Go Dumela Lefoko la Modimo, go le Dirisa, le go Bona Molemo go Tswa mo go Lone
1 Lemororo dimilionemilione tsa batho ba na le sekaelo sa bone sa Bibela, ba le bantsi ga ba dumele gore ke Lefoko la Modimo, ba le bantsi ga ba dirise kgakololo ya yone e e nang le botlhale, mme ka gone ke ba sekae fela bao ba bonang molemo mo go yone. Lefa go ntse jalo, batho ba ga Jehofa eleruri ba dumela gore ke Lefoko la Modimo le gore e mosola mo dilong tsotlhe. (2 Tim. 3:16, 17) Ka gone, setlhogo sa thulaganyo ya dikopano tsa potologo tsa ngwaga wa tirelo wa 1993 e tlile go nna “Go Dumela Lefoko la Modimo, Go Le Dirisa, Le go Bona Molemo go Tswa mo go Lone.”
2 Go tlile go nna le dipuo, dipontsho, diseketšhe, maitemogelo, le dipotsolotso go re kgothatsa, go re dira gore re nne le kanaanelo e e boteng mo Lefokong la Modimo, le go re thusa gore re le dirise ka botlalo go ya pele mo dikarolong tsotlhe tsa botshelo jwa rona. Thulaganyo ya Matlhatso thapama e tla tlotla ka kgakololo le kotlhao mo teng ga lelapa malebana le boitlosobodutu, ditsala, le go rata dilo tse di bonalang. E tla bontsha kafa re ka farologanang le lefatshe ka gone le go sa selesele mekgwa ya lone e e sa siamang mmogo le puo ya lone e e leswe. Mo godimo ga moo, go tla neelwa kgothatso eo e tla solegelang batsadi ba ba senang balekane mosola mmogo le bana ba ba senang borraabo.
3 Gape, ka Matlhatso batho bao ba sa tswang go ineela bosheng ba tla nna le sebaka sa go kolobediwa morago ga ba sena go utlwa puo ya Dikwalo e e leng malebana le setlhogo seo. Bao ba rulaganyetsang go kolobediwa kwa kopanong eno ya potologo ba tshwanetse ba itsise molebedi yo o okamelang mo phuthegong ka keletso eno ya bone ka bonako ka mo go ka kgonegang ka gone e le gore a ke a nne le nako e e lekaneng ya go rulaganyetsa gore bagolwane ba tlhatlhobe dipotso le batho ba ba batlang go ya go kolobediwa.
4 Thulaganyo ya Sontaga mo mosong e tla tlhatlhoba ditsela tseo re ikgethololang ka tsone mo lefatsheng ka go dira dilo tumalanong le Lefoko la Modimo. Dingwe tsa ditlhogo tseo di tlileng go tshotlhiwa e tla nna tsela eo tebego ya rona e leng botlhokwa ka gone le kafa re ka tilang ka gone gore re seka ra kgotlela mogopolo wa rona. Mo thapameng, molebedi wa kgaolo o tla neela puo ya phatlalatsa e e nang le setlhogo se se reng “Ke Eng Se Se Bontshang Gore Bibela E Boammaaruri?” Re tshwanela go tlhomamisa gore re laletse batho botlhe ba ba kgatlhegang kwa thulaganyong eno e e molemo.
5 Matlha mmogo le lefelo leo thulaganyo eno ya kopano ya potologo e tlileng go nnela kwa go one a tlile go ntshiwa ke molebedi wa lona wa potologo, mme re kgothaletsa botlhe gore ba nne teng e le gore ba ke ba dumele Lefoko la Modimo, ba le dirise, le go bona molemo go tswa mo go lone.—Yak. 1:22-25.