“A ke Tshwanetse go Fuduga?”
1 Batlhanka ba bantsi ba ba ineetseng ba ga Jehofa ba ile ba fuduga ba ya go direla kwa go nang le tlhokego e kgolwane teng, ba dira jalo ka gonne ba arabela taelo ya ga Jesu ya gore ba ‘tsamaye ba ye go dira batho ba merafe yotlhe barutwa.’ (Math. 28:19) Ba etsa Paulo, yo o neng a arabela fa a ne a kopiwa jaana: “Tla ka kwano mo Makedonia o re thuse.” (Dit. 16:9) Seno se ka dirwa jang ka tsela e e molemo?
2 Tsaya Kgato e le Nngwe ka Nako: A go na le tshimo e e berekiwang sewelo mo phuthegong ya lona? Fa go ntse jalo, o ka nna wa baya tlhokomelo mo go berekeng mo mafelong a a ntseng jalo. Pele ga o ka dira tshwetso ya go ya go sele, ikopanye le bagolwane ba gago mme o utlwe gore a ba akanya gore o siametse go ka ya koo. Gape o ka nna wa botsa molebedi wa gago wa potologo gore a o itse phuthego nngwe e e gaufi kwa o ka atolosang bodiredi jwa gago teng. Kafa letlhakoreng le lengwe, fa o sena go sekaseka se se tla tlhokegang mo go wena ka kelotlhoko, o ka nna wa akanyetsa go ya go thusa kwa karolong e nngwe ya naga kgotsa mo nageng e e bapileng le ya gaeno. Tirelo ya Rona ya Bogosi ya June 2000 e na le lenaane la mafelo a go nang le tlhokego e kgolwane kwa go one. Fa e le gore o rata go dira seno, wena le setlhopha sa bagolwane sa phuthego ya lona lo tshwanetse go kwalela ofisi ya lekala la kwa o kgatlhegelang go ya go direla teng, o tlhalosa hisitori ya gago mo dilong tsa puso ya Modimo. Go ka nna molemo gore o etele lefelo leo pele ga o dira tshwetso ya gore o fudugele kwa go lone kgotsa nnyaa.
3 O Nne Kelotlhoko ka go Fuduga: Bakaulengwe ba le bantsi ba rona ba fudugela kwa dinageng tse dingwe ka gonne ba batla botshelo jo bo botoka kgotsa go gololesega mo kgatelelong. Fa nako e ntse e ile ba bangwe ba wela mo kotsing ya batho ba ba boferefere ba ba ba solofetsang gore ba tla ba thusa gore ba tlwaele naga ya bone e ntšha, mme fa ba tswa foo ba tsaya madi a bone ba bo ba ba phuaganya fela jalo. Ka jalo boemo jwa batho ba ba fudugileng bano bo nna maswe le go feta jaaka bo ne bo ntse kwa nageng ya gabone. Ba ka nna ba bo ba kopa bakaulengwe gore ba ba neye marobalo kgotsa ba ba thuse ka ditsela tse dingwe, mo e tla bong e le go rwesa malapa a mangwe a Bakeresete, a le one a nang le mathata a one, morwalo. Batho ba malapa mangwe ba ile ba kgaogana, mme malapa a ile a koafala semoyeng ka ntlha ya go fuduga mo go ntseng jalo mo go seng botlhale.—1 Tim. 6:8-11.
4 Fa o batla go fuduga gore o tle o itsholegele molemo ka bowena, o nne o gakologetswe gore go sa kgathalesege gore o nna kae, go na le mathata a o tla lebanang le one. Go motlhofo go fenya mathata mo lefelong le o setseng o itse puo le setso sa teng, go na le go simolola sesha mo lefelong le o sa le tlwaelang.