Thulaganyo e Ntšha ya Kopano e e Kgethegileng ya Letsatsi le le Lengwe
Thulaganyo eno ya dikopano tse di kgethegileng tsa letsatsi le le lengwe e simologile ka 1987. Dikokoano tseno tsa letsatsi le le lengwe di itshupile di aga batlhanka ba ga Jehofa le batho ba ba kgatlhegang ba ba nnang gone mo go tsone. Go simolola ka September 1998, go tla neelwa thulaganyo e ntšha ya kopano e e kgethegileng ya letsatsi le le lengwe. O tla fitlhela gore dipuo tse robonngwe le dipotsolotso di le mmalwa le maitemogelo di molemo mo semoyeng.
“Bontsha Gore o Anaanela Tafole ya ga Jehofa” ke setlhogo sa thulaganyo eno e ntšha. (Isa. 65:14; 1 Bakor. 10:21) Se tla nonotsha boikaelelo jwa rona jwa gore tsela e re obamelang Jehofa ka yone e tshwanetse ya nna e e tlang pele mo matshelong a rona. (Pes. 27:4) Karolo ya molebedi wa potologo e tla bua ka “Go Tlhatlhoba mo Dipelo Tsa Rona di Sekametseng Gone” malebana le go nna gone kwa dipokanong. Sebui se se etileng se tla re bontsha tsela ya go “Boloka Bomoya Jwa Gago Ka go Ja mo Tafoleng ya ga Jehofa.” Gape kgothatso e e mosola e tla neelwa basha mo phuthegong ya ga Jehofa gore ba nitame mo go direleng Modimo. Puo e kgolo ya sebui se se etileng, e e nang le setlhogo se se reng “Go Nonotshiwa mo Semoyeng go Neela Bosupi ka Bopelokgale,” e tla bontsha kafa dithulaganyo tse di dirilweng ke phuthego di re tlhomelelang ka gone gore re neele bosupi ka bopelokgale ka Bogosi. Ke mang yo o ka se kang a batla go solegelwa molemo ke thulaganyo eno?
Batho ba ba sa tswang go ineela ba ba eletsang go kolobediwa ba tshwanetse go itsise molebedi yo o okamelang ka bonako. Re tshepa gore fa re simolola ngwaga wa bo12 re ntse re na le thulaganyo eno ya kopano e e kgethegileng ya letsatsi le le lengwe, mongwe le mongwe yo o tla bong a le gone o tla nonotshiwa mo semoyeng go dira tiro e e larileng kwa pele.