Tlhokomela Thata Kafa o Dirisang Nako ka Teng
1. Ke eng se batho gongwe le gongwe gompieno ba fitlhelang se le thata?
1 Le fa re tshela mo motlheng o go tletseng dilo tse di diretsweng go boloka nako le go fokotsa tiro, batho ba le bantsi ba iphitlhela ba na le dilo tse dintsi tse ba tshwanetseng go di dira mme ba se na nako e e lekaneng ya go di dira. A o fitlhela go le thata go nna le thulaganyo e e molemo ya ditiro tsa semoya? A o eletsa e kete o ka bo o dirisa nako e e oketsegileng mo bodireding? Re ka dirisa nako ya rona jang ka tsela e e molemolemo?—Pes. 90:12; Bafil. 1:9-11.
2, 3. Botegeniki jwa go anamisa tshedimosetso bo re naya kgwetlho efe, mme mongwe le mongwe wa rona a ka itshekatsheka jang?
2 Lemoga Dilo Tse di Senyang Nako ya Gago: Rotlhe re tshwanetse go nna re sekaseka gore re dirisa nako ya rona jang. Baebele e re rotloetsa jaana: “Nang lo tlhokometse ka kelotlhoko e kgolo gore kafa lo tsamayang ka gone ga se jaaka batho ba ba seng botlhale mme ke jaaka ba ba botlhale, lo ithekela nako e e lo siametseng, ka gonne malatsi a bosula.” (Baef. 5:15, 16) Akanya ka mathata a a bakwang ke kgatelopele ya botegeniki jwa go anamisa tshedimosetso. Le fa dikhomputara le dilwana tse dingwe tsa ileketeroniki di na le mosola tota, di ka nna kotsi fa re sa tlhokomele thata kafa re dirisang nako ka teng.—1 Bakor. 7:29, 31.
3 Mongwe le mongwe wa rona o tshwanetse a ipotsa jaana: ‘A ke senya nako letsatsi le letsatsi ke bala kgotsa ke araba melaetsa ya E-mail e tota e se nang mosola? A ke senya nako e ntsi ke founela batho kgotsa ke ba kwalela melaetsa ka founo ya selula ke bua ka dilo tsa lefela? (1 Tim. 5:13) A ke iphitlhela ke fenyenkolola Internet fela go se na se ke se batlang, kgotsa ke nnela go fetofetola seteishene sa thelebishene fa ke e lebeletse? A ke setse ke nna ke tshwaregile ka metshameko ya khomputara mo ke sa tlholeng ke na le nako ya go ithuta Lefoko la Modimo?’ Ditiro tse di ntseng jalo di ka re bolaya semoyeng re sa lemoge.—Dia. 12:11.
4. Mosha mongwe o ne a dira phetogo efe, mme ka ntlha yang?
4 Go Dirisa Nako ka Botlhale: Dilwana tsa ileketeroniki di feleletsa di re jela nako. Mosha mongwe yo o neng a tseneletse thata mo metshamekong ya khomputara o ne a dumela jaana: “Ka dinako tse dingwe fa ke ne nka tshameka pele ke ya tshimong kgotsa ke ya pokanong ya Bokeresete, fa ke fitlha koo ke ne ke palelwa ke go tlhoma mogopolo. Ka dinako tsotlhe ke ne ke nna ke akantse ka gore ke ya go tshameka jang ka tsela e e botoka fa ke fitlha kwa gae. Ke ne ke sa tlhole ke kgona go ithuta ke le esi le fa e le go bala Baebele ka metlha. Ke ne ka simolola go felelwa ke boipelo jwa go direla Modimo.” E re ka a ne a lemoga gore o tlhoka go dira diphetogo o ne a phimola metshameko ya gagwe yotlhe ya khomputara. O gakologelwa jaana: “Go ne go le thata tota. Ke ne ke tshwakgotswe ke metshameko ka selekanyo se ke neng ke sa se akanya. Mme gape ke ne ka ikutlwa ke fentse tota ka gonne ke ne ke itse gore go dira jalo go ne go tlile go ntsholegela molemo.”—Math. 5:29, 30.
5. Re ka ithekela nako jang gore re dire ditiro tsa semoya, mme re solegelwa molemo jang ke go dira jalo?
5 Go ka nna ga tlhokega gore o tseye dikgato tse di ntseng jalo fa e le gore go na le fa o tlhokang go dira diphetogo gone. A o ka reka halofo ya ura letsatsi le letsatsi mo ditirong tse di se nang mosola? Ke yone nako e o ka nnang wa e tlhoka gore o bale Baebele yotlhe mo ngwageng o le mongwe fela. A bo seo se ka go solegela molemo jang semoyeng! (Pes. 19:7-11; 119:97-100) Baya dinako tse di tlhomameng tsa go bala Baebele, go baakanyetsa dipokano, le go ya tshimong. (1 Bakor. 15:58) Go dira jalo go tla go thusa gore o fokotse dilo tse di go senyetsang nako e bile go tla go thusa go ‘tswelela o lemoga se e leng thato ya ga Jehofa.’—Baef. 5:17.