Dikitsiso
◼ Dikgatiso tse di tsamaisiwang ka September: Monna Yo Mogolo go Gaisa Botlhe Ba Ba Kileng Ba Tshela. October: Dimakasine tsa Tora ya Tebelo le Tsogang! Go ela kwa bofelong jwa kgwedi eno, go tla bo go tsamaisiwa pampitshana ya Dikgang Tsa Bogosi No. 36 e e reng, “Mileniamo o Mosha—Isagwe E go Tshwaretse Eng?” November: Go tla tswelelwa pele go tsamaisiwa Dikgang Tsa Bogosi No. 36. Diphuthego tse di wetsang tshimo ya tsone ka go buisana le beng ba matlo mo ntlong nngwe le nngwe ka khopi ya Dikgang Tsa Bogosi No. 36, di ka tsamaisa boroutšhara jwa Re Direng kana buka ya Kitso. Fa batho ba setse ba na le tsone, go ka dirisiwa buka ya Monna Yo Mogolo go Gaisa Botlhe Ba Ba Kileng Ba Tshela. December: Kitso E E Isang Botshelong Jo bo Sa Khutleng le Thanolo ya Lefatshe le Lesha ya Dikwalo Tsa Bokeresete Tsa Segerika.
◼ Molebedi yo o okamelang kana mongwe yo a mo tlhophileng o tshwanetse go tlhatlhoba diakhaonto tsa phuthego ka September 1 kana ka bonako jo bo kgonegang morago ga moo. Fa seno se dirilwe, itsiseng phuthego morago ga gore go balwe pego e e latelang ya diakhaonto.
◼ Bagolwane ba gakololwa gore ba latele ditaelo tse di mo ditsebeng 21-3 mo makasineng wa Tora ya Tebelo ya April 15, 1991, e e buang ka batho bape ba ba kgaotsweng kana ba ba itomolotseng ba ba ka tswang ba batla go busediwa.
◼ Mokgatlho ga o dire dikopo tsa dibuka tsa mmoledi a le mongwe yo o batlang dibuka. Molebedi yo o okamelang o tshwanetse go rulaganya gore go dirwe kitsiso kgwedi nngwe le nngwe pele ga kopo ya dibuka ya kgwedi le kgwedi ya phuthego e romelwa kwa Mokgatlhong e le gore botlhe ba ba ratang go amogela dibuka dingwe tsa bone, ba bolelele mokaulengwe yo o tlhokomelang dibuka. Ka metlha go tshwanetse ga nna le dibuka tse di lekaneng tse babulatsela ba ka di dirisang mo tshimong. Tsweetswee nnang lo gakologelwa gore ke dibuka dife tse e leng dilwana tse di kgethegileng.
◼ Diphuthego di tshwanetse go simolola go kopa 2001 Calendar of Jehovah’s Witnesses mo kopong ya tsone ya dibuka ya September. Dikhalendara tseno di tla bo di le gone ka Seburu, Seesemane, Sefora, Segerika, Sejeremane, Sentadiana, Sepotokisi, Sesotho, Sexhosa le Sezulu. Ke dilwana tse di kgethegileng.
◼ Dikgatiso Tse Disha Tse di Leng Gone:
Watchtower Publications Index 1999—Seesemane
◼ Dikhasete Tse Disha Tse di Leng Gone:
Singing Kingdom Songs (No. 1, No. 2; khasete e le nngwe)—Setsonga