LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • km 11/92 ts. 1
  • A O Tsaya Dibuka tsa Rona di le Botlhokwa?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • A O Tsaya Dibuka tsa Rona di le Botlhokwa?
  • Tirelo ya Rona ya Bogosi—1992
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Dirisa ka Botlhale Dikgatiso Tsa Rona Tse di Theilweng mo Baebeleng
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—2005
  • Go Tsamaisa Dikgatiso mo Tshimong ya Dipuo Tse di Farologaneng
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—2003
  • Go Anaanela Dikgatiso Tsa Rona
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—2002
  • Lebokoso la Dipotso
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—2011
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tirelo ya Rona ya Bogosi—1992
km 11/92 ts. 1

A O Tsaya Dibuka tsa Rona di le Botlhokwa?

1 Diteemane le majana a mangwe a a tlhokegang ga di tlhwatlhwakgolo fela ka go bo di le dintle mme gape ke ka go bo di se motlhofo go bonwa ebile di le tlhwatlhwakgolo go epiwa. Kitso kaga Jehofa le Jesu Keresete e botlhokwa go gaisa dilo tseno, mme dikgatiso tsa rona ke tsone fela mo lefatsheng tse di tlhalosang ka dikhumo tseno tsa semoya ka botlalo mmogo le ka botlhale jwa bomodimo. (Bar. 11:33; Bafil. 3:8) Re ka bontsha jang gore ka boammaaruri re anaanela dibuka tsa rona?

2 Tsela e nngwe ya go bontsha kanaanelo ke fa re tsamaisetsa batho bao re kopanang le bone mo tirelong ya tshimo dibuka tseno tsa rona re gololesegile. Bontsi jwa batho bo ne bo ka itumela thata fa mongwe a ne a ka ba neela teemane kana leje le le tlhokegang. Ke boammaaruri gore, mo lekgetlhong la pele ba ka nna ba se ka ba leba dibuka tsa rona jaaka tse di tshwanang le teemane, mme lefa go ntse jalo bao ba amegileng ka dilo tseo ba di tlhokang semoyeng go ise go ye kae ba tla lemoga botlhokwa jwa tsone jwa mmatota. Fa re tshwara dithuto re dirisa dikgatiso tsa rona, re thusa batho gore ba ithute ka seo Bibela e se rutang mme ba bulegelwe ke tsela ya go aga kamano ya bone le Jehofa. Gore dibuka tsa rona di mosola go le kana kang go ikaegile ka tsela eo di dirisiwang ka yone.

3 Gape re tshwanetse ra bula matlho go bona ditshono tse dintsi tse re ka nnang le tsone tsa go tsamaisa dibuka fa re dira bosupi jo eseng jwa ka tlwaelo. Akanya ka ditsela tseo re ka neelang bosupi ka tsone go baeti, balosika, ba re berekang le bone, ba re tsenang sekolo le bone, batho bao re kopanang le bone fa re ile mabenkeleng, le bao re ba fitlhelang mo mebileng fa re ntse re le mo tirelong ya tshimo. Dirang dithulaganyo go sale gale, gore lo nne le dibuka tse lo ka di neelang batho mo mafelong a a tshwanang le ao. Gantsi ga go thata go tsamaya re tshotse kgatiso e le nngwe fela e potlana kana go feta. Re ka fitlhelela melemo e le mentsi thata fa re dira bosupi jo eseng jwa ka tlwaelo.—1 Pet. 3:15.

4 Tota lefa gone re lebisitse tlhokomelo ya rona thatathata mo mphong ya bosheng, ka dinako tse dingwe re ka nna ra akanya ka go dirisa kgatiso e e farologaneng le eo. Fa re le mo bodiheding jwa rona, re batla go thusa batho ba sekadinku gore ba tsene mo tseleng e e isang botshelong. Dibuka tseno di ka re thusa go dira seo. Fa re tlotla ka Dikwalo le motho yo o kgatlhegang, re ka nna ra fitlhela gore go na le setlhogo sengwe se se rileng se se mo kgatlhang. Fa re itse sentle tshedimosetso e e botlhokwa e e leng mo dikgatisong tse di farologaneng, re tla kgona go fetofetola puisano ya rona mme re bo re tsamaisa buka nngwe e e amanang thata le seo motho yono yo re buang le ene a se kgatlhegelang. Seno se tla raya gore fa re dira loeto lwa go boela re tshware buka eno e e tshwanetseng.

5 Buka e re e tlogetseng mo shelofong kwa Holong ya Bogosi kana kwa magaeng a rona ga e diragatse boikaelelo jwa yone, ebile ga e solegele ope molemo. Tota le ditokololo tsa bogologolo tsa dimakasine, diboroutšhara, dibuka tsa khabara e e thata, le dipampitshana di tshwanetse tsa dirisiwa ka botlalo. Ke leng la bofelo re neng ra bala dibuka tseo re nang le tsone? Re ka nna ra gakgamadiwa ke go fitlhela gore di koagane. A dibuka tse re nang le tsone di santse di le mo boemong jo bo siameng—di se ditshetlha ka go bo di ntse nako e telele, di sa kgagoga, kana di se leswe? Fa go le jalo, re tshwanetse ra leka ka bojotlhe go di tsamaisa mo bodiheding jwa tshimo. Motho o ka nna a ipolokela dibuka tse di senyegileng gore a di dirise ka namana kana o ka di latlha fa go tshwanela.

6 Ka metlha akanya ka kelotlhoko gore ke dibuka dife tse o tla di tlhokang mo tshimong. Ka dinako tse dingwe re ka tlhokomologa go ikamogelela mpho ya bosheng kwa khaontareng ya dibuka nako e santse e le teng. Go botlhokwa gore re ipaakanye le go rulaganya dilo sentle fa re batla go tlhomamisega gore re na le dilo tsotlhe tsa mpho ya bosheng le mefuta e mengwe ya dibuka tse dingwe tse re di tlhokang mo tshimong ya rona. Seno se ntse jalo segolobogolo fa o direla jaaka mmulatsela yo o thusang kana wa ka metlha mo phuthegong.

7 Dikgatiso tsa rona di nna botlhokwa thatathata fa re di tsamaisetsa batho bao ba anaanelang Lefoko la Modimo la boammaaruri. Ka gone ekete mongwe le mongwe wa rona a ka bontsha gore o tsaya dibuka tsa rona di le botlhokwa fela thata.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2025)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela