Thulaganyo ya Pokano ya Tirelo
Beke e e Simololang ka March 11
Pina 2
13 mets: Dikitsiso tsa phuthego ya lona. Dikitsiso tse di tlhophilweng go tswa go Tirelo ya Rona ya Bogosi. O dirisa dikakantsho tse di mo go tsebe 8, dira dipontsho tse pedi tse di farologaneng tse di bontshang kafa re ka buelelang Tora ya Tebelo ya March 15 le Tsogang! ya April 8 ka teng. Mo go nngwe le nngwe ya tsone, bontsha tsela e e farologaneng e re ka arabang ka yone motho yo o sa batleng re bua le ene ka go re raya a re, “Ga ke kgatlhege.”—Bona buka ya Go Fetolana, tsebe 16.
12 mets: Go Boloka Boitlhaodi Jwa Rona Jwa Bokeresete. Puo ka mogolwane yo o tshwanelegang. Nako le nako go ka nna le ditsela tse batho ba bontshang ka tsone boratanaga kwa sekolong, kwa mmerekong le mo lefelong le re nnang mo go lone. Bangwe ba ba re rotloetsang go bontsha boratanaga jalo ba dira jalo ka ntlha ya go tlhobaela le go hutsafatswa ke masetlapelo a a diregileng mo setšhabeng. Le mororo le rona re utlwisiwa botlhoko ke dilo tse re di bonang mo lefatsheng, re lemoga gape gore go amega kgangkgolo ya bolaodi jwa lobopo lotlhe mme re gomodiwa ke molaetsa wa Bogosi. Fa re tlhalosetsa ba bangwe ka botlhale lebaka la go bo re sa nne le seabe mo ditirong tsa bosetšhaba, gape re tshwanetse go ba naya kgomotso le tsholofelo tse re di boneng mo Lefokong la Modimo. Boroutšhara jwa Basupi ba ga Jehofa le Thuto, ditsebe 20-4, mo setlhogwaneng se se reng “Go Dumedisa Folaga,” bo tlhalosa lebaka la go bo re sa nne le seabe mo meletlong ya boratanaga. Tlotla ka dintlha tse di tlhalosiwang moo, o bo o kgothaletsa batsadi go sekaseka tshedimosetso eno le bana ba bone ka kelotlhoko. Bolela maitemogelo a a fitlhelwang mo go tsebe 20 ya boroutšhara jono le mo go tsebe 31 ya Tsogang! ya January 8, 1996 (ka Seesemane). Gatelela ntlha ya gore re tshwanetse go ineela mo go Jehofa fela, le fa gone re ntse re tlotla balaodi ba puso.
20 mets: “Huma Ditiro Tse di Molemo.”a E neelwe ke molebedi wa tirelo. Kgothaletsa botlhe go nna le seabe ka botlalo mo bodireding go ipaakanyetsa mokete wa Segopotso ka March 28. Tlhalosa kafa ditaletso tse di gatisitsweng di ka dirisiwang ka tsela e e molemo thata ka teng. Kopa baboledi gore ba bolele kafa ba ileng ba kgona go dira gore ba losika, baagelani, batho ba ba ithutang le bone Baebele, le ba bangwe ba ba kgatlhegang ba nne gone mo Segopotsong ngogola le gore seno se ba lereditse boitumelo bofe. Kgothaletsa botlhe ba ba ka kgonang gore ba tseye bobulatsela jo bo thusang ka April mme ba tseye foromo ya kopo morago ga pokano eno.
Pina 82 le thapelo e e konelang.
Beke e e Simololang ka March 18
Pina 7
10 mets: Dikitsiso tsa phuthego ya lona. Pego ya diakhaonto. Tlotla ka “Dikgakololo Tse di Malebana le Segopotso.” Kgothaletsa botlhe go tsamaisana le mmalo wa Baebele wa Segopotso o o rulagantsweng go balwa ka March 23-28, jaaka fa o bontshitswe mo bukaneng ya Go Tlhatlhoba Dikwalo ka Malatsi Otlhe—2002.
15 mets: “Go Nna Bangwe Fela le Jehofa le Morwawe ka Boitumelo.” Puo ya Dikwalo e e tlhotlheletsang e e tshwanetseng go newa ke mogolwane. Kgothaletsa botlhe go dira boiteko jo bo oketsegileng jwa go laletsa batho ba le bantsi ka mo go ka kgonegang ka gone go tloga gone jaanong go fitlha ka March 28 gore ba nne gone mmogo le rona mo Segopotsong.
20 mets: “Oketsa Boipelo Jwa Gago mo Tirong ya go Rera.”b Fa o tlotla ka serapa 5, kopa bareetsi go bolela dikakantsho tse di molemo tsa kafa re ka nnang le matswela thata ka teng mo tshimong ya rona. Dira pontsho ka sekai se le sengwe kana di le pedi tse di bontshang kafa re ka atamelang motho ka teng ka boikaelelo jwa go mo naya bosupi jo bokhutshwane. Kgothaletsa botlhe go itirela dibaka tsa go naya bosupi mo bekeng eno.
Pina 45 le thapelo e e konelang.
Beke e e Simololang ka March 25
Pina 12
14 mets: Dikitsiso tsa phuthego ya lona. Tlhalosa gore ga go ise go nne thari go tsenya kopo ya go nna mmulatsela yo o thusang ka April. O dirisa dikakantsho tse di mo go tsebe 8, dira gore mogolwane a bontshe kafa re ka buelelang Tora ya Tebelo ya April 1 ka teng, le mosha gore a bontshe kafa re ka buelelang Tsogang! ya April 8 ka teng. Morago ga pontsho nngwe le nngwe, tlhomolola dintlha dingwe tse di molemo tsa dipuisano tseno.
15 mets: “A re Ageng Diholo Tsa Rona Tsa Bogosi Re bo Re di Tlhokomele”—Karolo 1.c Mogolwane o sekaseka dirapa 1-8 tsa tsenyeletso eno ka matlhagatlhaga. Mo diphuthegong tse di tlhokang Holo ya Bogosi gatelela ntlha ya gore botlhe mo phuthegong ba tshwanetse go tshegetsa thulaganyo eno ka botlalo. Tlhalosa gore ke lebokoso lefe la moneelo le le dirisediwang Letlole la Holo ya Bogosi la phuthego ya lona le thulaganyo e lo nang le yone ya go boloka madi ano a babalesegile sentle. Mo go tshwanelang teng, tlhalosa se bagolwane ba phuthego ya lona ba se dirang malebana le dithulaganyo tsa go dira gore phuthego e nne le Holo ya Bogosi. Fa nako e letla, akaretsa maitemogelo a a tshwanelang a a amanang le diporojeke tsa nako e e fetileng tsa go agiwa ga Holo ya Bogosi mo lefelong la lona.
16 mets: “‘Dimpho Tse e Leng Banna’ di Disa Letsomane la Modimo ka Tlhoafalo.” Puo ka mogolwane. Tlotla ka ditemana tse di umakilweng. Bontsha kafa go dira maeto a bodisa mo bathong ba ba tsidifetseng le go thusa ba ba bokoa go dira se ba ka se kgonang go ka nnang le diphelelo tse di molemo ka teng. Badisa ba ba lorato ba bontsha gore ba anaanela maiteko otlhe a magolo a a dirwang ke letsomane go nna le tlhagafetse mo tirelong ya ga Jehofa.
Pina 131 le thapelo e e konelang.
Beke e e Simololang ka April 1
Pina 27
10 mets: Dikitsiso tsa phuthego ya lona. Gakolola baboledi go naya batshwari ba bone ba thuto ya buka dipego tsa bone tsa tirelo ya tshimo tsa March.
15 mets: “A re Ageng Diholo Tsa Rona Tsa Bogosi Re bo Re di Tlhokomele”—Karolo 2.d Molebedi yo o okamelang o tlotla ka dirapa 9-15 tsa tsenyeletso eno. Diphuthego tse di dirisang dikago tsa nakwana go tshwarela dipokano mo go tsone, di tshwanetse go leka go bona se di ka se dirang go ntlafatsa kago eo kwantle ga go dirisa madi a le mantsi. Gatelela botlhokwa jwa go ntsha meneelo go duelela ditshenyegelo tsa ka metlha tsa go tlhokomela lefelo la rona la kobamelo le ditirelo tsa lone. Fa e le gore phuthego e duelela madi a e a adimileng kwa Mokgatlhong, bolela kafa madi ano a duelwang ka gone kgwedi le kgwedi mme o akgole phuthego ka go bo e ntsha meneelo eno ka metlha jaaka e solofeditse. Molebedi yo o okamelang o tshwanetse go amogela tshwetso go tswa mo setlhopheng sa bagolwane malebana le gore ke dilo dife tse di tlhokang go baakanngwa le gore di tla baakanngwa leng, a bo a tlhalosetsa phuthego dithulaganyo tsa gone sentle.
20 mets: Yearbook e go Solegela Molemo Jang? Puo le motlotlo le bareetsi. Sa ntlha, gatelela dintlha tsa konokono go tswa mo go “Lekwalo le le Tswang Kwa Setlhopheng se se Laolang,” mo go ditsebe 3-5. Go tswa foo, o bo o kopa bareetsi go bolela dipego le maitemogelo a a leng mo go Yearbook a ba a fitlhetseng a kgothatsa le go nonotsha tumelo thata. Kgothaletsa botlhe go fetsa go bala Di-Yearbook tsa bone le go di dirisetsa go thusa batho ba ba ithutang Baebele le bone go itlwaelanya le phuthego ya ga Jehofa.
Pina 15 le thapelo e e konelang.
[Dintlha tse di kwa tlase]
a Matseno a gago a se ka a feta motsotso, mme go latele motlotlo wa dipotso le dikarabo.
b Matseno a gago a se ka a feta motsotso, mme go latele motlotlo wa dipotso le dikarabo.
c Matseno a gago a se ka a feta motsotso, mme go latele motlotlo wa dipotso le dikarabo.
d Matseno a gago a se ka a feta motsotso, mme go latele motlotlo wa dipotso le dikarabo.