A o Anaanela Bopelotelele Jwa ga Jehofa?
1 Fa Jehofa a ka bo a ile a se ka a nna pelotelele mo dingwageng tse 10, 20 le go feta tse di fetileng, ka go letlelela gore go neelwe bosupi jo bo oketsegileng, a o ka bo o ithutile boammaaruri? A bo re leboga jang ne gore o letleletse batho ba le bantsi gore “ba fitlhe mo boikotlhaong.” Le fa go ntse jalo, letsatsi le legolo la katlholo la ga Jehofa “le tla tla jaaka legodu.” (2 Pet. 3:9, 10) Ka gone, bopelotelele jwa ga Jehofa ga bo a tshwanela go tsewa e le go diegisa bokhutlo jwa tsamaiso eno ya dilo.—Hab. 2:3.
2 Utlwela Batho Botlhoko: Bopelotelele jwa ga Jehofa bo bogolo ka tsela e re sa kgoneng go e tlhaloganya. Ga re a tshwanela go lebala lebaka la go bo a ntse jalo. (Jona 4:1-4, 11) Jehofa o bona maemo a a tlhomolang pelo a batho ba leng mo go one mme o ba utlwela botlhoko. Jesu o ikutlwa ka tsela e e tshwanang. Fa a ne a utlwela batho ba a neng a ba rerela botlhoko, o ne a batla gore tiro ya go rera efangele e atolosiwe gore batho ba le bantsi ba nne le sebaka sa go bona botshelo jo bo sa khutleng.—Math. 9:35-38.
3 Fa bomadimabe le dikotsi tsa masetlapelo di padimola, a ga re tlhotlheletsege go utlwela batho ba ba sa itseng boammaaruri botlhoko? Batho gompieno ba tshwana le “dinku tse di se nang modisa” fa ba ntse ba leka go itshokela le go tlhaloganya tlhakantshuke e e mo lefatsheng leno. (Mar. 6:34) Fa re rera dikgang tse di molemo ka tlhoafalo, re a bo re gomotsa ba ba dipelo tse di siameng le go bontsha gore re anaanela bopelotelele jwa ga Jehofa.—Dit. 13:48.
4 Tiro ya Rona e Potlakile: Ngogola go ile ga kolobediwa batho ba le 323 439 mme ba ba nnileng gone kwa Segopotsong ba ne ba feta 14 000 000. Ruri go sa ntse go na le palo e kgolo ya batho ba ba ka nnang ba falola tshenyego ya tsamaiso eno e e boikepo! Ga re itse gore “boidiidi jo bogolo” bo tlile go nna kana kang. (Tshen. 7:9) Ga re itse gore tiro ya rona ya go rera e tlile go tsaya lobaka lo lo kana kang. Mme ke Jehofa yo o itseng. Dikgang tse di molemo di tla rerwa go fitlhela a kgotsofetse, “mme go tswa foo bokhutlo bo tla tla.”—Math. 24:14.
5 Nako e e setseng e khutshwane, mme letsatsi la ga Jehofa le gaufi. (1 Bakor. 7:29a; Baheb. 10:37) Ga go belaetse gore “poloko ya rona e gautshwane go na le ka nako e re neng re nna badumedi ka yone.” (Bar. 13:11) Re se ka ra lebala lebaka la go bo Modimo a le pelotelele. Go na le moo, a re rereng ka potlako e le gore Jehofa a tle a tlhomogele batho ba le bantsi ba ba ratang tshiamo pelo.