Dikitsiso
◼ Dikgatiso tse di tsamaisiwang ka May: Dikhopi tsa makasine wa Tora ya Tebelo le Tsogang! Nna o tshwaretse batho ba ba kgatlhegang boroutšhara jwa Re Direng, mme o leke go simolola dithuto tsa Baebele tsa magae. June: Modimo o Batla Gore re Direng? Tlhoma mogopolo mo go simololeng dithuto tsa Baebele tsa magae. July le August: Go ka tsamaisiwa epe fela ya diboroutšhara tse di latelang tsa ditsebe tse 32: A O Tshwanetse Wa Dumela Tharo-nngwe?, A Ruriruri Modimo O Amega ka Rona?, Fa Mongwe Yo O Mo Ratang A Tlhokafala, Go Direga Eng ka Rona fa re Swa?, Itumelele Botshelo mo Lefatsheng ka Bosakhutleng!, Lebaka la Go Bo Botshelo Bo le Gone Ke Lefe—O Ka Le Bona Jang?, Leina La Modimo Leo le Tla Nnelang Ruri, le Puso Eo e Tla Tlisang Paradaise. Diboroutšhara tsa Buka ya Batho Botlhe, Meya ya Batho Ba Ba Suleng—A E Ka go Thusa Kana E Ka go Gobatsa? A Totatota E A Tshela?, le Our Problems—Who Will Help Us Solve Them? di ka tsamaisiwa koo go tshwanelang gone.
◼ Re bona go tlhokega gore re gakolole baboledi botlhe gore ba se ka ba dirisa aterese ya Mokgatlho fa ba kwalela batho. Seno se akaretsa makwalo otlhe le dibuka tse di romelelwang batho ba ba kgatlhegang gore ba neelwe bosupi, kwa lo sa fitlhelang batho gone, kana tse di romelelwang batho ba ba nnang mo mafelong a go leng thata go tsena mo go one. Fa lo neela bosupi ka poso, dirisang aterese ya lona kana aterese ya Holo ya lona ya Bogosi. Tsweetswee lo se ka lwa dirisa aterese ya Mokgatlho.
◼ Molebedi yo o okamelang kana mongwe yo o tlhophilweng ke ene o tshwanetse go tlhatlhoba diakhaonto tsa phuthego pele ga June 1 kana ka bonako fela morago ga moo. Itsise phuthego morago ga gore go balwe pego e e latelang ya diakhaonto.
◼ Dikgatiso Tse Disha Tse di Leng Teng:
Ineele go Bala le go Kwala—Setswana
Jehofa—Ke Mang? (Pampitshana No. 23)—Seburu, Seesemane, Sepedi, Sepotokisi, Sesotho, Setsonga, Setswana, Sevenda, Sexhosa, Sezulu
Jesu Keresete—Ke Mang? (Pampitshana No. 24)—Seburu, Seesemane, Sepedi, Sepotokisi, Sesotho, Setsonga, Setswana, Sevenda, Sexhosa, Sezulu
The Guidance of God—Our Way to Paradise—Sepotokisi
◼ Dikhasete Tsa Bidio Tse Disha Tse di Leng Teng:
Young People Ask—How Can I Make Real Friends?—Seesemane