Go Nna Bangwe Fela le Jehofa le Morwawe ka Boitumelo
Go Tla bo go Ketekwa Tiragalo e e Botlhokwa Thata mo Ngwageng ka March 28
1 Ka go keteka Sejo sa Morena sa Maitseboa fa letsatsi le sena go phirima ka March 28, 2002, re bontsha gore re bangwe fela le Jehofa le Jesu Keresete ka boitumelo. Mo tiragalong eo e e kgethegileng thata, masalela a Bakeresete ba ba tloditsweng a tla bo a ipelela “kabalano” e e kgethegileng e ba nang le yone le baruaboswa ba bangwe ba Bogosi, le Rara mmogo le Morwawe. (1 Joh. 1:3; Baef. 1:11, 12) Dimilione tsa “dinku tse dingwe” di tla bo di akanya ka tshiamelo ya tsone e e molemo thata ya go nna bangwe fela le Jehofa le Morwawe, ba le pelo nngwe fela le mogopolo mongwe fela le bone go dira tiro ya Modimo!—Joh. 10:16.
2 Go Dira Mmogo ka Kutlwano e Kgolo: Jehofa le Jesu ba ntse ba le bangwe fela ka boitumelo ka dinako tsotlhe. Ba ipeletse go nna mmogo ka dingwagangwaga pele motho a bopiwa. (Mik. 5:2) Ka jalo, seno se dirile gore boobabedi ba ratane ka lorato lo lo pepetletsang. Jaaka botlhale jo bo mothofaditsweng, Morwa yono wa motsalwapele o ne a ka bua jaana pele e nna motho: “Ka nna yo o neng a ratwa ke [Jehofa] ka tsela e e kgethegileng letsatsi le letsatsi, ke itumela fa pele ga gagwe ka dinako tsotlhe.” (Dia. 8:30) Dingwaga tse di se nang palo tse Morwa wa Modimo a di feditseng a na le Motswedi wa lorato di ile tsa nna le tlhotlheletso e kgolo thata mo go ene!—1 Joh. 4:8.
3 E ne ya re fa Jehofa a lemoga gore batho ba tlhoka thekololo, o ne a tlhopha Morwawe yo o tsetsweng a le esi, yo o neng a rata batho thata, gore a intshe setlhabelo sa thekololo, se se re nayang tsholofelo e le nngwe fela e re nang le yone. (Dia. 8:31) Fela jaaka Jehofa le Morwawe ba le bangwe fela mo go diragatseng boikaelelo bo le bongwe, le rona re nna bangwe fela le bone le bakaulengwe ba rona re bofaganngwa ke lorato lo lo nonofileng, re dira thato ya Modimo ka boitumelo.
4 Go Bontsha Kanaanelo e e Tswang Pelong: Ka go nna gone kwa Segopotsong le ka go reetsa ka kelotlhoko le ka tlotlo, re ka bontsha gore eleruri re anaanela lorato lwa ga Jehofa le setlhabelo sa Morwawe tse ba re neileng tsone. Ntlha e e tlileng go gatelelwa thata ke sekao sa ga Jesu sa lorato, go ikanyega ga gagwe go fitlha losong go re naya thekololo, le bolaodi jwa gagwe jaaka Kgosi ya Bogosi jwa Modimo jo bo tlhomilweng, mmogo le masego a Bogosi bo tla a tlisetsang batho. Gape re tlile go gakololwa gore re tshwanetse go bontsha tumelo ya rona ka metlha, re dira tumalanong le thato ya ga Jehofa ka tlhoafalo re le “badirimmogo mo boammaaruring.”—3 Joh. 8; Jak. 2:17.
5 Go Thusa ba Bangwe go Nna le Seabe le Rona: Setlhopha sa bagolwane se tshwanetse go dira boiteko jo bo kgethegileng go kgothaletsa botlhe ba ba tsidifetseng ba ba leng mo tshimong ya lona go nna gone kwa Segopotsong sa loso lwa ga Keresete. (Math. 18:12, 13) Dirang lenaane la ba ba tshwanetseng go etelwa gore go se nne le bape ba ba tlogelwang kwa morago mme botlhe ba lalediwe.
6 A go na le ba bangwe ba o ba itseng ba ba ka nnang ba tla Segopotsong? Dira sengwe go ba thusa go anaanela tiragalo eno thata. Ba laletse ka lorato, mme o dire gore ba ikutlwe ba amogelesegile. A re direng bojotlhe jwa rona go laletsa batho botlhe ba re ithutang Baebele le bone le ba bangwe ba ba kgatlhegang mmogo le ba losika le ba re ba tlwaetseng, gore ba nne gone mo tiragalong eno e e botlhokwa go di gaisa tsotlhe mo ngwageng. Batho botlhe ba ba ithutang “mosola o mogolo thata wa kitso ya ga Keresete Jesu,” ba sa ntse ba ka solegelwa molemo ke thekololo. (Bafil. 3:8) Ba ba bontshang tumelo mo setlhabelong sa ga Keresete ba ka nna le tsholofelo e e tlhomameng ya botshelo jo bo sa khutleng.—Joh. 3:16.
7 Le ka motlha o se ka wa nyatsa tsela e Segopotso se ka tlhotlheletsang batho ba ba dipelo di ikanyegang ka yone. Dingwaga di le pedi tse di fetileng kwa nageng ya setlhaketlhake ya Papua New Guinea, batho ba le 11 ba ba kgatlhegang ba ne ba tsamaya ka sekepe ka diura di le 17 mo lewatleng le le neng le sa iketla gore ba nne gone mo tiragalong eno. Ka ntlha yang? Ba ne ba bolela jaana: “Re ne re batla go keteka Segopotso sa ga Keresete le baobamedi mmogo le rona ba ga Jehofa; ka jalo loeto lwa rona e ne e se go senya nako fela.” Akanya fela ka tlhoafalo ya batho bao ba ba kgatlhegang le kafa ba ileng ba anaanela ka teng go nna bangwe fela le Jehofa, Morwawe le bakaulengwe ba Bakeresete!
8 Ithaopele go ithuta Baebele le batho botlhe ba ba kgatlhegang. Ba kgothaletse go nna gone mo dipokanong tsa phuthego ka metlha le go bolelela ba bangwe boammaaruri jo ba bo ithutang. Ba thuse go “tsamaya mo leseding” ka go dirisa melaometheo ya Baebele mo matshelong a bone. (1 Joh. 1:6, 7) Ba thuse gore ba nne le kamano e e gaufi le Jehofa le go tswelela pele ba anaanela tshiamelo ya go dira thato ya gagwe ka kutlwano.
9 A bo e le tshiamelo e e molemo thata jang ne go bo re utlwana ka boitumelo ‘mo maikutlong a le mangwe, ka moya o le mongwe, re wa re tsoga mmogo ka ntlha ya dikgang tse di molemo’! (Bafil. 1:27, 28) A re lebeleleng pele go nna mmogo ka boitumelo kwa Segopotsong ka March 28, re leboge Jehofa le Morwawe ka metlha!—Luke 22:19.