Kopano e e Kgethegileng ya Letsatsi le le Lengwe ya 2010
1. (a) Ke ditlhogo dife tsa Baebele tse di tlhalositsweng mo dikopanong tse di kgethegileng tsa letsatsi le le lengwe mo dingwageng tsa bosheng? (b) A go na le dintlhakgolo dingwe go tswa mo dikopanong tse di kgethegileng tsa letsatsi le le lengwe tse di fetileng tse di ileng tsa go thusa mo bodireding jwa gago?
1 “Lo Tlhomamise Dilo Tse di Botlhokwa Thata,” “Emang lo Nitame lo le Letsomane le le Lengwe,” “Nnang lo Supe ka ga Boammaaruri,” le “Re Letsopa—Jehofa ke Mmopi wa Rona wa Letsopa.” (Bafil. 1:9, 10, 27; Joh. 18:37; Isa. 64:8) Tseno ke dingwe tsa ditlhogo di le mmalwa fela tse go neng ga tlotliwa ka tsone mo dikopanong tse di kgethegileng tsa letsatsi le le lengwe tse di fetileng. A o tlhoafaletse go nna teng mo kopanong e e kgethegileng ya letsatsi le le lengwe ya ngwaga wa tirelo wa 2010? E tla tlhalosa setlhogo se se reng: “Nako e e Setseng e Khutshwafetse,” se se tswang mo go 1 Bakorintha 7:29.
2. Re ka dira jang gore re nne re lebeletse pele kwa kopanong e e tlang?
2 Simolola go nna le tlhoafalo ka thulaganyo ya kopano e e kgethegileng ya letsatsi le le lengwe fa letlha la yone le sena go itsisiwe mo phuthegong ya lona. Batsadi ba bangwe ba thusa bana ba bone go lebelela pele kwa kopanong ya letsatsi le le lengwe ka go kwala letlha la yone mo khalendareng ya lelapa, le go kwala dilo tse di tla tlhokegang kwa kopanong, ba bo ba simolola go bala malatsi go fitlha kopano e goroga. Ka Maitseboa a Kobamelo ya Lelapa, o ka nna wa boeletsa dintlha tsa kopano e e fetileng ya letsatsi le le lengwe. O ka nna gape wa baakanyetsa kopano eno ka go baakanya pelo ya gago ka go boeletsa dintlha tse di mo bukeng ya Solegelwa Molemo ke Thuto ya Sekolo sa Bodiredi sa Puso ya Modimo, ditsebe 13-16, gore o thuse wena le lelapa la gago go ‘tlhokomela kafa lo reetsang ka gone.’—Luke 8:18.
3. Re ka solegelwa molemo jang ka botlalo ke tshedimosetso e e tla bong e neelwa kwa kopanong?
3 Dirisa Se o Se Ithutang: Gantsi go tlwaelegile go utlwa batho ba bua mafoko ano morago ga kopano, “A bo e ne e le thulaganyo e e molemo jang ne!” Seo gantsi se boammaaruri ka gonne eo ke nngwe ya dilo tse di humisang tse di tswang kwa go Jehofa. (Dia. 10:22) E le gore tshedimosetso eo e go ungwele maungo, o tshwanetse go tlhatlhanya ka yone le go e boloka. (Luke 8:15) Iphe nako ya go tlotla ka thulaganyo ya kopano fa lo ya gae le ba lelapa kgotsa le ba o nang le bone mo koloing. Tlotlang ka mekgele le dintlha tse di tla thusang mongwe le mongwe wa lona mo bodireding. Go dira jalo go tla dira gore tshedimosetso eo e lo solegele molemo, le e leng nako e telele morago ga kopano.—Jak. 1:25.
4. Ke ka ntlha yang fa kopano eno e tla bo e le e e kgethegileng mo go rona?
4 Ka metlha re ikutlwa re le batho ba ba kgethegileng fa re amogela mpho e re e tlhokang tota. A bo re letetse ka tlhoafalo jang ne se Jehofa a tla se re nayang kwa kopanong e e kgethegileng ya letsatsi le le lengwe! Re ka tlhomamisega gore mpho eno e tla re solegela molemo ka ditsela tsotlhe. Re ka solofela gore Rrarona wa kwa legodimong, Jehofa a re neye mpho e e molemo, e e tlang ka dikgothatso le thapiso e e tla re thusang go dira tiro e a re abetseng yone.—2 Tim. 4:2; Jak. 1:17.