A o Buelela Dithuto Tsa Bibela?
1 Ba le bantsi ba na le katlego e e molemo mo go simololeng dithuto tsa Bibela ka go dirisa mokgwa wa go di buelela ka tlhamalalo ba neela batho sebaka sa go ithuta Bibela. Monna mongwe yoo a neng a ile a gana dikgatiso ka makgetlo a le mantsi o ne a dumela kwantle ga go dikadika fa go ne go buelelwa thuto ya Bibela mo go ene. O ne a araba jaana: “Ga ke bolo go nna ke batla go ithuta Bibela.” Go ne ga simololwa thuto ya Bibela, mme lelapa lotlhe le ne la dira kgatelopele ka bonako.
2 Botlhe ba tshwanetse ba amega ka go simolola dithuto. Batho ba tshwanetse ba rutiwa e le gore ba ke ba dire kgatelopele mo go fetogeng barutwa ba ga Keresete. (Math. 28:19, 20) Gore ba ke ba rutiwe, ba tshwanela gore ba tshwarelwe thuto ya Bibela. Gantsi dithuto di ka simololwa fela ka go ithaopela go bontsha mong wa ntlo kafa a ka ithutang go le gontsi ka gone malebana le Bibela le dilo tseo Modimo o di solofetsang. Mokaulengwe mongwe o ne a kgona go simolola dithuto di le tlhano mo pampitshaneng ya Botshelo mo Lefatsheng Le Lesha Le Le Nang Le Kagiso. Ereka a ne a sa kgone go ka tshwara dithuto tse dintsi go le kalo ka metlha, o ne a simolola go naya baboledi ba bangwe dithuto tseo tsa Bibela.
3 Fa re go fitlhela e le selo se se motlhofo fela go simolola dithuto, re ka nna ra tsamaya le baboledi ba bangwe le go ba thusa gore le bone ba bone dithuto. Kana re ka nna ra naya ba bangwe ba ba mo phuthegong dithuto tseo re di simolotseng. Fa e le gore o rata go tshwara thuto ya Bibela, ke ka ntlha yang fa o sa leke go buelela thuto ya Bibela mo go bao o kopanang le bone mo bodiheding jwa ka ntlo le ntlo? Mo lekgetlong le lengwe mmoledi mongwe o ile a dira loeto lwa go boela mo mosetsaneng mongwe wa dingwaga tsa bolesome yoo a neng a sa bontshe kgatlhego go le kalo. Lefa go ntse jalo, mmoledi yoo o ne a buelela thuto ya Bibela mo go ene, mme a e dumela. Jaanong o kolobeditswe, mme morwadiarraagwe mmogo le monna wa ga morwadiarraagwe le bone ba nna teng kwa dipokanong.—Bagal. 6:6.
4 Ga se mongwe le mongwe yoo re simololang thuto le ene yoo o tla ithutang. Ga se botlhe bao ba ithutang bao ba tla tsenang mo boammaaruring. Mme lefa go ntse jalo bangwe bone ba tla dira jalo. Fa re simolola dithuto tse di oketsegileng, seo se tla dira gore go diragale thata gore re kgone go thusa ba bangwe gore ba fetoge bao ba bakang Jehofa.