LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • km 6/02 ts. 1
  • Go Jala ka Bogolo go Lere Masego a Mantsi

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Go Jala ka Bogolo go Lere Masego a Mantsi
  • Tirelo ya Rona ya Bogosi—2002
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • A o Jala ka Bogolo?
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—1994
  • Jala ka Bogolo Gore O Tle O Robe ka Bogolo
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—1993
  • Go Ithaopa ka go Rata go Dira Tiro Nngwe le Nngwe e e Molemo
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—1995
  • Ijaleleng Tshiamo, Robang Bopelonomi Jwa Modimo Jwa Lorato
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2002
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tirelo ya Rona ya Bogosi—2002
km 6/02 ts. 1

Go Jala ka Bogolo go Lere Masego a Mantsi

1 Rotlhe re lebeletse pele kwa go diragadiweng ga ditsholofetso tse di molemo tse di mo Lefokong la Modimo. Le gone jaanong, Jehofa o re naya masego a le mantsi a a dirang gore re itumele mo botshelong. Le fa go ntse jalo, tsela e re solegelwang molemo ka yone e ikaegile thata ka boiteko jo re bo dirang. Jaaka moaposetoloi Paulo a tlhalosa, “yo o jalang ka bogolo gape o tla roba ka bogolo.” (2 Bakor. 9:6) Akanya ka dilo dingwe di le pedi tse molaomotheo ono o dirang mo go tsone.

2 Bodiredi Jwa Rona: Go bolelela batho ba bangwe dikgang tse di molemo fa re kgona go dira jalo gore re ba neele bosupi go lere melemo e le mentsi. (Dia. 3:27, 28) Re akgola ba le bantsi ba ba jalang ka bogolo ka go oketsa bodiredi jwa bone go akaretsa le ba e leng babulatsela ba ba thusang kgotsa ba ka metlha. Rotlhe re ka kgona go jala ka bogolo ka go nna kelotlhoko gore re boela kwa go ba ba bontshitseng kgatlhego, le go simolola dithuto tsa Baebele le bone fa sebaka se bulega. (Bar. 12:11) Go iteka ka natla ka ditsela tseno go felela ka gore re nne le maitemogelo a a kgothatsang le boitumelo jo bogolo mo bodireding.

3 Go Tshegetsa Dilo Tse di Direlwang Bogosi: Paulo o ne a umaka kgang ya “go jala ka bogolo” fa a bua ka go aba dilo tse re nang le tsone. (2 Bakor. 9:6, 7, 11, 13) Gompieno re ka dira go le gontsi go tshegetsa dilo tse di direlwang Bogosi ka go bereka kana ka go ntsha meneelo. Re ka thusa ka go aga Diholo Tsa Bogosi le Diholo Tsa Dikopano. Gape re ka thusa ka go phepafatsa le go tlhokomela mafelo ano a kobamelo ya boammaaruri. Mo godimo ga moo, re ka ntsha meneelo go duelela ditshenyegelo tsa phuthego ya rona le go tshegetsa tiro ya go rera ka Bogosi le ya go dira barutwa mo lefatsheng lotlhe. Fa rotlhe re diragatsa seabe sa rona, abo re itumela jang ne go bona gore Jehofa o segofatsa thata tiro eno e A e tlhomileng!—Mal. 3:10; Luke 6:38.

4 Lefoko la Modimo le re kgothaletsa “go dira molemo, go huma ditiro tse di molemo, go aba ka bopelontle, go iketleeletsa go abelana.” Fa re ntse re reetsa tlhagiso eno, re ipelela masego a a seng kana ka sepe gone jaanong. Mo godimo ga moo re “ipolokela motheo o o molemo wa isagwe ka pabalesego, [le] botshelo jwa mmatota” jo bo tlang.—1 Tim. 6:18, 19.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela