LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • km 8/91 ts. 8
  • Letlole la Dipotso

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Letlole la Dipotso
  • Tirelo ya Rona ya Bogosi—1991
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Lebokoso la Dipotso
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—2000
  • Jala ka Bogolo Gore O Tle O Robe ka Bogolo
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—1993
  • Letlole la Dipotso
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—1991
  • Letlole la Dipotso
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—1991
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tirelo ya Rona ya Bogosi—1991
km 8/91 ts. 8

Letlole la Dipotso

● Ke ka ntlha yang fa go akantshiwa gore baboledi ba dire le phuthego eo e tshwereng tshimo eo ba nnang mo go yone?

Letlole la Dipotso le le go Tirelo ya Rona ya Bogosi ya November 1990 le ne la tlotla ka potso eno ka botlalo. Re batla go bontsha fa re anaanela dikgato tse di siameng tse di neng tsa tsewa ke bakaulengwe malebana le setlhogo seno. Dipego tseo di amogetsweng go tswa kwa balebeding ba le mmalwa ba potologo di bontsha gore bagolwane le batlhanka ba bodihedi ba le mmalwa ba ne ba etelela pele mo go kopaneleng le phuthego eo e dirang tshimo e ba nnang mo go yone. Baboledi ba le bantsi ba ne ba latela sekao sa bone se se molemo. Ka jalo boikaelelo fela jwa setlhogo seno ke go gakolola bakaulengwe botlhe ka kaelo eo Mokgatlho o e neetseng mo kgannyeng eno.

Go botlhokwa go dira dilo ka thulaganyo le ka tsela ya bolegodimo. Moaposetoloi Paulo o ne a kwala jaana: “Gonne Modimo ga se Modimo oa tlhakatlhanyō, ha e se oa kagishō hèla . . . Me a dilō cotlhe di dihwè sentlè hèla, le ka thulaganyō.”— 1 Bakor. 14:33, 40.

Lemororo go ka nna le makgetlo ao a ka tlodisiwang matlho ka ntlha ya mathata a tsa dipalangwa, dinako tsa tiro ya boitshediso, kana tlhokafalo ya go thusa mo bolebeding, ka kakaretso go molemo segolo go nna gone kwa phuthegong eo e dirang tshimo e re nnang mo go yone. Seno se dira gore tirelo ya tshimo e nne motlhofo, mme ga go tlhokafale gore re sepele sekgala se seleele go ya go dira le setlhopha seo se seng mo tikologong ya rona. Go dira gore re kgone go bereka le ba bangwe ba phuthego ya rona botoka mme re kaele ba ba sa tswang go kgatlhega bosheng kwa dipokanong tseo di ka ba siamelang botoka. Gape go dira gore re nne re le gaufi le bakaulengwe le bokgaitsadi ba ba mo tikologong ya rona bao ba ka re thusang fa re le mo mathateng.

Ka go dira ka boineelo kafa tlase ga dithulaganyo tse di dirilweng, re bontsha gore re baya dilo tseo di amanang le Bogosi kwa pele. (Luke 16:10) Fa go dirwa phuthego e ntšha kana fa Dithuto tsa Buka tsa Phuthego di rulaganngwa sesha, re ka nna ra rata go sala le ditsala tse di rileng. Mme ka go dumalana le thulaganyo e ntšha, re ka kgona go dira ditsala tse disha, mme ra atolosa bokopano jwa rona jwa bolegodimo. Gape, go nna motlhofo mo bagolwaneng gore ba dise letsomane le go tokafatsa boemo jwa semoya jwa phuthego fa e le gore baboledi ba nna mo tshimong ya phuthego eo ba kopanelang le yone.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2025)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela