Dipokano Tsa Tirelo ka July
Beke E E Simololang ka July 6
Pina 123
10 mets: Dikitsiso tse di tshwanetseng tse di tswang go Tirelo ya Rona ya Bogosi le dikitsiso dipe fela tsa phuthego ya lona. Gape, bontsha dintlha di le pedi tse di rileng tseo di ka buelelwang tseo di ka dirisiwang fa go tsamaisiwa Tora ya Tebelo ya July 1, 1992. Kgothaletsa mmoledi mongwe le mongwe gore a go dire mokgele wa gagwe gore a nne le seabe ka metlha mo bodiheding beke nngwe le nngwe le gore a tlise pego ya gagwe ka bonako fa kgwedi e fela.
20 mets: “Bontsha Ba Bangwe Diboroutšhara go Ba Bolelela ka Tsholofelo ya Gago ya Bogosi.” Motlotlo wa dipotso le dikarabo; dipontsho. Itsise phuthego ka setoko sa diboroutšhara tseo di leng teng, mme o kope bareetsi gore ba akgele malebana le diboroutšhara tseo di ka tshwanelang tshimo ya lefelo la lona segolo thata. Fa lo tlotla ka serapa 9, dira pontsho ya kafa go ka tsamaisiwang boroutšhara e e tshwanetseng ka gone mo boemong jwa fa o neela bosupi joo eseng jwa ka tlwaelo go moagelani, go yo o berekang nae, kana gongwe go sele. Fa nako e letla, nna le baboledi bangwe bao ba abetsweng seno esale gale ba bolela maitemogelo ao ba nnileng le one fa ba ne ba tsamaisa diboroutšhara. Kgothatsa bakaulengwe ka matlhagatlhaga gore ba nne le seabe mo go tsamaiseng diboroutšhara ka July.
15 mets: Kafa Ke Boneng Boammaaruri ka Gone. Maitemogelo. Mogolwane o botsolotsa batho ba le babedi kana ba le bararo. Otlelela kafa Lefoko la Modimo le phuthego di ba tlhotlheleditseng ka gone gore ba ineele le go kolobediwa. Otlelela melemo eo ba nnileng le yone ka ntlha ya go bo ba le mo boammaaruring.
Pina 165 le thapelo e e konelang.
Beke E E Simololang ka July 13
Pina 193
10 mets: Dikitsiso tsa phuthego ya lona. Pego ya diakhaonto. Dikgang tsa Bolegodimo. Gakolola phuthego ka dithulaganyo tsa tirelo ya tshimo.
20 mets: “Go Nyalanya Ketapele ya Rona le Dibuka.” Puo e khutshwane le dipontsho. Rulaganyetsa gore go nne le mmoledi mongwe yo mosha a dira pontsho ya go buisana ka Dikwalo a dirisa dikakantsho tseo di le leng mo serapeng 2. Fa a tsenyeletsa Isaia 65:21-23, o dirisa mokgwa oo o bontshitsweng mo serapeng 5. Mmoledi yo mongwe a ka nna a dira pontsho ya go tsamaisa boroutšhara ya “Bōnañ,” a dirisa dikakantsho tseo di leng mo dirapeng 3 le 4. Mo dipontshong tseno ka bobedi modulasetulo o tshwanetse a otlelela kafa go ileng ga nyalanngwa mpho ya buka ka gone le seo go neng go buisanwa ka sone. Mo pontshong e nngwe bontsha kafa mmoledi a neng a tla tswelela ka gone fa mong wa ntlo a sa bontshe kgatlhego epe. Gakolola phuthego gore e iponele palo e e rileng ya diboroutšhara le dimakasine fa pokano e tswa.
15 mets: Dipotso Tseo Di Leng Kaga Hara–Magedona. Puo eo eleng kaga dintlha tseo di leng mo bukeng ya Go Fetolana, ditsebe 184-8.
Pina 137 le thapelo e e konelang.
Beke E E Simololang ka July 20
Pina 8
15 mets: Dikitsiso tsa phuthego ya lona. Tlotla ka pego ya tirelo ya tshimo ya ka June ya phuthego, o e akgola mmogo le go e kgothatsa mo go tlhokegang teng. Bontsha kafa go tlhatlhanya ka temana ya ngwaga mmogo le kgang e e amanang le yone go re thusang ka gone gore re nne le boitumelo jwa mmatota fa re ntse re nna le seabe mo tirelong ya tshimo le fa re ntse re kopanela le phuthego. (Bar. 12:9-16) Tlotla ka dithulaganyo tsa bofelo tsa tshimo e e sa abiwang moo seno se dirang teng. Dirisa dintlha tsa tsenyeletso eo e neng e patile lekwalo la June 1, 1992. Kgothaletsa botlhe ka matlhagatlhaga gore ba tshegetse dithulaganyo tsa letsholo leno.
15 mets: “A O Buelela Dithuto tsa Bibela?” Motlotlo wa dipotso le dikarabo o latelwa ke maitemogelo a a tlhophilweng ao a bontshang kafa dithuto tsa Bibela di ka simololwang ka teng mo loetong lwa ntlha kana mo loetong lwa go boela.
15 mets: Dilo tse di tlhokafalang mo phuthegong ya lona kana puo e e theilweng mo setlhogong se se reng “‘Tswelelang Lo Ntse Lo Fetofetoga’” se se go Tora ya Tebelo ya November 1, 1990.
Pina 184 le thapelo e e konelang.
Beke E E Simololang ka July 27
Pina 180
10 mets: Dikitsiso tsa lefelo la lona. Letlole la Dipotso. Molebedi wa tirelo a ka nna a abelwa gore e nne ene a neelang puo eno.
20 mets: “Go Tlhagolela Kgatlhego mo Molaetseng wa Bogosi.” Morago ga ketapele e khutshwane, dira pontsho ya loeto lwa go boela mo (1) mothong yo o ileng a amogela dimakasine tsa bosheng, (2) mo mothong yo o ileng a bontsha kgatlhego mme lefa go ntse jalo a ile a seka a amogela dikgatiso dipe, le (3) mo mothong yoo a ileng a amogela boroutšhara ya “Bōnañ.” Mo pontshong nngwe le nngwe ya tseno go thaelwe loeto lo longwe lwa go boela motheo.
15 mets: “Go Dumela Lefoko la Modimo, Go Le Dirisa, Le go Bona Molemo go Tswa mo go Lone.” Kopa gore go dirwe dikakgelo tse dikhutshwane tseo di bontshang kanaanelo mo dikopanong tsa potologo ka kakaretso. O ka nna wa lebisa tlhokomelo mo dintlheng tse di botlhokwa tseo di ileng tsa ithutiwa kwa kopanong e e fetileng ya potologo. Morago ga moo o bo o nna le motlotlo wa dipotso le dikarabo ka setlhogo seno se se mo tsebeng 1. Itsise letlha leo kopano e e tlang ya potologo e tlileng go nna ka lone, fa e le gore le a itsiwe, mme o kgothaletse botlhe gore ba nne teng kwa go yone.
Pina 157 le thapelo e e konelang.