LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • km 7/92 ts. 4
  • Go Nyalanya Ketapele ya Rona le Dibuka

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Go Nyalanya Ketapele ya Rona le Dibuka
  • Tirelo ya Rona ya Bogosi—1992
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Go Tlhagolela Kgatlhego mo Molaetseng wa Bogosi
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—1992
  • Bolela Mafoko a a Molemo a Bogosi ka Diboroutšhara
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—1996
  • Etsa Jehofa ka go Amega ka ba Bangwe ka Tsela ya Mmatota
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—1996
  • Dirisa Diboroutšhara Tse di Farologaneng mo Bodireding Jwa Gago
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—1995
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tirelo ya Rona ya Bogosi—1992
km 7/92 ts. 4

Go Nyalanya Ketapele ya Rona le Dibuka

1 Fa o baakanyetsa seo o tlileng go se bua le batho mo kgweding eno, o ka nna wa simolola ka go akanya ka mathata a magolo ao batho ba mo tulong ya lona ba lebaneng le one mme e bo e re morago ga moo o bo o tlhopha dipolelo go tswa mo dimakasineng tsa bosheng kana go tswa mo boroutšhareng nngwe tseo di bontshang tharabololo ya one e e mosola, ya Dikwalo.

2 Mo ditulong dingwe, batho ba ka nna ba tswa ba amegile ka go tlhoka mmereko goo go ntseng go oketsega le tsela eo go itshedisa go jang madi a mantsi ka gone. Fa o rakana le boemo jo bo ntseng jalo, o ka nna wa umaka bothata jono ka tlhamalalo mo ketapeleng ya gago.

O ka nna wa re:

◼ “Re ntse re buisana le baagelani ba rona malebana le seo se ka dirwang gore mongwe le mongwe a nne le mmereko le moo a nnang teng. A o dumela gore ke selo se se utlwalang go lebelela gore dipuso tsa batho di tla kgona go dira seno? [Letla mong wa ntlo gore a arabe.] Go na le mongwe yoo o itseng kafa go ka rarabololwang mathata ano ka gone; bona tsholofetso eno e e tiisang mooko e e mo go Isaia 65:21-23. [E bale.] Mmopi wa rona o dirile gore tsholofetso eno e kwalwe go re kgothatsa, mme rotlhe re tlhoka seo mo metlheng eno e e boima, a ga go jalo?”—rsTN, ts. 11.

3 E ka nna ya re fa o fitlha fano mo puisanong ya gago, o ka nna wa nyalanya seno le dintlha tseo di tswang mo dimakasineng tsa bosheng kana mo boroutšhareng nngwe. Fa o na le seabe mo tirong ya dimakasine, o ka nna wa tlhopha ntlha nngwe e e tshwanetseng go tswa mo setlhogong se se reng “Tsholofelo E Fenya go Itlhoboga!” se se mo tokololong ya July 1, ya Tora ya Tebelo. Fa o tsamaisa boroutšhara ya “Bōnañ,” ke ka ntlha yang fa o sa mmontshe kafa kgopolo ya go nna le matlo le mmereko ga botlhe e tshwantshitsweng ka gone mo tsebeng e e kafa pele le e e kafa morago ya boroutšhara eno. O ka nna wa e bula e le gore mong wa ntlo a ke a bone setshwantsho seno sotlhe ka nako e le nngwe.

4 Mo ditshimong tseo beng ba matlo ba nang le dilo tse di farologaneng tseo ba amegileng ka tsone, ketapele eo o ka kgonang go nna o e fetofetola go ya ka maemo e tla thusa. O ka nna wa rata go leka ketapele ya bobedi eo e tlhagang mo bukeng ya Go Fetolana kafa tlase ga “Bogosi.”

O ne o ka nna wa re:

◼ “Jesu o re rutile gore re rapelele Bogosi jwa Modimo gore bo tle le gore thato ya Gagwe e dirwe mo lefatsheng jaaka fa e dirwa kwa legodimong. A o akanya gore fa thato ya Modimo e ka tsamaya ya dirwa mono, lefatshe eleruri le tla fetoga paradaise?” Morago ga fa mong wa ntlo a sena go araba, tsenyeletsa Tshenolō 21:3-5 o bo o e bale.

Morago ga moo, fa e le gore o tsamaisa boroutšhara ya Puso, bala dikarolonyana tseo o di tlhophileng tsa serapa se se mo tsebeng 3. Tlhokomela polelo eno: “Modimo o tla akofa o fedisa dintwa, tlala, bolwetsi le bokebekwa ka Bogosi.” Botsa mong wa ntlo gore ke bofe mo mathateng ano joo a akanyang gore ke jone jo bo masisi go a gaisa otlhe.

Fa e le gore o buelela “Tora ya Tebelo” ya July 15, o ka nna wa bolela jaana:

◼ “Batho ba le bantsi ba rata go dumela gore tsholofetso eno e tla diragadiwa, mme lefa go ntse jalo ga ba tlhomamisege gore a Bibela ke buka e e ikanyegang e e kaelang. Ke solofela fa o tla fitlhela setlhogo seno se se reng, ‘A Bibela E A Ikganetsa?,’ se nonotsha tumelo.”

5 Basha le bone ba ka bolela molaetsa wa Bogosi ka tsela e e nang le katlego, le eleng go o bolelela batho ba ba godileng.

Fa ba dira ketapele ya Isaia 65:21-23, baboledi ba ba saleng basha ba ka nna ba re:

◼ “Ke a itse gore jaaka motho yo o godileng o na le boitemogelo jo bogolo thata mo botshelong go mpheta, mme lefa go ntse jalo lekwalo leno le re gomotsa rotlhe.”

6 Tlhomamisa gore o kwale dikgatiso dipe fela tseo o di tsamaisitseng, go akaretsa le boroutšhara e e rileng kana dimakasine tseo di tsamaisitsweng. O tla tlhoka tshedimosetso eno ka nako ya fa o boela go tla go tlhagolela kgatlhego eo.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2025)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela