolo tsa dijo di ile tsa bo tsa senngwa ka ntlha ya go bo di le dintsi thata.
13. A Bibela e ne e tsepame fa e ne e bolelela pele kaga maemo a a leng gone mo bokhutlong jwa lefatshe?
13 Ka gone, go sa kgathalesege ditswelelo pele tsa one tsa boitseanape, mokgatlho wa segompieno ga o a kgona go tila one maemo ao Bibela e a boleletseng pele. E ne ya bolelela pele ka tlhomamo go tla ga “ditlhaelo tsa dijo” tse di botlhoko mo ‘bofelong jwa tsamaiso ya dilo.’—Mathaio 24:3, 7, (NW); Tshenolō 6:5-8.
A Batho ba ka Agisana Le Lefatshe?
14-16. Bothata jwa kgotlelo bo masisi go le kana kang?
14 Ka dingwaga di le dintsi jaanong, batho ba tlhabantshitse lefatshe le ba tshelang mo go lone. Ba ile ba tshololela maswe a a nang le tšhefi mo metsing, mo moyeng, le mo mmung. Setlhogo sa dikgang sa Toronto Star se ne sa bolela jaana: “Kgotlelo e Baya Lefatshe mo Kotsing.” Setlhogo se ne sa re: “Polanete Lefatshe e mo tlhaselong e e diphatsa. Mme motlhasedi ke motho.” E ne ya elatlhoko go re “ditšhefi tsa tswelelo pele ya gagwe” jaanong di bopela go nna gone ga gagwe ka sebele, mme ebile gape e ne ya tlhalosa jaana: “Baitseanape ba tsaya go senngwa ga tikologo gongwe le gongwe jaaka matshosetsi a a masisi a ntwa ya nuklea.”14
15 Ka sekai, ka United States, makasine wa Discover o re: “Dikhemikale tse di bolau le ditshipi tse di ntseng di nwela moteng ga lefatshe di bopela metsi a a kafa tlase ga lefatshe a morafe. Batlhatlhobi ba metsi bangwe ba boifa gore lobaka lo ka ne lo setse lo ile la go ka tlhola go ka bolokwa kwatara ya one.”15 Mo Ennyelane The Observer e ne ya bolela gore kgotlelo ya dikhemikale e ile ya senya “bontsi jwa metsi a a nowang a Ennyelane.”16 Mme New Scientist yone e ne ya bega ya re: “Ba World Health Organization ba bolela gore malwetsi ao a tsamaelanang le metsi a a leswe a bolaya batho ba le 50 000 letsatsi le letsatsi.”17
16 Mo United States patlisiso ya palamente e ne ya senola fa go na le dilo tse di tšhefi thata mo phefong. The New York Times e ne ya bega ya re: “Diketekete tsa ditono tsa dilo tse di tsalang kankere le tse dingwe gape tse di bolau di ntse di tsenngwa mo loaping lwa rona ke makgolokgolo a difeketiri.”18 Gammogo le seno ke dikhemikale tse di bolau tse di tshololelwang mo mmung, ka sekai, jaaka dibolaya diji, gammogo le mo dijong tsa rona ka go fiwa diphologolo.
17. A go bonala fa boranyane bo tla rarabolola bothata jono?
17 A boranyane bo ka thusa? A seo se ka nna jalo, ereka bo setse bo tlhagisitse mathata a le mantsi? Buka Environmental Ethics e tlhalosa jaana: “Boranyane ke motlhanka fela yo o nang le mosola o mmotlana, ebile a sa ikanyege thata-thata. Fa bo rarabolola bothata, gantsi bo tsala a mangwe a le mabedi a masha—mme diphelelo tse dingwe tsa jone gantsi e le tse di thata go ka bonelwa pele.”19
18. Mo go fenyeng kgotlelo, ke kitso efe ya botlhokwa-tlhokwa eo batho ba e tlhaelang, mme ke mang yo o nang le yone?
18 Mme gape, Bibela e boleletse pele tlhaelo ya motho ya botlhale mo go diriseng melemo ya lefatshe. Polelelo pele go Tshenolō 11:18 e boleletse pele nako ya fa Modimo o tla tsaya kgato “go senya ba ba senyañ lehatshe.” Tota ka boammaaruri batho ga ba tlhaloganye thuto-tikologo e e raraaneng ya lefatshe. Mme Modimo ene, o a e tlhaloganya, ka go bo e le ene a le bopileng. A ga go botlhale go leba Motsweding ono go bona tharabololo ya mathata?
Polokesego ka go Tlosiwa ga Bokebekwa
19. Ke poifo efe e batho ba le bantsi ba nang nayo gompieno, mme ka ntlha yang?
19 Kgotlelo e baya mo kotsing dilo tse tota-tota di tlhokafalelang go nna gone ga motho. Mme ntsifalo ya bokebekwa ke yone e e dirang gore palo e kgolo ya batho e nne mo poifong. Bokebekwa bo ntse bo thukhutha batho ba ba oketsegang polokesego ya bone ya botho e seng fela mo metseng-megolo mme gape le mo ditorotswaneng le mo mafelong a magae. Ga se dithoto fela mme gantsi mmele wa motho le botshelo di nna mo diphatseng.
20, 21. (a) Ke ka ntlha yang fa go tlhongwa ga melao e mesha go se kitla go fedisa bokebekwa? (b) A letlotlo je le oketsegileng kana mekgwa e mesha ya go tlhabantsha bokebekwa di tla rarabolola bothata?
20 A batho ba ka tlisa polokesego ya boammaaruri mo dikotsing tse, gongwe ka peo ya molao o mosha? Go setse go na le diketekete tsa melao mo dibukeng tsa molao tsa lefatshe. Lefa go le jalo, eno ga e ya khutlisa bokebekwa. Gape, tshenyego e e meletseng kwa teng gantsi e gola ka mo gare ga makgotla a a diragatsang molao ka boone. Boikanyologi mo mafelong a boikarabelo bo ka dirolola maiteko a basimegi ba ba diragatsang molao ba ba ikanyegang.
21 A karabo e letse mo mekgweng e mesha ya go subolola le go fenya bokebekwa? Ka mokgwa mongwe le mongwe o mosha o o tlhamiwang, dinokwane di akanyetsa ditsela tse disha go o fenya. Mme, a letlotlo le le atileng le tla rarabolola bothata? E tla bo e le phoso go fetsa ka gore bokebekwa ke jo bo tlwaelegileng fela mo ditlhopheng tsa ba ba amogelang madi a a kwa tlase. Bokebekwa jwa ba ba duelwang sentle le jone bo ntse bo tlhatloga. Ka motlhala, mo United States ngwaga le ngwaga go nyelela bobotlana $80 billion ka ntlha ya bokebekwa jo bo ntseng jalo. Mo e ka nnang diphesente tse 30 tsa dikgwebo tsotlhe tse di wang di nna jalo ka ntlha ya jone. Aferika Borwa e bega gore dikgwebo di ka nna 1 500 di ile tsa wa mo ngwageng e le nngwe ka ntlha ya bogodu jwa babereki.20
22. Ke bosupi bofe jo bo bontshang gore maiteko a batho a le osi a ka se ka a rarabolola bokebekwa?
22 Bokebekwa jo bo ntseng bo tlhatlogela godimo ga bo fela mo merafeng e se kae. Bo gongwe le gongwe. Tlhokomela dingwe tsa ditlhogo tseno go tswa lefatsheng lotlhe. Brazil: “Selekanyo se se Yang Magoletsa sa Bokebekwa.” Canada: “Selekanyo sa Bokebekwa jwa Batho ba Sesadi se Ya Magoletsa.” Ennyelane: “Bokebekwa jwa Bana jo bo sa Kgaotseng go Gola.” India: “Bokebekwa jo bo Rulagantsweng ke Papadi e e Golang.” Soviet Union: “Letshogo la Soviet ka ntlha ya Bokebekwa jo bo Golang.”21 Makasine wa Maclean’s o ne wa tlhalosa jaana: “Bokebekwa jo bo thubakanyang mo Detroit bo tlwaelegile thata mo eleng gore le eleng babolai fa gongwe ba umakiwa go se kae fela mo dipampiring tsa kafa ntle tsa dikoranta.”22 Ka gone, bokebekwa jo bo ntseng bo tlhatloga ke bothata jwa merafe yotlhe, mme maiteko a batho a le osi a ka se ka a bo fedisa. Fa tharabololo ya batho e ne e ile ya kgona, morago ga lobaka lono lotlhe le boiteko bokebekwa bo tshwanetse jwa se ka jwa tlhola bo le bothata.
