LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • km 5/01 ts. 1
  • Nna le Seabe ka Botlalo mo Thobong

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Nna le Seabe ka Botlalo mo Thobong
  • Tirelo ya Rona ya Bogosi—2001
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Masimo a Masweu go ka Rojwa
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—2010
  • Nnang Barobi ba ba Itumetseng!
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2001
  • Tswelelang Pele mo Thobong!
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2001
  • Dira Bojotlhe Jwa Gago mo Thobong e Kgolo ya Semoya
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2010
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tirelo ya Rona ya Bogosi—2001
km 5/01 ts. 1

Nna le Seabe ka Botlalo mo Thobong

1 Baporofeti ba bogologolo ba ga Jehofa mmogo le Jesu Keresete ka boene ba ile ba bua ka tiro ya go phutha batho. (Isa. 56:8; Esek. 34:11; Joh. 10:16) Tiro eno e a dirwa gone jaanong fa dikgang tse di molemo tsa Bogosi di ntse di rerwa mo lefatsheng lotlhe. (Math. 24:14) Go setse go bonala sentle gore ke bomang ba ba direlang Modimo le gore ke bomang ba ba sa mo direleng. (Mal. 3:18) Seno se re ama jang?

2 Ke Boikarabelo Jwa Gago: Re ka ithuta sengwe mo sekaong sa ga Paulo, yo o neng a na le seabe se segolo mo go eteleleng pele tiro ya bodiredi jwa Bokeresete. O ne a ikutlwa a tshwanelwa ke go rera gore batho botlhe ba nne le sebaka sa go utlwa dikgang tse di molemo le go bolokwa. Seno se ne sa mo tlhotlheletsa gore a dire a sa kgaotse gore a ba thuse. (Bar. 1:14-17) E re ka batho ba lebane le boemo jo bo kotsi gompieno, a ga re ikutlwe re na le boikarabelo jo bogolo thata jwa go rerela batho ba ba mo tshimong ya rona?—1 Bakor. 9:16.

3 Ke Nako ya go Tsaya Kgato ka Bonako: Tiro ya go rera e ka tshwantshiwa le tiro ya go batla batho le go ba namola ka nako ya fa go tlhagile kotsi. Batho ba tshwanetse go batliwa le go thusiwa gore ba tle mo lefelong le le babalesegileng pele go nna thari. Nako e ile. Matshelo a batho a mo kotsing! Ga go gakgamatse go bo Jesu a ile a rotloetsa barutwa ba gagwe gore ba “[kope] Mong wa thobo gore a romele badiri mo thobong ya gagwe.”—Math. 9:38.

4 Badiri ba le bantsi ba Bogosi ba ile ba oketsa seabe sa bone mo tirong eno ya go boloka matshelo ka gonne ba lemoga gore dinako di a kgabaganya. Mosha mongwe e bong Hirohisa o ne a nna mo lelapeng la motsadi a le mongwe le bomonnawe ba banè. O ne a tlamela ba lelapa la gagabo ka go tsoga ka ura ya boraro mo mosong a ya go tsamaisa makwalodikgang. Le fa go ntse jalo, Hirohisa o ne a batla go dira mo go oketsegileng mo bodireding, ka jalo o ne a tsenela bobulatsela jwa ka metlha. A o ka kgona go oketsa seabe se o nnang naso mo tirong eno e e se kitlang e tlhola e boelediwa gape?

5 “Nako e e setseng e khutshwafetse.” (1 Bakor. 7:29) Ka jalo, e kete re ka dira sotlhe se re ka se kgonang mo tirong eno e e botlhokwa go di gaisa tsotlhe e e ntseng e dirwa mo lefatsheng gompieno—go rera dikgang tse di molemo tsa Bogosi le go dira batho barutwa. Jesu o ne a tshwantsha bodiredi jono le thobo. (Math. 9:35-38) Fa re nna le seabe ka botlalo mo thobong, maungo a tiro ya rona a ka nna a akaretsa go thusa motho go nna mongwe wa boidiidi jo bogolo jwa baobamedi jo bo tlhalosiwang mo go Tshenolo 7:9, 10.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela