Lebokoso la Dipotso
◼ Ke eng se se bontshang gore re ka tlogelela motho dikgatiso?
Selo sa botlhokwa se re tshwanetseng go se ela tlhoko ke gore a motho o a kgatlhega. Fa a bontsha gore ruri o na le kgatlhego, re ka mo tlogelela dimakasine tse pedi, boroutšhara, buka kgotsa kgatiso e nngwe e re e tsamaisang. Go ntse jalo tota le fa re lemoga gore o na le madi a mannye kgotsa ga a na madi a go ntsha moneelo wa tiro ya lefatshe lotlhe. (Jobe 34:19; Tshen. 22:17) Ka fa letlhakoreng le lengwe, re ka se tlogele dikgatiso tsa rona tse di botlhokwatlhokwa le batho ba ba sa di anaaneleng.—Math. 7:6.
Mong wa ntlo a ka bontsha kgatlhego jang? Go bo a iketleeleditse go tlotla le rona ke bosupi jo bo molemo jwa gore o a kgatlhega. Fa a re reetsa fa re bua, a araba fa re mmotsa dipotso le fa a tlhalosa ka fa a ikutlwang ka teng go bontsha gore o na le seabe mo motlotlong. Fa a tsamaisana le rona mo Baebeleng ya gagwe fa re bala go kaya gore o tlotla Lefoko la Modimo. Gantsi go a thusa go mmotsa gore a o tla bala dikgatiso tse re di mo nayang. Baboledi ba tshwanetse go dirisa botlhale go bona gore a motho yoo o a kgatlhega. Ka sekai, fa re dira bodiredi jwa mmila go tla bo go sa siama gore re neye mongwe le mongwe fela yo o fetang mo go rona dimakasine, diboroutšhara kgotsa dibuka. Fa e le gore ga re kgone go bona gore a motho o a kgatlhega, go ka nna molemo gore re mo neye pampitshana ya taletso kgotsa pampitshana.
Ka tsela e e tshwanang, palo ya dikgatiso tse mmoledi a di tsayang kwa khaontareng ya dikgatiso e tshwanetse go ikaega ka se a se tlhokang go diragatsa bodiredi jwa gagwe, e seng ka moneelo o a kgonang go o ntsha. Meneelo ga e duelele dikgatiso, go na le moo, e thusa mo dikarolong tsotlhe tsa tiro ya go rera mo lefatsheng lotlhe. Go sa kgathalesege seemo sa rona sa tsa madi se ntse jang, kanaanelo ya rona e tla re tlhotlheletsa go neela ka bopelotshweu go tswa mo go se re nang le sone, e seng go tswa mo go se se setseng sa rona, go tshegetsa dilo tse di direlwang Bogosi. (Mar. 12:41-44; 2 Bakor. 9:7) Gape kanaanelo ya rona e tla re tlhotlheletsa go tsaya dikgatiso tse re di tlhokang fela mme ka go dira jalo, re sa senye ka madi a a ntshitsweng moneelo go ntshediwang dikgatiso.
[Blurb on page 2]
Baboledi ba tshwanetse go dirisa botlhale go bona gore a motho yoo o a kgatlhega