Thulaganyo ya Pokano ya Tirelo
Beke e e Simololang ka June 10
Pina 58
15 mets: Dikitsiso tsa phuthego ya lona. Dikitsiso tse di tlhophilweng go tswa go Tirelo ya Rona ya Bogosi. O dirisa dikakantsho tse di mo go tsebe 4, dira gore go nne le dipontsho tse pedi tsa ka fa go ka tsamaisiwang ka gone makasine wa Tora ya Tebelo wa June 15 le Tsogang! ya July 8. Mo pontshong nngwe le nngwe, bontsha tsela e e farologaneng ya go bontsha gore o ka araba jang motho yo o kgoreletsang puisano a re “Ga ke na kgatlhego mo bodumeding.” (Bona buka ya Go Fetolana, ditsebe 16-17.) Gape, naya mong wa ntlo sebaka sa gore a ntshe moneelo wa tiro ya lefatshe lotlhe.
10 mets: Lebokoso la Dipotso. Bala setlhogo sotlhe le ditemana tse di umakilweng. Morago ga moo, dira dikakgelo tse di oketsegileng, o tlhalose dintlha tse dingwe tse di fitlhelwang go Lebokoso la Dipotso, mo kgatisong ya Tirelo ya Rona ya Bogosi ya March 1998.
20 mets: “Go Jala ka Bogolo go Lere Masego a Mantsi.”a Akaretsa dikakgelo tse di fitlhelwang mo makasineng wa Tora ya Tebelo ya December 1, 1992, ditsebe 15-16, dirapa 14-17.
Pina 220 le thapelo e e konelang.
Beke e e Simololang ka June 17
Pina 136
10 mets: Dikitsiso tsa phuthego ya lona. Pego ya diakhaonto.
15 mets: Dilo tse phuthego ya lona e tlhokang go di ela tlhoko.
20 mets: “Kgotsofalela se o Nang le Sone.”b Gatelela mabaka a Dikwalo a go bo re newa kgakololo eno, fa nako e letla, bala o bo o tlhalose bontsi jwa ditemana tse di umakilweng.
Pina 197 le thapelo e e konelang.
Beke e e Simololang ka June 24
Pina 52
13 mets: Dikitsiso tsa phuthego ya lona. Dikgang Tsa Puso ya Modimo. Banyalani ba dira mmogo mo tirelong ya tshimo, ba bontsha ka fa ba dirisang ka gone dikakantsho tse di mo tsebeng 4, fa ba tsamaisa dimakasine tsa July 1 le July 8. Mosadi o tsamaisa Tora ya Tebelo, mme monna o tsamaisa Tsogang!
12 mets: Tlhalosa kana o dire pontsho ka maitemogelo a baboledi ba phuthego ya lona ba nnileng le one fa ba (1) rerela batho ba merafe e e farologaneng kana batho ba ba buang dipuo di sele kana (2) go rera ba sa tsamaye ka ntlo le ntlo kana ba se mo tirong ya mmila. Kgothaletsa mongwe le mongwe gore fa a baakanyetsa Pokano ya Tirelo ya beke e e tlang, a batle puisano nngwe e a ka e dirisang mo go nngwe ya diboroutšhara tse di tla bong di tsamaisiwa ka July le August.—Bona lebokoso le le reng “Dikgatiso Tse Dingwe,” mo tsenyeletsong ya Tirelo ya Rona ya Bogosi ya January 2002.
20 mets: “Go Anaanela Dikgatiso Tsa Rona.”c Akaretsa pontsho ya mmoledi a tsamaisa dimakasine. Mong wa ntlo o kgatlhegela molaetsa wa Baebele le tsela e dimakasine di tlhalositsweng ka yone, a bolela gore o tla di bala. Morago ga moo, mmoledi o bolela jaana: “Ke dumela gore di tla go solegela molemo jaaka di solegela ba bangwe ba le bantsi. Dimakasine tseno di abiwa mo lefatsheng lotlhe, mme Tora ya Tebelo e teng ka dipuo di le 144. Tiro eno e tshegediwa ka meneelo e e dirwang ka go rata. Re amogela meneelo e mennye mo go ba ba batlang go tshegetsa tiro eno.”
Pina 95 le thapelo e e konelang.
Beke e e Simololang ka July 1
Pina 83
15 mets: Dikitsiso tsa phuthego ya lona. Gakolola baboledi gore ba neye motshwari wa thuto ya bone ya buka dipego tsa bone tsa tirelo ya tshimo ya June. Kopa baboledi gore ba bolele gore ba ikaeletse go tsamaisa boroutšhara bofe ka July le gore ba tla dirisa puisano efe.
15 mets: O ka Kgona go Nna Tsala ya Modimo! Puo le motlotlo le bareetsi. Nopola dintlha dingwe mo boroutšhareng jono tse di dirang gore e nne sedirisiwa se se maatla sa go ruta, se se thusang bana le batho ba bangwe ba ba sa rutegang kana ba ba nang le bothata jwa go bala, gore ba ithute ka Jehofa. Ntsha dikai tsa ka fa e tlhalosang dilo ka tsela e e motlhofo le e e utlwalang ka gone. (Bona dithuto 2, 8 le 12.) Bontsha ka fa ditshwantsho di ka dirisiwang ka gone go fitlhelela pelo ya moithuti. Akantsha ka fa boroutšhara jono bo ka dirisiwang ka ditsela tse di molemo ka gone. Batsadi ba tshwanetse go bo ithuta le bana ba bone ba bannye. Kgothaletsa mongwe le mongwe go bo tsamaisa mo tshimong nako le nako fa go tshwanela.
15 mets: “A o “Batla” go Thusa ba Bangwe?”d Kgothaletsa mongwe le mongwe mo phuthegong gore a nne le moya wa go thusa ba bangwe.
Pina 156 le thapelo e e konelang.
[Dintlha tse di kwa tlase]
a Matseno a gago a se ka a feta motsotso, mme go latele motlotlo wa dipotso le dikarabo.
b Matseno a gago a se ka a feta motsotso, mme go latele motlotlo wa dipotso le dikarabo.
c Matseno a gago a se ka a feta motsotso, mme go latele motlotlo wa dipotso le dikarabo.
d Matseno a gago a se ka a feta motsotso, mme go latele motlotlo wa dipotso le dikarabo.