Thulaganyo e Ntšha ya Kopano e e Kgethegileng ya Letsatsi le le Lengwe
Setlhogo sa kopano e e kgethegileng ya letsatsi le le lengwe ya ngwaga o mosha wa tirelo se theilwe sentle mo Dikwalong, mme sa re: “Ipeyeng mo Taolong ya Modimo—Ganetsang Diabolo.” (Jak. 4:7) A bo eno e le kaelo e e molemo jang ne mo dinakong tseno tse di gwetlhang! Go ikobela ga rona ditaelo tsa Modimo go re losa le Satane ka tlhamalalo. Thulaganyo eno e tla re ruta gore re ka emelana jang ka nitamo le maano a ga Diabolo a a boikepo a a senyang tumelo. Re tlile go amogela matlotlo afe a semoya kwa kopanong eno?
Molebedi wa potologo o tla tlhalosa kafa “Go Bontsha go Ipaya mo Taolong ya Modimo Jaaka Maloko a Lelapa” go nonotshang malapa ka teng gore a kgone go emelana le dikgatelelo tsa lefatshe leno. Puo ya ntlha mo letsatsing leo ya sebui se se etileng e e reng, “Se go Ganetsa Diabolo go se Bolelang,” e tla tlhalosa gore ke ka ntlha yang fa re tshwanetse go tsaya kgato ka bopelokgale go emelana le maikaelelo a ga Satane a go senya bomoya jwa rona le gore re ka dira seo jang. Go na le dikarolo tse pedi tse di rulaganyeditsweng basha ka mo go kgethegileng, ba le bone ba tshwanetseng go nna ba etse tlhoko maano a ga Diabolo. Bakeresete ba le bantsi ba jaanong ba setseng ba godile ba ile ba gana go ya le dikeletso tsa lefatshe leno fa ba ne ba sa ntse ba le basha. Re tla ipelela go utlwa mangwe a maitemogelo a bone.
Batho botlhe ba tshwanetse go ikobela taolo. Ka jalo, puo e e konelang ya sebui se se etileng e tla gatelela dikarolo di le nnè tse re tshwanetseng go bontsha gore re ikobela Modimo mo go tsone: (1) mo dipusong, (2) mo phuthegong, (3) kwa ditirong tsa boitshediso le (4) mo lelapeng. Ruri ke thulaganyo e e mosola tota!
Ba ba ratang go kolobediwa kwa kopanong eno e e kgethegileng ya letsatsi le le lengwe ba tshwanetse go itsise molebedi yo o okamelang ka bonako jo bo ka kgonegang. Rotlhe re tshwanetse go tshwaya letlha la kopano eno mo dikhalendareng tsa rona mme re rulaganyetse go nna gone mo thulaganyong yotlhe ya kopano eno. Re tla bona masego a a nnelang ruri jaaka re ikobela Jehofa ka bosakhutleng.