Lebokoso la Dipotso
◼ A re a bo re sa ntshe moneelo wa dibuka gabedi fa re ile ra ntsha moneelo fa re tsaya dibuka mme go tswa foo re bo re tsenya meneelo e re e amogetseng kwa tshimong mo mabokoseng a moneelo a a tshwaetsweng tiro ya Mokgatlho ya lefatshe lotlhe?
Nnyaa. Meneelo e e tsenngwang mo mabokoseng a moneelo a tiro ya Mokgatlho ya lefatshe lotlhe ga se ya dibuka fela. Baboledi mmogo le batho ba ba kgatlhegang thata mo tshimong ba amogela dibuka kwantle ga go di duedisiwa. Fa baboledi ba ntsha meneelo, e a bo e le go ema nokeng go baakanngwa ga diofisi tsa makala, magae a Bethele, dikolo tsa barongwa le tsa bodiredi, go thusa barongwa, balebedi ba ba etang, mafelo a a romelang dibuka, le ditirelo tse dingwe tse dintsi tse di thusang gore go wediwe tiro yotlhe e Jesu a neng a e neela barutwa ba gagwe. Go gatisa dibuka ke karolo e nnye fela ya tiro eno.
Ka gone, fa re amogela meneelo mo bathong ba ba kgatlhegang mo tshimong, ga re a tshwanela gore ke moneelo wa “buka.” Re ba tlhalosetsa gore batho ba ba ratang go bala dibuka tsa rona ba di amogela kwantle ga tuelo epe. Meneelo epe e batho bao ba e ntshang e tla dirisediwa go duelela ditshenyegelo tse di amanang le tiro ya lefatshe lotlhe. Go ntse jalo le ka meneelo e e ntshitsweng ke baboledi.
Ka gone, ga go na lebaka la gore baboledi ba ikgogone go kopa moneelo wa tiro ya lefatshe lotlhe, ba akanya gore ba setse ba duetse dibuka.