Dikgakololo Tse di Malebana le Segopotso
Segopotso sa monongwaga se ka Labone, March 28. Bagolwane ba tshwanetse go ela tlhoko dintlha tse di latelang:
◼ Fa go bewa nako ya pokano eno, tlhomamisang gore ditshwantshetso ga di tsamaisiwe pele ga letsatsi le phirima.
◼ Mongwe le mongwe, go akaretsa le sebui, o tshwanetse go itsisiwe nako e e siameng le lefelo le Segopotso se tla tshwarelwang kwa go lone.
◼ Go tshwanetse ga batliwa senkgwe le beine tse di tshwanelang mme di baakanngwe sentle.—Bona Tora ya Tebelo ya February 15, 1985, tsebe 17.
◼ Dipoleite, digalase, tafole le letsela la tafole le le tshwanelang di tshwanetse go tlisiwa mo holong le go baakanngwa go sa le gale.
◼ Holo ya Bogosi kana lefelo le lengwe le pokano eno e tlileng go tshwarelwa mo go lone le tshwanetse go phepafadiwa sentle go sa le gale.
◼ Batlhokomedi le ba ba tla tsamaisang ditshwantshetso ba tshwanetse go tlhophiwa le go kaelwa go sa le gale malebana le ditiro tsa bone, thulaganyo e ba tshwanetseng go e latela le botlhokwa jwa go apara le go ipaakanya ka tsela e e tlotlegang.
◼ Go tshwanetse ga dirwa dithulaganyo tsa gore batlodiwa bape fela ba ba bokoa le ba ba sa kgonang go nna gone mo Segopotsong ba tsamaisediwe ditshwantshetso tseno.
◼ Fa motho yo o kgaotsweng a ka ja ditshwantshetso, ga a tshwanela go balelwa mo bathong ba ba jeleng, mme a ka nna a balelwa mo palong ya ba ba leng gone mo Segopotsong.—Bona Tora ya Tebelo ya February 1, 1976, tsebe 30.
◼ Fa e le gore Holo ya Bogosi e tla bo e dirisiwa ke diphuthego tse di fetang e le nngwe, diphuthego tseno di tshwanetse go dirisana sentle gore go se nne le pharakano e e sa tlhokegeng mo matsenong kana mo dikgorong, mo tseleng le mo go emisiwang dikoloi gone.