LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • km 12/93 ts. 4
  • Jala ka Bogolo Gore O Tle O Robe ka Bogolo

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Jala ka Bogolo Gore O Tle O Robe ka Bogolo
  • Tirelo ya Rona ya Bogosi—1993
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Letlole la Dipotso
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—1991
  • Lebokoso la Dipotso
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—2000
  • Letlole la Dipotso
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—1991
  • Go Anaanela Dikgatiso Tsa Rona
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—2002
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tirelo ya Rona ya Bogosi—1993
km 12/93 ts. 4

Jala ka Bogolo Gore O Tle O Robe ka Bogolo

1 Molemi mongwe le mongwe o a itse gore fa a jala peo ya gagwe ka bogolo, o ka nna a roba thobo e kgolo, mme fa a jala ka bongoma, kwantle ga pelaelo o tla roba ka bongoma. (2 Bakor. 9:6) Gongwe ga go na mo kgang eno e tlhalosang dilo sentle teng go feta mo kgannyeng e e amanang le tiro ya rona ya go neela bosupi. Kwantle ga pelaelo, fa re ntse re senya nako e ntsi mo go neeleng bosupi, ke gone re ka kgonang go roba ka tsela ya go nna le maitemogelo a a kgatlhisang, go nna le dipoelo tse di nang le maungo, le dithuto tsa Bibela tsa magae tse di gatelang pele.

2 Gape re batla go jala ka bogolo mo dimakasineng, mo diboroutšhareng, le dikgatiso tse dingwe. Ka dinako tse dingwe re ka nna ra di tlogela di koelana mo rakeng ya dibuka kwa gae mo di ka bong di dirisiwa go thusa batho ba ba tshwanelegang mo tshimong ya rona go itse boammaaruri. (Bapisa Mathaio 25:25.) A re bueng ka kgang ya go tsamaisiwa ga dimakasine. Go tsamaisa dimakasine ga rona go ile ga nna ga wela kwa tlase ka bonya ka bonya. Ka ngwaga wa tirelo wa 1993 baboledi ba mo Afrika Borwa ba ile ba tsamaisa palogare ya 4,2 ya dimakasine ka kgwedi. Le mororo go ka tswa go na le mabaka a le mmalwa a a bakang seno, a a akaretsang maemo a a maswe a ikonomi, re dumela gore baboledi ba le bantsi ga ba rulaganye nako ya go nna le seabe mo tirong ya dimakasine ka metlha. Mo diphuthegong di le dintsi go ile ga rulaganngwa gore go nne le Letsatsi la Dimakasine beke le beke koo phuthego yotlhe e ka nnang le seabe mo tirong eno e e botlhokwa ya go jala peo ya Bogosi ka bogolo teng. Go na le gore go beelwe kwa thoko Matlhatso a le mongwe fela kana ba le babedi kgwedi nngwe le nngwe, bagolwane ba tshwanetse go dira dithulaganyo tsa tiro ya dimakasine ka Matlhatso MONGWE LE MONGWE.

3 Mo mafelong mangwe, bakaulengwe ba ile ba fitlhela go le bokete go tsamaisa dimakasine ka ntlha ya dikhuduego tse di sa feleng tse di mo metsesetoropong. Bagolwane ba tshwanetse go kaela baboledi gore ba bereke thata mo mafelong a a senang dikhuduego. Fa go sa kgonege gore o neele bosupi jwa mmila, he tsamaya ka ntlo le ntlo. Ditselana tsa dimakasine ke ditsela tse dingwe tse di molemo mo go oketseng go neela dimakasine le gore kgabagare o simolole dithuto tsa Bibela tsa magae.

4 Karolo e nngwe e re batlang go jala ka bogolo mo go yone ke mo tirong ya rona ya dithuto tsa Bibela. Ka August 1993, go ne ga begwa tlhora e ntšha ya dithuto tsa Bibela tsa magae di le 63 887 mo Afrika Borwa. Ke selo se sentle tota, mme re batla go akgola botlhe ba ba ileng ba nna le seabe mo tirong eno e e botlhokwa. Fa molemi a jala peo, o lebeletse go roba dijalo tse di molemo. Ka jalo, mo dithutong tsa Bibela tse di fetang 63 000 tse di ileng tsa tshwarwa, a re ne re sa tshwanela go ka bo re roba palo e e golelang pele ya barutwa ba basha kgwedi le kgwedi?

5 Gore re nne le matswela a a ntseng jalo re tshwanetse go iketleetsa go dira ka natla le go dirisa dikgakololo tsotlhe tse di molemo tse re ileng ra di amogela mo ditokololong tsa sesheng tsa Tirelo ya Rona ya Bogosi mabapi le dithuto tsa Bibela. A wena ka namana o setse o kile wa dirisa dikgakololo tseno? (Leba go Tirelo ya Rona ya Bogosi ya June go ya go December 1993.) Ke eng fa o sa dire dikopi tsa ditlhogo tseno mme o bo o di boloka ka fa morago ga buka ya gago ya Tshelela Ruri le ya Go Utlwana mo Kobamelong gore o nne o leba mo go tsone nako le nako? Molebedi wa tirelo le batshwari ba thuto ya buka le bone ba ka nna ba rata go dirisa ditlhogo tseno go thusa botlhe mo phuthegong go tshwara dithuto tsa Bibela ka botswerere, ka gone ba tlhomamisa fa ba tla bona thobo e ntle ya barutwa ba basha.—Math. 28:19, 20.

6 Rotlhe re tshwanetse go ipotsa jaana, A nka jala ka bogolo mo bodiheding? (1 Bathes. 4:1) Ke ka ntlha yang fa o sa nne fa fatshe o itlhatlhobe wena ka namana kana lo le lelapa, go bona kafa lo ka dirang ka teng go nna le seabe se segolwane mo go tsamaiseng dimakasine. Fa e le gore gone jaanong ga o na thuto ya Bibela, rapelela kgang eno mme o bo o dire ka natla mo tshimong gore o tle o nne le yone. Fa o na le thuto, dirisa dikgakololo tse di tswang mo phuthegong ya ga Jehofa go tlhomamisa gore o robe maungo a a batlegang. Ka go dira jalo re tla tlotla Jehofa ka go roba ka bogolo.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2025)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela