LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • km 9/91 ts. 3
  • Letlole la Dipotso

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Letlole la Dipotso
  • Tirelo ya Rona ya Bogosi—1991
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Letlole la Dipotso
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—1991
  • Lebokoso la Dipotso
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—2000
  • Jala ka Bogolo Gore O Tle O Robe ka Bogolo
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—1993
  • Go Neela Mafoko a a Molemo—Ka Dithuto tsa Bibela
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—1990
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tirelo ya Rona ya Bogosi—1991
km 9/91 ts. 3

Letlole la Dipotso

◼ Fa mong wa ntlo a ntsha moneelo o o fetang o o akantshitsweng, a seo se tshwanetse sa re tlhotlheletsa go mo neela dibuka tse di oketsegileng?

Ga go patelesege. O ka dirisa katlholo ya gago e e molemo mo kgannyeng eno, o akanyetsa kgatlhego eo e bontshitsweng mo go baleng dibuka tseno. O ka nna wa akantsha go tlisetsa mong wa ntlo tokololo e e latelang ya dimakasine tsa rona ka moneelo o o oketsegileng o a o ntshitseng mme ka jalo o tlhagolela loeto lwa tselana ya dimakasine. Mo maetong a a tla latelang, go ka tlogelwa dibuka tseo di tla thusang mong wa ntlo ka sengwe se a se tlhokang. Fa kwantle ga go kopiwa mong wa ntlo a ntsha moneelo o o oketsegileng, ono o ka amogelwa ka diatla tsoopedi. Gakologelwa gore meneelo e tshegetsa dikarolo tse di farologaneng tsa tirelo ya rona ya lefatshe ka bophara tseo di akaretsang thulaganyo ya rona ya go aga, barongwa, le tiro ya bobulatsela jo bo kgethegileng, mo godimo ga go gatisiwa ga dibuka tsa rona. Ka jalo, o ka amogela moneelo ono mme, kwantle ga go aba dibuka tse di oketsegileng kana dimakasine, o o tsenye mo letloleng la meneelo ya Mokgatlho kwa Holong ya lona ya Bogosi kana o o romele ka tlhamalalo kwa Mokgatlhong.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2025)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela