Letlole la Dipotso
◼ K eng seo se tshwanetseng sa gakologelwa fa go neelwa bosupi ka mogala kana ka go kwala dikwalo?
Re rata thata go rerela batho mafoko a a molemo go lebanwe difatlhego, mme maemo a ka dira gore go tlhokege go neela bosupi ka mogala kana ka go kwala dikwalo. Baboledi bao ba sa kgoneng go tswa mo magaeng a bone ka nakwana kana ka lobaka lo loleele ka ntlha ya bolwetsi kana ka ntlha ya bokoa mo mmeleng ba ka dirisa mekgwa eno ya go neela bosupi. Ba ka nna ba atlega mo go kopaneng le banni ba mafelo ao motho a sa letlelelweng go tsena mo go one kwantle ga go lalediwa pele.
Go tlhokega gore o bue ka lentswe le le botsalano ebile le le monate gore o kgone go neela bosupi jo bo nang le matswela ka mogala. Tila go letsa phakela thata, maitseboa thata kana ka nako ya dijo. O se ka wa letla mogala gore o lele gantsi. Dira gore mong wa ntlo a ikutlwe gore o mo kgatlhegela ka namana ka go mo akaretsa mo motlotlong. Dirisa leina la gago la ntlha le sefane mo ketapeleng ya gago, ka jalo o dira gore motlotlo e nne wa botho. Dirisa leina la mong wa ntlo mo motlotlong otlhe wa lona.
Pele ga fa o kwalela batho ba ba kgatlhegang kana ba bangwe bao ba neng ba seo kwa gae fa o ile kwa go bone, leba Thuto 17 ya Buka ya Tataiso ya Sekolo. Tlhomamisa gore o kwala le leina la gago le aterese. Mo mabakeng a le mmalwa koo baboledi ba neng ba sa dira jalo, dikwalo tseno di ne tsa busediwa kwa Mokgatlhong. Fa o romela dimakasine ka poso leina la gago le aterese le tsone di tshwanetse tsa kwalwa mo sephuthelwaneng. Ka kakaretso batho ga ba rate go amogela dikwalo tse go sa itsiweng gore di rometswe ke mang. Ka dinako tsotlhe kwala lekwalo le lekhutshwane ebile le le botsalano jaaka ekete o ne o bua le motho yoo lo lebane ka difatlhego.