LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • km 11/92 ts. 1
  • Maatla a Lefoko la Modimo

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Maatla a Lefoko la Modimo
  • Tirelo ya Rona ya Bogosi—1992
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Go Simolola Dithuto Tsa Bibela mo Bukeng ya Monna Yo Mogolo
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—1993
  • Thusa ba Bangwe Gore ba Ithute Kaga Jesu Keresete, Morwa Modimo
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—1993
  • Boela Go ya Go Thusa Batho Gore ba Ithute Kafa ba ka Tshelelang Ruri ka Teng
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—1993
  • Go Thusa ba ba Iseng ba Siamele go Ithuta Buka ya Baebele e Ruta Eng?
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—2013
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tirelo ya Rona ya Bogosi—1992
km 11/92 ts. 1

Maatla a Lefoko la Modimo

1 Lefoko la Modimo le maatla. (Baheb. 4:12) Gompieno, bosupi jwa seno bo ka bonwa mo bathong ba le bantsintsi bao ba ileng ba fetola matshelo a bone gore ba tshele matshelo a a botoka ereka batho bano ba ile ba dirisa dilo tse ba di ithutileng ka namana go tswa mo Bibeleng. Go ne ga nna jalo le mo lekgolong la ntlha la dingwaga fa barutwa ba ga Jesu ba ne ba abalana le ba bangwe kitso ya Lefoko la Modimo.—Bar. 12:2.

2 Gore batho ba tle ba solegelwe molemo ke dithuto tseno tsa Bibela, ba tlhoka gore ba lebe Bibela jaaka Lefoko la Modimo. (1 Bathes. 2:13) Ka November re tla neela batho tshono ya go ithuta mo go oketsegileng ka botlhokwa jwa Bibela jaaka re tla bo re tsamaisa buka ya Bibela—A Ke Lefoko la Modimo Kana Ke la Batho?

3 Ke ka ntlha yang o sa boeletse dikarolo dingwe tse di itumedisang tsa buka ya Lefoko la Modimo? Diteng tsa yone di tla go gogela kwa dikgaolong tseo di tlotlang ka dikgakgamatso, dilo tse go tweng e a ikganetsa mo go tsone, go dumalana ga yone le saense, boperofeti, le ditlhogo tse dingwe. Buka eno e na le ditshwantsho di le dintsi tse di farologaneng. Kwa bofelong jwa buka eno go na le lenane la ditshupiso tsa thuto. Dikarolo tseno di tla re thusa gore re tsamaise buka eno ka tsela e e matlhagatlhaga tota, re tlhatswegile pelo gore batho ba ba leng mo tshimong ya rona le bone ba tlhoka go utlwa mafoko a a molemo a e a tshotseng.

4 Re ka dirisa buka eno jang fa re kopana le mong wa ntlo yo o setseng a dumela gore Bibela ke Lefoko la Modimo? Re ka tlhagolela kgatlhego ya gagwe ka go tlhomolola kgaolo ya 2, eo e bolelang ka hisitori ya Bibela ya go kgaratlhela gore e tswelele pele e le teng, kana ra tlhomolola kgaolo 14, eo e kgothaletsang mmadi gore a amogele thuso e le gore le ene a tle a tlhaloganye ka seo Bibela e se bolelang ka rona gompieno. Fa lo bala dikwalo tse di bontshitsweng mo kgaolong ya 14, lo tla bo lo tlhomamisetsa mong wa ntlo gore motlotlo wa lona ke o o thailweng mo Bibeleng.

5 Batho ba le bantsi ga ba batle go dumela gore Bibela ke lefoko la Modimo ka ntlha ya tsela e Labokeresete e itshwarang ka teng. Kgaolo ya 3 e e reng, “Tsala ya Maaka ya Bibela,” e ka dirisiwa ka botlalo mo seemong se se tshwanang le seno.

6 Fa re bala mo Dibibeleng tsa rona, re ka nna ra fitlhela gore mong wa ntlo o kgatlhegela molaetsa wa rona mme lefa go ntse jalo a sena Bibela. Fa e le gore ba tlhaloganya Seesemane re ka nna ra ba tsamaisetsa sekaelo sa New World Translation of the Holy Scriptures. Kana re ka ba tlela le sekaelo sa Bibela ka puo ya bone se se tswang kwa Mokgatlhong, ereka Mokgatlho o tshotse bontsi jwa Dibibela ka dipuo tsa mo lefelong la lona.

7 Ka thuso ya Bibela, Jehofa o re itsisitse tsela e a dirisanang le batho ka yone mme ka gone a re tlwaelanya le botho jwa gagwe jo bo molemolemo. Ekete re ka dirisa buka ya Lefoko la Modimo ka botlalo gore re thuse ba bangwe go ithuta kaga Jehofa le maatla a Lefoko la gagwe!—2 Bakor. 10:4.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2025)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela