LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • km 3/02 ts. 10-11
  • Dikitsiso

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Dikitsiso
  • Tirelo ya Rona ya Bogosi—2002
Tirelo ya Rona ya Bogosi—2002
km 3/02 ts. 10-11

Dikitsiso

◼ Dikgatiso tse di tsamaisiwang ka March: Kitso E E Isang Botshelong Jo bo Sa Khutleng. Go tla dirwa boiteko jo bo kgethegileng go simolola dithuto tsa magae tsa Baebele. April le May: Dimakasine tsa Tora ya Tebelo le Tsogang! Baboledi ba tshwanetse go itsise beng ba matlo gore ba ka nna ba ntsha moneelo wa tiro ya lefatshe lotlhe fa ba batla. Mo batho ba bontshang kgatlhego gone, tsamaisa boroutšhara jwa Re Direng, o dire boiteko jo bo kgethegileng jwa go simolola dithuto tsa Baebele. June: Modimo o Batla Gore re Direng? kana Kitso E E Isang Botshelong Jo bo Sa Khutleng. Fa beng ba matlo ba na le dikgatiso tseno, tsamaisa boroutšhara jo bo tshwanelang jo phuthego e nang le jone mo setokong.

◼ Baboledi ba ba ratang go nna babulatsela ba ba thusang ka April ba tshwanetse go dira dithulaganyo tsa bone gone jaanong mme ba tsenye dikopo tsa bone go sa le gale. Seno se tla thusa bagolwane go dira dithulaganyo tse di tlhokegang tsa tirelo ya tshimo le go nna le dimakasine tse di lekaneng le dibuka tse dingwe. Maina a botlhe ba ba tshwanelegang go nna babulatsela ba ba thusang a tshwanetse go itsisiwe phuthego kgwedi nngwe le nngwe.

◼ Segopotso se tla tshwarwa ka Labone, March 28, 2002. Fa phuthego ya lona e tlwaetse go nna le dipokano ka Labone, dipokano tseno di tla tshwanelwa ke go tshwarwa ka letsatsi le lengwe mo bekeng eo fa lo ka kgona go dirisa Holo ya Bogosi. Fa lo sa kgone, mme seno se ama Pokano ya lona ya Tirelo, lo ka nna lwa rulaganya gore dipuo tse di amang phuthego ya lona thata di akarediwe mo Pokanong e nngwe ya Tirelo.

◼ Ofisi ya lekala ga e dire dikopo tsa dibuka tse baboledi ba di romelang ka bobone. Molebedi yo o okamelang o tshwanetse go rulaganya gore go balwe kitsiso kgwedi nngwe le nngwe pele ga kopo ya kgwedi le kgwedi ya dibuka tsa phuthego e romelwa kwa lekaleng gore botlhe ba ba ratang go otara dibuka tsa bone ba kgone go itsise mokaulengwe yo o tshwarang dibuka. Tsweetswee gakologelwang gore ke dikgatiso dife tse e leng dilwana tsa dikopo tse di kgethegileng.

◼ Go botlhokwa thata gore ditlhopha tsa batho ba le 20 kana go feta ba ba rulaganyang go etela dikago tsa ofisi ya lekala ba kwalele Ofisi ya Bethele pele mo go Private Bag, X2067, Krugersdorp, 1740. Tsweetswee romelang tshedimosetso e e bontshang palo ya ba ba tlang le matlha le dinako tse ba tlileng go eta ka tsone. Pele lo etela kwano, tsweetswee sekasekang Lebokoso la Dipotso mo go Tirelo ya Rona ya Bogosi ya March 1998 malebana le tsela e e siameng ya go apara le ya go ikgabisa fa re etela magae a Bethele.

◼ Bagolwane ba ba tshwanelegang ba kopiwa go ithaopela go neela dipuo kwa go nngwe ya dikopano tse di kwadilweng fa tlase fano. Bagolwane ba ba kileng ba neela dipuo kwa dikopanong tsa kgaolo mo nakong e e fetileng, kana ba ba kileng ba abelwa dipuo tse dikgolo mo thulaganyong ya kopano ya potologo kana ya kopano e e kgethegileng ya letsatsi le le lengwe ba ka nna ba tsenya dikopo tsa bone tsa go neela dipuo tseno. O tshwanetse go kwalela ofisi ya lekala, mme o romele leina la gago, leina la phuthego ya lona le kopano e o rulaganyang go ya kwa go yone. Fa o rata go neela dipuo tseno ka puo e e rileng, tsweetswee tlhalosa seno sentle. O tshwanetse go naya komiti ya lona ya tirelo lekwalo leno gore e kwale dintlha tsa yone mo go lone, e bo e saena lekwalo leno le go le romela kwa go molebedi wa lona wa potologo. Fa molebedi wa potologo a sena go kwala dintlha tsa gagwe tse di go buelelang, o tla romela lekwalo leno kwa ofising ya lekala. Kgang eno e dira fela fa o rulaganya go ya kwa kopanong e nngwe e phuthego ya lona e sa abelwang go ya kwa go yone. Gape o tshwanetse go rulaganya gore o nne gone ka malatsi otlhe a kopano eo. Lekwalo la gago le tshwanetse go fitlha kwa Mokgatlhong E SENG MORAGO GA JULY 1, 2002.

● Bloemfontein: Seburu, Seesemane

● Durban: Seburu

● East London: Seesemane

● Francistown, Botswana: Setswana

● Gaborone, Botswana: Seesemane

● George: Seburu, Seesemane

● Katima Mulilo & Rundu, Namibia: Seesemane mme e ranolwa

● Nelspruit: Seburu, Seesemane

● Pietersburg: Seburu, Seesemane

● Thohoyandou: Sevenda

● Tzaneen: Setsonga

● Walvis Bay & Windhoek, Namibia: Seburu le Seesemane

◼ Mo lekgetlhong leno gape re dirisitse dikgwedi di le tharo ka katlego le ka tsela e e itumedisang mo letsholong la tshimo e e sa abiwang. Palogotlhe ya baboledi ba le 8 332 ba ne ba dirisa diura di le 72 248, ba tsamaisa dimakasine di le 49 365, dibuka di le 6 197 le diboroutšhara le dibukana di le 36 154. Ba ne ba dira maeto a go boela a le 7 522, mme ba tshwara dithuto tsa Baebele di le 1 470. Eno ke pego e e kgothatsang thata mme re tlhoafaletse go simolola letsholo la 2002 ka bonako.

◼ Go lo thusa gore lo dire dithulaganyo tsa go nna teng kwa kopanong ya kgaolo ya 2002, re itumelela go lo naya matlha a dikopano tseno le fa gone a ise a tlhomamisiwe sentle.

NOVEMBER 15-17:

St. Helena (Seesemane)

NOVEMBER 22-24:

Pietersburg (Seburu/Seesemane)

NOVEMBER 29–DECEMBER 1

Cape Town (Sexhosa)

Nelspruit (Seburu/Seesemane)

Pietersburg (Sepedi)

Springs (Sezulu 1)

Vereeniging (Sesotho/Sezulu)

NOVEMBER 30–DECEMBER 1

Rundu (Sekwangali)

DECEMBER 6-8:

Bloemfontein (Seburu, Seesemane)

East London (Seesemane)

Empangeni (Sezulu)

George (Seburu/Seesemane)

Johannesburg (Seesemane 1)

Johannesburg (Sepotokisi)

Maseru (Sesotho)

Soshanguve (Sesotho 1)

Springs (Sezulu 2)

Thohoyandou (Sevenda)

Umtata (Sexhosa 1)

Windhoek (Seesemane/Seburu, Puo ya Diatla)

Windhoek (Sepotokisi)

DECEMBER 13-15:

Bisho (Sexhosa)

Bloemfontein (Sesotho)

Cape Town (Seburu, Seesemane, Puo ya Diatla)

Durban (Seburu, Seesemane, Puo ya Diatla)

Francistown (Setswana)

Johannesburg (Seesemane 2)

Johannesburg (Sesotho 1)

Mamelodi (Sezulu)

Manzini (Sezulu)

Port Elizabeth (Seburu/Seesemane)

Pretoria (Seesemane)

Soshanguve (Sesotho 2)

Springs (Sesotho)

Umtata (Sexhosa 2)

Walvis Bay (Seburu/Seesemane)

DECEMBER 20-22:

Ermelo (Sezulu)

Gaborone (Seesemane, Setswana)

Johannesburg (Seburu)

Johannesburg (Sesotho 2)

Johannesburg (Sezulu)

Klerksdorp (Setswana)

Kokstad (Sexhosa)

Mbabane (Sezulu)

Port Elizabeth (Sexhosa)

Qwa Qwa (Sesotho)

Siyabuswa (Sepedi)

Tzaneen (Setsonga)

DECEMBER 21-22:

Ongwediva (Sekwanyama)

DECEMBER 27-29

Durban (Sezulu)

KaNyamazane (Sezulu)

Newcastle (Sezulu)

Pietermaritzburg (Sezulu)

DECEMBER 28-29

Katima Mulilo (Seesemane/Sesilozi)

◼ Dikgatiso Tse Disha Tse di Leng Teng:

A Satisfying Life—How to Attain it—Sechichewa, Se-China, Seesemane, Sefora, Sejapane, Sejeremane, Se-Malagasy, Sentadiana, Se-Poland, Sepotokisi, Se-Russia, Seswahili, Setumbuka

Solegelwa Molemo ke Thuto ya Sekolo sa Bodiredi sa Puso ya Modimo—Seburu, Sechichewa, Se-China, Sechitonga (Zambia), Secibemba, Se-Dutch, Seesemane, Sefora, Segerika, Sejapane, Sejeremane, Sekaonde, Seluvale, Sentadiana, Se-Poland, Sepotokisi, Sepedi, Sesotho, Seshona, Sesilozi, Seswahili, Setsonga, Setswana, Setumbuka, Sevenda, Sexhosa, Sezulu (Go fitlha buka eno e siametse go romelwa, e tla tlhaga mo lenaaneng la dilwana tse di pakilweng tsa phuthego e le “Tse di Iseng di Romelwe,” ka jalo, go tla bo go sa tlhokege gore lo kwalele kana lo founele ofisi ya lekala malebana le kopo eno.)

A o Na le Moya O o Sa Sweng? (Pampitshana No. 25)—Seburu, Sechichewa, Sechitonga (Zambia), Secibemba, Seesemane, Sefora, Segerika, Sejapane, Sekaonde, Sekwangali, Seluvale, Se-Malagasy, Sendonga, Se-Poland, Sepotokisi, Sepedi, Sesotho, Seshona, Sesilozi, Seswahili, Setsonga, Setswana, Setumbuka, Sevenda, Sexhosa, Sezulu

Boporofeti Jwa ga Isaia—Lesedi la Batho Botlhe II—Seburu, Sechichewa, Se-China, Secibemba, Seesemane, Sefora, Segerika, Sejapane, Sejeremane, Sentadiana, Se-Poland, Sepotokisi, Se-Russia, Sepedi, Sesotho, Seshona, Sesilozi, Seswahili, Setsonga, Setswana, Sevenda, Sexhosa, Sezulu

Isaiah’s Prophecy—Light for All Mankind II—Large Print—Seesemane, Sepotokisi, Seswahili

Thanolo ya Lefatshe le Lesha ya Dikwalo Tse di Boitshepo—Seburu

◼ Dikhasete Tse Disha Tse di Leng Teng:

Families—Make Daily Bible Reading Your Way of Life—Sepotokisi

Marked For Survival—Sepotokisi

Respect Jehovah’s Authority—Seesemane

◼ Di-Compact Disc Tse Disha Tse di Leng Teng:

Respect Jehovah’s Authority—Seesemane

◼ Dikhasete Tsa Bidio Tse Disha Tse di Leng Teng:

The Greatest Man Who Ever Lived—On Videocassette, Bolumo 5—Puo ya Diatla ya Kwa Amerika

The Greatest Man Who Ever Lived—On Videocassette, Bolumo 6—Puo ya Diatla ya Kwa Amerika

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela