Lebokoso la Dipotso
◼ Re tshwanetse go apara le go ipaakanya jang fa re etela magae a Bethele le dikago tsa makala?
Fa re etela kwa Bethele go ya go bona moago kgotsa re etela ba lelapa la Bethele, “moaparo wa rona, go ipaakanya mo mmeleng le boitshwaro di tshwanetse tsa tshwana fela le seo se lebeletsweng mo go rona fa re le mo dipokanong tsa kobamelo mo Holong ya Bogosi.” (om-TN 131) Le fa go ntse jalo, go lemogilwe gore bakaulengwe bangwe le bokgaitsadi ba apara botlhaswa thata fa ba etela diofisi tsa makala. Ga re a tshwanela go apara jalo fa re etela dikago tseo. Moaparo wa rona o tshwanetse go nna o o tlhomang sekao, o o tlotlegang, le o o nang le seriti o o tshwanelang batlhanka ba ga Jehofa Modimo.—1 Tim. 2:9, 10.
Seno se botlhokwa thata fa re etela magae a Bethele le dikago tsa makala, ka gonne di etelwa thata ke batho ba le bantsi ba ba re etseng tlhoko ba e seng Basupi. Batho bao ba ba re etseng tlhoko, ba ka nna ba nna le dikgopolo dingwe ka batho ba Modimo le phuthego ya gagwe ka ntlha ya se ba se bonang. Go tla bo go le molemo gore re bue le ba re ithutang Baebele le bone le ba bangwe ba ba ka tswang ba etela mafelo ano, re ba gakolole ka botlhokwa jwa go apara le go ipaakanya ka tsela e e tshwanetseng. Lelapa la Bethele le tla itumela thata fa o dira jalo.
E re ka re le badiredi ba Bakeresete, re tshwanetse go nna kelotlhoko gore moaparo wa rona ga o kgopise ope. (2 Bakor. 6:3, 4) Go na le moo, e kete re ka ‘kgabisa thuto ya Mmoloki wa rona, e bong Modimo, mo dilong tsotlhe’ ka go apara ka tsela e e tshwanetseng.—Tito 2:10.