Thulaganyo ya Pokano ya Tirelo
Beke e e Simololang ka October 9
Pina 11
8 mets: Dikitsiso tsa phuthego ya lona. Dikitsiso tse di tlhophilweng go tswa go Tirelo ya Rona ya Bogosi.
12 mets: “A ke Tshwanetse go Fuduga?” Puo ka mogolwane. Tlhalosa lebaka la go bo go tlhokega go dirisa temogo fa motho a dira tshwetso ya go fudugela go sele. Tlhalosa kafa kgakololo e e mo go Diane 22:3 e ka dirisiwang ka teng. Akaretsa dintlha tse di malebana le dilo tse di tshwanetseng go elwa tlhoko mo makasineng wa Tora ya Tebelo ya August 15, 1988, tsebe 22.
25 mets: “Mileniamo o Mosha—Isagwe e go Tshwaretse Eng?” Puo e e matlhagatlhaga ka molebedi wa tirelo. Fa o sena go bala kitsiso e e mo lekwalong la Mokgatlho le le neng le ya kwa bagolwaneng la June 20, 2000, abela mongwe le mongwe mo bareetsing khopi e le nngwe ya pampitshana ya Dikgang Tsa Bogosi No. 36. Go tswa foo o tswelele ka motlotlo wa dipotso le dikarabo mo setlhogong seno. Tlhalosa dithulaganyo tsa phuthego ya lona tsa kafa lo tlileng go bereka tshimo yotlhe ka teng. Tlhalosa gore ba basha le bana ba ka thusiwa jang gore ba nne baboledi ba ba sa kolobediwang. Dira pontsho e khutshwane. Gatelela botlhokwa jwa gore mongwe le mongwe a nne le seabe ka botlalo mo letsholong leno.
Pina 53 le thapelo e e konelang.
Beke e e Simololang ka October 16
Pina 104
15 min: Dikitsiso tsa phuthego ya lona. Pego ya diakhaonto. Tlhalosa dithulaganyo tsa tshimo e e sa abiwang tsa mafelobeke a bofelo a October. Gakolola baboledi gore fa go dirwa tshimo ka mafelobeke go tshwanetse ga tsamaisiwa dimakasine tsa Tora ya Tebelo le Tsogang! mmogo le pampitshana ya Dikgang Tsa Bogosi No. 36.
15 mets: “A o Anaanela Dilo Tse di Boitshepo?” Puo ka mogolwane. Gatelela botlhokwa jwa go nna teng malatsi otlhe a mararo a kopano ya kgaolo.
15 mets: “A Merero ya Lona Yotlhe e Diragale ka Lorato.” Motlotlo wa dipotso le dikarabo. Bolela mathata a a nnang teng fa batho ba palelwa ke go latela dikaelo tse ba di newang gore ba bone marobalo.
Pina 131 le thapelo e e konelang.
Beke e e Simololang ka October 23
Pina 150
13 mets: Dikitsiso tsa phuthego ya lona.
16 mets: “Reetsa Ditaelo Tse di Boitshepo ka Kelotlhoko.” Dipotso le dikarabo. Gatelela mabaka a go bo re tshwanetse go bo re le mo mannong a rona fa thulaganyo e simologa.
16 mets: “Nnang Lo na Le Boitshwaro jo Bontle jo bo Galaletsang Modimo.” Mogolwane o tlotla ka setlhogo seno le lelapa. Ba tlotla ka se ba tlhokang go se dira gore ba dire dilo ka thulaganyo, ba nne le maitseo a mantle, ba nne phepa le go tlhoma sekao mo tseleng e ba lebegang ka yone le e ba itshwarang ka yone mo mafelong a batho botlhe.
Pina 211 le thapelo e e konelang.
Beke e e Simololang ka October 30
Pina 167
8 mets: Dikitsiso tsa phuthego ya lona. Gakolola baboledi gore ba tlise dipego tsa tirelo ya tshimo ya October.
12 mets: Maitemogelo a go Tsamaisa Pampitshana ya Dikgang Tsa Bogosi No. 36. Kopa baboledi ba ba farologaneng gore ba bolele matswela a a kgothatsang a ba a itumeletseng go fitlha jaanong fa ba tsamaisa pampitshana ya Dikgang Tsa Bogosi No. 36. Kopa babulatsela ba ka metlha le ba ba thusang gore ba bolele kafa ba anaanelang tirelo e e oketsegileng ka teng ka nako ya letsholo leno le sebaka se ba nang le sone sa go dira le baboledi ba bantsi ba ba farologaneng.
15 mets: “Ba Bangwe ba Ikaegile ka Wena.” Motlotlo wa dipotso le dikarabo. Kgothaletsa botlhe gore ba akanyetse ka masisi seabe se ba nang le sone mo go ageng malapa a bone le phuthego. Rotlhe re dira go le gontsi go nonotsha ba bangwe ka sekao sa rona le ka mafoko a kgothatso.
10 mets: Go Opela—Karolo ya Botlhokwa ya Kobamelo ya Rona. Motshwari wa thuto ya buka o tlotla le baboledi ba babedi ka tsela e ba opelang ka yone kwa dipokanong tsa phuthego. O tlhokometse gore e kete ga ba opele ka matlhagatlhaga go le kalo. O tlotla le bone ka dintlha tse di mo Tora ya Tebelo ya February 1, 1997, ditsebe 27-8. Ba sekaseka mafoko a dipina tse di tlileng go opelwa mo Thutong ya Tora ya Tebelo ya beke eo, jaaka go akantshitswe mo makasineng wa Tora ya Tebelo ya July 1, 1999, tsebe 20, serapa 12. Fa re tsaya go opela ka tsela e e masisi, re tla bo re baka Jehofa go tswa mo pelong tota.
Pina 15 le thapelo e e konelang.
Beke e e Simololang ka November 6
Pina 198
10 mets: Dikitsiso tsa phuthego ya lona. Sekaseka kgatelopele e e setseng e dirilwe ya go tsamaisa Dikgang Tsa Bogosi No. 36. Bega gore go setse go dirilwe tshimo e e kana kang go tla go fitlha jaanong le se se tla tlhokegang gore go wediwe letsholo leno ka November 17.
20 mets: Baakanyetsa Dipokano Sentle. Puo le motlotlo le bareetsi. Gore re solegelwe molemo kwa dipokanong go ikaegile thata ka gore re dira maiteko go le kana kang a go baakanyetsa. Tlhatlhoba dikakantsho tse di mo makasineng wa Tora ya Tebelo ya March 1, 1998, ditsebe 15-16, dirapa 8-11. Kopa bareetsi gore ba bolele gore ke eng se se ba dirang gore ba kgothalele go baakanyetsa le gore ba bona jang nako ya go dira jalo.
15 mets: Rotlhe re ka Bontsha Moya wa Bobulatsela. Puisano magareng ga motshwari wa thuto ya buka le mothusi wa gagwe, e theilwe mo makasineng wa Tora ya Tebelo ya October 15, 1997, ditsebe 22-3. Tlhalosa gore ke ka ntlha yang fa go ka nna molemo go nna le babulatsela ba ba oketsegileng mo phuthegong le gore rotlhe re ka thusa jang gore mokgele ono o fitlhelelwe. Gape sekaseka ditsela tsa go thusa ba e leng babulatsela gone jaanong gore ba tswelele le gore botlhe mo phuthegong ba ka dira jang gore ba nne le tlhoafalo mo bodireding.
Pina 223 le thapelo e e konelang.