23. A seo Bibela e se boleletseng pele kaga maemo a mo motlheng wa rona se ile sa diragadiwa?
23 Se se diragalang se fela jaaka Bibela e sa bolo go bolelela pele bogologolo: “Mo metlheñ ea bohèlō go tla tla dipaka tse di tlhokohatsañ. Gonne batho ba tla nna baithati, . . . ba sena boithibō, ba le bogale, e se barati ba molemō gopè, . . . e le barati ba dikgatlhègō, bogolo go go nna barati ba Modimo.” (2 Timotheo 3:1-4) Jesu o ne a bolelela pele gape ka ‘boikepo jo bo ntsifalang’ gore bo ne bo tla tlhaola lobaka lwa pele fela ga gore Bogosi jwa Modimo bo dire lefatshe lefelo la go ruiwa ke ‘batho ba ba pelonomi.’ ‘Boikepo jo bo ntsifalang’ joo ke bonnete jwa botshelo mo motlheng wa rona.—Mathaio 24:12; 5:5; Pesalema 37:29.
Mathata a Matona go Feta Otlhe
24. Le eleng fa batho ba ne ba ka rarabolola mathata otlhe a go setsweng go builwe ka one, ke baba bafe ba bagolwane ba ba sa ntseng ba tla sala?
24 A re re gongwe batho ba ka rarabolola mathata a ntwa, lehuma, tlala, kgotlelo, le bokebekwa. A seo se ka go tlisetsa kagiso e e tletseng le polokesego? Nnyaa, go tla bo go ntse go tlhaela sengwe. Bolwetse le loso di tla bo di ntse di setse jaaka baba ba ba sa fenngwang. Ruri, kgololo go tswa mathateng a mangwe e ne e ka rayang fa o ne o ka leba moratiwa wa gago a lwala a bo a swa, kana o bona mmele wa gago o tlhaselwa ke pobolo e e boitshegang?
25, 26. Ke ditebelelo dife tseo babatlisisi ba tsa kalafi ba di bonang kaga go fenya bolwetsi?
25 Lemororo dikgatelo pele tsa tsa kalafi di ile tsa dirwa, a seno se re golotse mo bolwetsing le mo losong? Motswedi mongwe wa tsa kalafi o araba jaana: “Malwetsi a a tshwaetsang ga a ise a bo a kgongwe. A sa ntse a di goga kwa pele mo go bolaeng mme, fano [mo United States], ke one thata-thata a lereng bolwetsi.”23 Pego nngwe mo Aferika e bolela gore bolwetsi bo aname thata “mo eleng gore bana bangwe le bangwe ba ba 1 000 ba ba tsalwang ba ba ka nnang 500 ba a swa pele ga ba ka nna dingwaga tse 5.”24 Go kgabaganya lefatshe lotlhe dimilione tse di makgolokgolo di tlhaselwa ke letshoroma, bolwetsi jwa kotselo, letlhatso le letshololo, lepero, le malwetsi a mangwe. Mo dinageng dingwe tse di tlhabologileng, malwetsi a pelo ke one a dirang sephatlo sa dintsho tsotlhe tse di nnang gone, mme kankere yone go swa a le mongwe mo go ba le batlhano. Mme The Lancet, lokwalo-paka lwa tsa kalafi lwa Britani, lo tlhalosa jaana: “Go kgabaganya lefatshe lotlhe go na le malwetsi mangwe a masha a a ka tshwarang dimilione tse 250 a rasephiphi le a le dimilione tse 50 a masha ngwaga le ngwaga a thosola. Go ka ne go na le a mangwe gape a le mantsinyana a a nnang gone ka tlhakanelo-dikobo.”25
26 Moitseanape mongwe o ne a tlhalosa gore fa go ne go ka bonwa kalafi nngwe ya kankere, bolwetsi jwa pelo, le bolwetsi jwa diphilo, malwetsi a mangwe a ne a tla nna babolai ba bagolo. O ne a tlhalosa jaana: “Ga go solofetse thata gore re tla oketsa boleele jwa botshelo kana go busetsa botsofe kwa morago mo isagweng e e fa gaufi.”26 Mme dingaka mo Soviet Union tsa re: “Go sa kgathalesege dikgatelopele tsotlhe tsa kalafi, mo ditiragalong tsotlhe tse di itsiweng, boleele jwa botshelo jwa motho ga bo a fetoga ka gope.”27
27. (a) Ke kakgelo efe mo Bibeleng kaga boleele jwa botshelo jwa motho eo e leng boammaaruri tota gompieno? (b) Re ka ithuta kae ka ga gore ke ka ntlha yang fa botshelo jwa batho bo le bokhutshwane thata jaana bo bile bo tletse ka mathata?
27 Abo mafoko a a mo Bibeleng go Yobe 14:1, 2 a tswelela go nna boammaaruri jang ne gompieno: “Motho eo o tsecweñ ke mosadi o malatsi mannye, o bile o tletse khuduègō. O cwa yaka sethunya, me a kgaolwe: le gōna o tshaba yaka moruti, me a se ke a tlhōla.” Bibela gape e bontsha lebaka la se, mme e kgetholola lebaka le legolo la mathata otlhe a motho, jaaka re tla bona moragonyana.
O Tla Nna le Tsholofelo mo go Eng?
28-30. Go rarabolola mathata a a lebaneng le setho, ke ka ntlha yang fa go utlwala thata go ikanya mo tharabololong ya Modimo go na le ya motho?
28 Ka boikanyegi jotlhe, a go a utlwala go ikanya batho go ka rarabolola mathata a a lebaneng le setho? Kana a go a utlwala thata go baya tsholofelo mo tharabololong e Bibela e e supang, ebong, kgato ka Modimo ka boona ka goromente wa tshiamo wa selegodimo?
29 Bogologolo-tala mopesalema yo o tlhotlheleditsweng o ne a kwala mafoko a: “Lo se ka loa ikanya dikgōsana, leha e le ñwana oa motho, eo go senañ thushō epè mo go èna. Mōea oa gagwè oa cwa me a boèle mo mbuñ oa gagwè; ka letsatsi yeuō hèla maikaèlèlō a gagwè a nyèlèle. Go segō èna eo Modimo oa ga Yakoba e leñ thushō ea gagwè; eo cholohèlō ea gagwè e leñ mo go Yehofa, Modimo oa gagwè: O o dihileñ legodimo le lehatshe.”—Pesalema 146:3-6.
30 Le ka motlha ope o se lebale gore, go sa kgathalesege gore batho ba ka tlhoafala jang kana ba ka tlhotlheletsa jang le go nonofa jaaka baeteledipele ba lefatshe, botlhe ke dibopiwa tse di swang. Ereka ba palelwa ke go ipoloka ka bobone, ba ka boloka ba bangwe jang? Ba ka se ke. Ke Modimo fela yo o ka dirang jalo, ka goromente wa Bogosi jwa gagwe.
[Setshwantsho mo go tsebe 13]
Go ralala ditiragalo tsotlhe batho ba ile ba kaila jaaka difofu go tloga kudumeding e nngwe go ya go e nngwe—ntwa, go tlhatloga ga bokebekwa, kgotlelo, lehuma, le tse dingwe tse dintsi. Ke fela jaaka Bibela ka boammaaruri e tlhalositse: “Ga goeō mo mothuñ eo o tsamaeañ ka dinaō go siamisa dikgatō tsa gagwè”
[Setshwantsho mo go tsebe 21]
“Lo se ka loa ikanya . . . ñwana oa motho, eo go senañ thushō epè mo go èna”