Go Neela Mafoko a a Molemo—Ka Dithuto tsa Bibela
1 Mo ngwageng ono wa tirelo o o fetileng mo Afrika Borwa, go ile ga tshwarwa dithuto tsa Bibela di feta 43 000 mo kgweding nngwe le nngwe. Gongwe mo e ka nnang sephatlo sa baboledi ba le 44 000 bao ba leng teng mo nageng eno ba ile ba nna le seabe mo tirong eno e e ipedisang. Gone jaaka fa re itse, fa e le gore ba ba ka nnang sephatlo ba baboledi ba ile ba nna le seabe mo tirong eno, seo se tla bolela gore ba bangwe botlhe ba ba setseng ga ba a ka ba nna le seabe mo go yone. Go ka dirwa jang gore ba ba oketsegileng ba rona ba nne le kgotsofalo e e kgethegileng ya go ruta mongwe boammaaruri?
2 E re ka re rata Modimo mmogo le moagelani, re batla go abalana le ba bangwe boammaaruri. Mme le fa go ntse jalo re tlhoka thuso ya ga Jehofa mo bodiheding jwa rona. (1 Bakor. 3:6, 7) Ka gone, a e tla bo e se selo se se molemo fa re ka buisana le Jehofa ka thapelo go mo kopa gore a re thuse gore re simolole thuto ya legae ya Bibela? (1 Yoh. 5:14,15) Jalo he, re tshwanetse go dira dilo go ya ka seo re se kopang mme re nne le seabe mo bodiheding jwa tshimo ka botlalo ka mo go ka kgonagalang ka gone go ya kafa maemo a rona a tla re letlang ka gone, re ithaopela go tshwara thuto ya legae ya Bibela gongwe le gongwe koo tshono ya seno e tlhagang gone.
GO NA LE DITSHONO Dl LE DINTSI
3 Mo dingwageng di se kae tse di fetileng, re ile ra tsamaisa dibuka, dibukana, le diboroutšhara di le dimilionemilione mo bathong bao ba leng mo tshimong. Dibuka tsa Tshelela Ruri, Kagiso ya Boammaaruri, le tsa Boamarure, magareng ga tse dingwe, di ka fitlhelwa mo magaeng a batho ba le diketekete bao e seng Basupi ba ga Jehofa. Seno se re naya tshono e kgolo ya go simolola dithuto tse disha tsa Bibela.
4 4 Fa mong wa ntlo a re bolelela gore o tlwaelane le tiro ya rona kana gore o setse a na le dibuka tsa rona, re tshwanetse ra mmolelela kafa re itumeletseng seo ka gone. (Bona Go Fetolana, tsebe 20.) Fa e le gore o na le buka, re ka nna ra mo kopa ka bopelonomi gore a tle le yone mme re tle re mmontshe dingwe tsa dikarolo tse di kgatlhisang tseo di tla nnang mosola mo go ene le mo lelapeng la gagwe. Fa a dumela, re ka nna ra ithaopela go mo tshwarela thuto ya legae ya Bibela.
5 Fa re sa dire se se fa godimo e ka nna ya nna rona re simololang mme ra botsa mong wa ntlo gore a o na le dibuka tsa rona. Seno se ka nna le katlego segolo thata mo tshimong ya koo re tsamaisitseng dibuka di le dintsi gone. Morago ga re sena go ikitsise ka tsela e e botsalano gore re bomang, re ka nna ra bolela gore ka ntlha ya go etela batho kgapetsa ga rona, bontsi jwa baagelani ba rona ba na le dingwe tsa dibuka tsa rona. Re rata go bona batho ba solegelwa molemo ke tshedimosetso eno e e gatisitsweng. E ka nna ya re morago ga moo re bo re botsa mong wa ntlo gore a o na le epe ya dibuka tsa rona. Fa e le gore o na le yone, re ka nna ra botsa ka bopelonomi gore a re ka kgona go e bona mme e bo e re morago ga moo re bo re ithaopela go mmontsha kafa re e ithutang ka gone. E ka nna ya re re sena go mmontsha fela ka bokhutshwane seo sa felela ka thuto ya legae ya Bibela. Fa a se na dibuka tsa rona, re ka nna ra mo tsamaisetsa mpho e e tsamaisiwang ka nako eo kana ra mmotsa ka tlhamalalo gore a lelapa la gagwe le ne le ka rata go nna le thuto ya mahala ya legae ya Bibela.
DIRISA TLHALOGANYO
6 E re ka batho ba tshwaregile, go botlhale gore re dirise tlhaloganyo mme re se ka ra nna nako e telele fa re amogetswe. Go ka nna ga diragala gore mo dithutong tsa ntlha di se kae go dirwe gore di felele ka metsotso e le 15 fela. Fa mong wa ntlo a itse gore ga go kitla go tsewa nako e ntsi ya gagwe, a ka nna a rata gore re mo etele ka metlha. Gangwe fela fa thuto e sena go nna e e tlhomameng e bile kgatlhego ya mong wa ntlo e sena go gola, go ka nna ga dirisiwa nako e telejana mo thutong. Gone jaaka fa re itse, ba bangwe ba tla batla go ithuta ka nako e telejana go tloga fela kwa tshimologong.
7 Go na le ba sekadinku mo tshimong bao ba tlhokang thuso ya rona, mme bontsi jwa bone ba na le dibuka tsa rona. Kwantle ga pelaelo, ba bangwe ba a fegelwa le go sonelela ka ntlha ya dilo tse di makgapha tseo di dirwang mo lefatsheng gompieno. (Esek. 9:4) Re na le tshiamelo e seng ya go tsamaisa dibuka tse di bolelang ka Bogosi fela mme gape le ya gore re fitlhelele batho ba ba nang le dipelo tse di ikanyegang ka boammaaruri re dirisa dithuto tsa Bibela.—Math. 28:19, 20.